Jeremia 52:1-34

  • Sedekia o tlhanogela Babelona (1-3)

  • Nebukadenesare o kampa go dikologa Jerusalema (4-11)

  • Motse le tempele di a senngwa (12-23)

  • Batho ba isiwa botshwarwa kwa Babelona (24-30)

  • Jehoiakine o gololwa kwa kgolegelong (31-34)

52  Sedekia+ o ne a na le dingwaga di le 21 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 11 mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale+ morwadia Jeremia wa kwa Libena.  O ne a tswelela a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, go ya ka sotlhe se Jehoiakime a neng a se dirile.+  Dilo tseno di ile tsa direga mo Jerusalema le mo Juda ka ntlha ya bogale jwa ga Jehofa, go fitlha a ba tlosa fa pele ga gagwe.+ Mme Sedekia o ne a tlhanogela kgosi ya Babelona.+  Mo ngwageng wa borobongwe Sedekia a ntse a busa, mo kgweding ya bolesome, mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo, Kgosi Nebukadenesare* wa Babelona o ne a tla go tlhasela Jerusalema a na le mophato otlhe wa masole a gagwe. Ba ne ba kampa go e dikologa ba bo ba aga lobota go e dikologa.+  Mme ba ne ba kampa go dikologa motse oo go fitlha ka ngwaga wa bo11 wa ga Kgosi Sedekia.  Mo letsatsing la borobongwe la kgwedi ya bonê,+ tlala e ne ya nna kgolo mo motseng mme batho ba lefatshe leo ba ne ba se na dijo.+  La bofelo lobota lwa motse lo ne lwa thubiwa, mme masole otlhe a ne a tshaba go le bosigo ka kgoro e e fa gare ga dipota tse pedi gaufi le tshingwana ya kgosi, fa Bakaladia bone ba ne ba kampile go dikologa motse; mme ba ne ba tsamaya ka tsela e e yang kwa Araba.+  Le fa go ntse jalo, mophato wa masole a Bakaladia o ne wa lelekisa Kgosi Sedekia,+ mme o ne wa mo fitlhela fa sekakeng sa Jeriko, mme mephato yotlhe ya gagwe e ne ya gasama ya mo tlogela.  Go tswa foo, ba ne ba tshwara kgosi eo ba bo ba e tlisa kwa kgosing ya Babelona kwa Ribela mo lefatsheng la Hamathe, mme o ne a e atlhola. 10  Mme kgosi ya Babelona e ne ya bolaya bomorwa Sedekia a ntse a lebile, mme gape e ne ya bolaela dikgosana tsotlhe tsa Juda gone kwa Ribela. 11  Go tswa foo, kgosi ya Babelona e ne ya gonya Sedekia matlho,+ ya mmofa ka dikeetane tsa kopore, ya mo isa kwa Babelona e bo e mo tsenya mo kgolegelong go fitlha ka letsatsi le a neng a swa ka lone. 12  Mo kgweding ya botlhano, mo letsatsing la bolesome la kgwedi eo, e leng mo ngwageng wa bo19 wa ga Kgosi Nebukadenesare* kgosi ya Babelona, Nebusaradane molaodi wa bafemedi, yo e neng e le motlhokomedi wa kgosi ya Babelona, o ne a tla mo Jerusalema.+ 13  O ne a fisa ntlo ya ga Jehofa,+ ntlo ya kgosi* le matlo otlhe a Jerusalema; gape o ne a fisa matlo otlhe a magolo. 14  Mme mophato otlhe wa masole a Bakaladia o o neng o na le molaodi wa bafemedi o ne wa thuba dipota tse di dikologileng Jerusalema.+ 15  Nebusaradane molaodi wa bafemedi o ne a tsaya batho bangwe ba maemo a a kwa tlase le batho botlhe ba ba neng ba setse mo motseng a ba isa botshwarwa. Gape o ne a tsaya le batho ba ba neng ba ngwegetse kwa kgosing ya Babelona mmogo le badiri botlhe ba ba ditswerere.+ 16  Le fa go ntse jalo, molaodi wa bafemedi e bong Nebusaradane o ne a tlogela bangwe ba batho ba ba humanegileng thata ba lefatshe leo gore ba bereke mo masimong a morara* le gore ba dire tiro e e boima e e patelediwang.+ 17  Mme Bakaladia ba ne ba thubaganya dipilara tsa kopore+ tse di neng di le mo ntlong ya ga Jehofa le dikolotsana+ le Lewatle la kopore+ tse di neng di le mo ntlong ya ga Jehofa, mme ba ne ba isa kopore eo yotlhe kwa Babelona.+ 18  Gape ba ne ba tsaya dikane, digarawe, ditimamolelo, dikotlele tse dinnye,+ dikopi+ le dilwana tsotlhe tsa kopore tse di neng di dirisiwa mo tempeleng. 19  Molaodi wa bafemedi o ne a tsaya dikotlele,+ ditsholamolelo, dikotlele tse dinnye, dikane, ditlhomo tsa dipone,+ dikopi le dikotlele tse dinnye tse di neng di dirilwe ka gauta le selefera e e sa tswakanngwang.+ 20  Go ne go sa kgonege gore go lekanngwe bokete jwa kopore e e neng e dirisitswe go dira dipilara tse pedi, Lewatle, dipoo tsa kopore tse 12+ tse di neng di le ka fa tlase ga Lewatle le dikolotsana tse Kgosi Solomone a neng a di diretse ntlo ya ga Jehofa. 21  Mme dipilara tsone, nngwe le nngwe ya tsone e ne e le bogodimo jwa dimetara di le robedi,* e ne e ka kgona go dikologiwa ke mogala o o lekanyang wa dimetara di le tlhano;*+ bokima jwa yone e ne e le bophara jwa menwana* e le menê, e bile e le khuti. 22  Mme tlhogo ya pilara e e mo go yone e ne e le ya kopore; mme bogodimo jwa tlhogo ya pilara e le nngwe e ne e le disentimetara di ka nna 223;*+ mme sêfê e e kgabisang le digaranata tse di dikologileng tlhogo ya pilara, tsotlhe di ne di dirilwe ka kopore. Pilara ya bobedi e ne e tshwana le ya ntlha, digaranata le tsone di ne di tshwana le tsa ntlha. 23  Go ne go na le digaranata di le 96 mo matlhakoreng; digaranata tsotlhe go dikologa sêfê e e kgabisang di ne di le 100.+ 24  Gape molaodi wa bafemedi o ne a tsaya Seraia+ moperesiti yo mogolo, le Sefania+ e leng moperesiti yo o thusang moperesiti yo mogolo, le balebedi ba dikgoro ba le bararo.+ 25  Mme mo motseng o ne a tsaya modiredimogolo wa ntlo ya kgosi a le mongwe yo o neng a okametse masole, ditsala tse dikgolo tsa kgosi di le supa tse di neng di le mo motseng, mmogo le mokwaledi wa molaodi wa masole, yo o neng a phuthela batho ba lefatshe leo mo tirelong ya sesole, le banna ba le 60 mo bathong fela ba lefatshe leo ba ba neng ba sa ntse ba le mo motseng. 26  Nebusaradane molaodi wa bafemedi o ne a ba tsaya a bo a ba isa kwa kgosing ya Babelona kwa Ribela. 27  Kgosi ya Babelona e ne ya ba kgemetha mme ya ba bolaela kwa Ribela+ kwa lefatsheng la Hamathe. Ka jalo, Bajuda ba ne ba tswa mo lefatsheng la bone ba ya botshwarwa.+ 28  Bano ke batho ba Nebukadenesare* a neng a ba isa botshwarwa: mo ngwageng wa bosupa o ne a tsaya Bajuda ba le 3 023.+ 29  Mo ngwageng wa bo18 wa puso ya ga Nebukadenesare,*+ go ne ga tsewa batho ba le 832 kwa Jerusalema. 30  Mo ngwageng wa bo23 wa puso ya ga Nebukadenesare,* Nebusaradane molaodi wa bafemedi o ne a isa Bajuda botshwarwa, o ne a tsaya batho ba le 745.+ Batho botlhe ba ba neng ba isiwa botshwarwa ba ne ba le 4 600. 31  Mme mo ngwageng wa bo37 wa fa Kgosi Jehoiakine+ wa Juda a le kwa botshwarwa, mo kgweding ya bo12, mo letsatsing la bo25 la kgwedi eo, Kgosi Efile-merodake wa Babelona, ka ngwaga o a neng a nna kgosi ka one, o ne a golola* Kgosi Jehoiakine wa Juda mme a mo ntsha mo kgolegelong.+ 32  O ne a bua le ene ka bonolo a bo a baya setulo sa gagwe sa bogosi kwa godimo ga ditulo tsa bogosi tsa dikgosi tse dingwe tse di neng di na le ene kwa Babelona. 33  Ka jalo, Jehoiakine o ne a apola diaparo tsa gagwe tsa kgolegelo, mme o ne a ja ka metlha fa pele ga gagwe malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe. 34  O ne a abelwa dijo ka metlha go tswa kwa kgosing ya Babelona letsatsi le letsatsi, malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, go fitlha ka letsatsi le a neng a swa ka lone.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Kgotsa “ntlo ya segosi.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “dikubita di le 18.” Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita di le 12.”
Bophara jwa monwana bo lekana le 1,85 cm. Bona Dintlha B14.
Seheb., “dikubita di le tlhano.”
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “Nebukaderesare,” tsela e nngwe ya go le kwala.
Seheb., “o ne a tsholetsa tlhogo ya ga.”