Jeremia 7:1-34

  • Ba ikanya tempele ya ga Jehofa ka tsela e e sa siamang (1-11)

  • Tempele e tla tshwana le Shilo (12-15)

  • Modimo o gana kobamelo ya maaka (16-34)

    • Ba obamela “Kgosigadi ya Legodimo” (18)

    • Ba ntsha bana ditlhabelo kwa Hinoma (31)

7  Leno ke lefoko le le neng la tla kwa go Jeremia le tswa kwa go Jehofa, le re:  “Ema mo kgorong ya ntlo ya ga Jehofa mme o bolele molaetsa ono teng, o re, ‘Utlwang lefoko la ga Jehofa, lona lotlhe batho ba Juda ba lo tsenang mo dikgorong tseno go tla go obama fa pele ga ga Jehofa.  Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Fetolang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona, mme ke tla lo letla gore lo tswelele lo nna mo lefelong leno.+  Lo se ka lwa ikanya mafoko a tsietso mme lwa re, ‘Eno ke* tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa!’+  Gonne fa e le gore ruri lo tla fetola ditsela tsa lona le ditiro tsa lona; fa e le gore ruri lo tla diragatsa tshiamiso fa gare ga motho le moagelani wa gagwe;+  fa e le gore ga lo kitla lo gatelela batswakwa, dikhutsana* le batlholagadi;+ fa e le gore ga lo kitla lo tsholola madi a a se nang molato mo lefelong leno; e bile fa e le gore ga lo kitla lo sala medimo e mengwe morago lo ikutlwisa botlhoko;+  foo ke tla lo letla gore lo tswelele lo nna mo lefelong leno, mo lefatsheng le ke neng ka le naya borraalonamogolo ka bosakhutleng.”’”*  “Le fa go ntse jalo, lo ikanya mafoko a tsietso,+ mme seo ga se kitla se lo tswela mosola gotlhelele.  A lo ka utswa,+ lwa bolaya, lwa dira boaka, lwa ikana ka maaka,+ lwa ntshetsa Baale ditlhabelo*+ lwa bo lwa sala medimo e lo neng lo sa e itse morago, 10  mme lo bo lo tla go ema fa pele ga me mo ntlong eno e e bidiwang ka leina la me lo bo lo re, ‘Re tla bolokwa,’ lo ntse lo dira dilo tseno tsotlhe tse di makgapha? 11  A ntlo eno e e bidiwang ka leina la me e fetogile logaga lwa dinokwane mo matlhong a lona?+ Ke bone se lo se dirang,” go bua Jehofa. 12  “‘Le fa go ntse jalo, jaanong tsamayang mme lo ye kwa lefelong la me kwa Shilo,+ kwa ke neng ke dirile gore leina la me le nne gone la ntlha,+ mme lo bone se ke se dirileng lefelo leo ka ntlha ya bosula jwa batho ba me ba Iseraele.+ 13  Mme lo ne lwa tswelela lo dira dilo tseno tsotlhe,’ go bua Jehofa, ‘tota le fa ke ne ke bua le lona gangwe le gape,* ga lo a ka lwa reetsa.+ Ke ne ka nna ka lo bitsa, mme ga lo a ka lwa araba.+ 14  Fela jaaka ke dirile kwa Shilo, ke tla dira se se tshwanang ka ntlo eno e e bidiwang ka leina la me,+ e lo e ikantseng,+ le ka lefelo leno le ke neng ka le naya lona le borraalonamogolo.+ 15  Ke tla lo tlosa fa pele ga me, fela jaaka ke ne ka tlosa bomorwarraalona botlhe, e leng ditlogolwana tsotlhe tsa ga Eferaime.’+ 16  “Mme wena, o se ka wa rapelela batho bano. O se ka wa goela kwa go nna kgotsa wa nthapela kgotsa wa nkopa mo boemong jwa bone,+ ka gonne ga nkitla ke go reetsa.+ 17  A ga o bone se ba se dirang mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema? 18  Barwa ba rwalela dikgong, borre ba gotsa molelo, mme basadi ba duba tlhama gore ba dire dikuku tsa setlhabelo se se ntshediwang Kgosigadi ya Legodimo,*+ e bile ba tshelela medimo e sele ditlhabelo tsa senô gore ba nkgopise.+ 19  Jehofa a re, ‘A mme gone ba utlwisa nna botlhoko?* A ga se bone ba ba ikutlwisang botlhoko, gore ba tlhabiwe ke ditlhong?’+ 20  Ka jalo, Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Bogale jwa me le tšhakgalo ya me di tla tshololelwa mo lefelong leno,+ mo bathong le mo diphologolong, mo ditlhareng tsa naga le mo maungong a tshimo; bo tla tuka mme ga bo kitla bo tingwa.’+ 21  “Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: ‘Tswelelang, tlhakanyang ditlhabelo tsa lona tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tse dingwe tsa lona, mme lo je nama.+ 22  Gonne mo letsatsing la fa ke ne ke ntsha borraalonamogolo kwa lefatsheng la Egepeto, ga ke a ka ka bua le bone kgotsa ka ba laela sepe ka ditlhabelo tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tse dingwe.+ 23  Mme gone, ke ne ka ba naya taelo eno: “Ikobeleng lentswe la me, mme ke tla nna Modimo wa lona, mme lona lo tla nna batho ba me.+ Lo tshwanetse go tsamaya mo ditseleng tsotlhe tse ke di lo laelang, gore dilo di lo tsamaele sentle.”’+ 24  Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba reetsa e bile ga ba a ka ba tlhwaya tsebe;+ go na le moo ba ne ba tsamaya go dumalana le dikakanyo* tsa bone, ba latela dipelo tsa bone tse di bosula ka botlhogoethata,+ mme go na le gore ba tokafale ba ne ba nna maswe le go feta, 25  go simolola ka letsatsi le borraalonamogolo ba neng ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto ka lone go fitlha mo letsatsing leno.+ Ka jalo, ke ne ka nna ka romela batlhanka ba me botlhe kwa go lona, e leng baporofeti, ke ba roma letsatsi le letsatsi, gangwe le gape.*+ 26  Mme ba ne ba gana go ntheetsa, e bile ga ba a ka ba ntlhwaela tsebe.+ Go na le moo, ba ne ba le tlhogoethata,* e bile ba ne ba dira bosula go feta borraabonemogolo! 27  “O tla ba bolelela mafoko ano otlhe,+ mme ga ba kitla ba go reetsa; o tla ba bitsa, mme ga ba kitla ba go araba. 28  O tla ba raya o re, ‘Seno ke setšhaba se se neng se sa ikobele lentswe la ga Jehofa, Modimo wa sone, e bile se ganne go amogela kotlhao. Boikanyegi bo nyeletse, tota e bile ga ba bo umake.’*+ 29  “Kgaola moriri wa gago o o moleele* o bo o o latlha, mme o tlhabeletse pina ya khutsafalo mo dithoteng tse di sa tlhogang sepe, ka gonne Jehofa o ganne batho bano ba ba mo shakgaditseng e bile o tla ba latlha. 30  Jehofa a re, ‘Gonne batho ba Juda ba dirile se se bosula mo matlhong a me. Ba beile medingwana ya bone e e ferosang sebete mo ntlong e e bidiwang ka leina la me, gore ba e leswafatse.+ 31  Ba agile mafelo a a kwa godimo a a boitshepo a Tofethe, e e mo Mokgatšheng wa ga Morwa Hinoma,*+ gore ba tle ba fise bomorwaabone le bomorwadiabone mo molelong,+ e leng sengwe se ke neng ke sa se laela e bile ke sa se akanya.’+ 32  “Jehofa a re, ‘Ka jalo, metlha e etla ya fa lefelo leno le tla bo le sa tlhole le bidiwa Tofethe kgotsa Mokgatšha wa ga Morwa Hinoma,* mme le tla bidiwa Mokgatšha wa Polao. Ba tla fitlha baswi mo Tofethe go fitlha go sa tlhole go na le lefelo lepe le le setseng.+ 33  Mme ditopo tsa batho bano di tla jewa ke dinonyane tsa magodimo le diphologolo tsa lefatshe, go se na ope yo o di lelekang.+ 34  Ke tla fedisa modumo wa boitumelo le modumo wa go ipela, lentswe la monyadi le lentswe la monyadiwa+ mo metseng ya Juda le mo mebileng ya Jerusalema, ka gonne lefatshe leno le tla dirwa marope fela.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “Tseno ke,” go buiwa ka dikago tsotlhe tse di mo lefelong la tempele.
Kgotsa “bana ba ba se nang borre.”
Kgotsa “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”
Kgotsa “lwa kuisetsa Baale mosi wa setlhabelo.”
Seheb., “ke ne ke tsoga go sa le phakela ke bo ke bua.”
Sereto sa modimo wa mosadi yo o neng a obamelwa ke Baiseraele ba ba tlhanogileng; gongwe modimo wa mosadi wa tsalo.
Kgotsa “ba a nkgopisa; ba a nkgakatsa?”
Kgotsa “kgakololo.”
Seheb., “ke tsoga go sa le phakela letsatsi le letsatsi ke bo ke roma.”
Seheb., “ba ne ba thatafatsa thamo ya bone.”
Seheb., “bo tlositswe mo melomong ya bone.”
Kgotsa “moriri o o bontshang gore o ineetse mo Modimong.”
Bona “Gehena” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Bona “Gehena” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.