Jeremia 8:1-22

  • Batho ba boela mo ditseleng tse bontsi bo tsamayang mo go tsone (1-7)

  • Go na le botlhale bofe kwantle ga lefoko la ga Jehofa? (8-17)

  • Jeremia o hutsafalela go bo Juda e phutlhame (18-22)

    • “A ga go na balema mo Gileade?” (22)

8  Jehofa a re, “Ka nako eo, marapo a dikgosi tsa Juda, marapo a dikgosana tsa yone, marapo a baperesiti, marapo a baporofeti le marapo a banni ba Jerusalema a tla ntshiwa mo mabitleng a bone.  A tla alwa fa pele ga letsatsi le ngwedi le masomosomo otlhe a legodimo a ba neng ba a rata, a ba neng ba a direla, a ba neng ba a latela, a ba neng ba a senka ba bo ba a ikobela.+ Ga a kitla a phuthiwa, e bile ga a kitla a fitlhwa. A tla nna jaaka motshotelo mo mmung.”+  Jehofa wa masomosomo a re, “Mme masalela a a falotseng a lelapa leno le le bosula a tla tlhopha loso go na le botshelo kwa mafelong a ke ba phatlalaletsang kwa go one.  Mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang: “A ba tla wa ba bo ba sa tsoge gape? Fa a le mongwe a ka boela morago, a yo mongwe le ene ga a kitla a boela morago?   Ke ka ntlha yang fa batho bano, ba Jerusalema, ba nna ba sa ikanyege mo go nna? Ba nna ba tsietsa;Ba gana go fetoga.+   Ke ne ka tlhwaya tsebe mme ka tswelela ke reeditse, le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba bua ka yone e ne e sa siama. Go ne go se na motho ope yo o ikwatlhaelang bosula jwa gagwe kgotsa yo o ipotsang a re, ‘Ke dirile eng?’+ Mongwe le mongwe o nna a boela mo ditseleng tse bontsi bo tsamayang mo go tsone, jaaka pitse e tabogela kwa tlhabanong.   Tota le mogolori o o fofang kwa loaping o itse dipaka* tsa one;Leeba le peolwane le moritinkole di itse nako e di tshwanetseng go fuduga ka yone. Mme batho ba me bone ga ba tlhaloganye nako e nna Jehofa ke tla ba atlholang ka yone.”’+   ‘Go tla jang gore lo re: “Re botlhale, e bile re na le molao* wa ga Jehofa”? Gonne boammaaruri ke gore pene e e gabang e e buang maaka+ ya bakwadi* e diriseditswe maaka fela.   Ba ba botlhale ba tlhabisitswe ditlhong.+ Ba tshogile mme ba tla tshwarwa. Ba ganne lefoko la ga Jehofa,Mme ba na le botlhale bofe? 10  Ka jalo, basadi ba bone ke tla ba naya banna ba bangwe,Masimo a bone ke tla a naya batho ba sele;+Gonne go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, mongwe le mongwe wa bone o huma ka boferefere;+Go simolola ka moporofeti go fitlha ka moperesiti, mongwe le mongwe wa bone o dira boferefere.+ 11  E bile ba leka go fodisa batho ba me ka go ba raya ba re,“Go na le kagiso! Go na le kagiso!” Mme gone go se na kagiso.+ 12  A dilo tse di makgapha tse ba di dirileng di ba tlhabisa ditlhong? Ga ba tlhabiwe ke ditlhong gotlhelele! Tota e bile ga ba itse gore go tlontlololwa go ntse jang!+ Ka jalo, ba tla wela mo gare ga ba ba oleng. Ba tla kgopiwa fa ke ba atlhola,’+ go bua Jehofa. 13  ‘Fa ke ba phutha, ke tla ba fedisa,’ go bua Jehofa. ‘Go tla bo go se na morara* o o setseng mo setlhareng sa morara, le difeige mo setlhareng sa mofeige, e bile matlhare a tsone a tla swaba. Mme se ke neng ke ba file sone se tla ba latlhegela.’” 14  “Ke ka ntlha yang fa re ntse fano? A re phuthegeng mme re tsene mo metseng e e sireletsegileng+ mme re swele kwa go yone. Gonne Jehofa, Modimo wa rona o tla re nyeletsa,E bile o re naya metsi a a nang le botlhole gore re a nwe,+Ka gonne re leofetse Jehofa. 15  Re ne re solofetse kagiso, mme ga go a tla sepe se se molemo,Re ne re solofetse nako ya phodiso, mme go na le letshogo!+ 16  Go utlwala modumo wa dipitse tsa gagwe o o tswang ka dinko go tswa kwa Dana. Lefatshe lotlhe le a reketlaKa ntlha ya modumo wa dipitse tsa gagwe tse ditonanyana tse di batlang go gwela. Di a tla di bo di kometsa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone,Motse le banni ba one.” 17  Jehofa a re, “Gonne jaanong ke lo romelela dinoga,Dinoga tse di botlhole, tse di ka se kang tsa tshereanngwa,Mme ruri di tla lo loma.” 18  Khutsafalo ya me ga e alafesege;Pelo ya me e a lwala. 19  Go utlwala modumo wa go kopa thuso go tswa kwa lefatsheng le le kgakalaO o tswang kwa go morwadia batho ba me, a re: “A Jehofa ga a mo Siona? Kgotsa a kgosi ya gagwe ga e yo mo go ene?” “Ke ka ntlha yang fa ba nkgopisitse ka ditshwantsho tsa bone tse di betlilweng,Ka medimo ya bone e e se nang mosola?” 20  “Thobo e fetile, selemo se fedile,Mme rona ga re a bolokwa!” 21  Ke utlwisitswe botlhoko ke go robega ga morwadia batho ba gaetsho;+Ke ngomogile pelo. Ke wetswe ke letshogo le legolo. 22  A ga go na balema* mo Gileade?+ Kgotsa a ga go na mofodisi* teng?+ Ke ka ntlha yang fa morwadia batho ba gaetsho a ise a fodisiwe?+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dinako tse di tlhomilweng.”
Kgotsa “taelo.”
Kgotsa “bakwaledi.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “balema e e sidilang.”
Kgotsa “ngaka.”