Jobe 11:1-20

  • Sofare o bua lekgetlo la ntlha (1-20)

    • O latofatsa Jobe a re o bua se se se nang mosola (2, 3)

    • O bolelela Jobe gore a tlogele se se sa siamang (14)

11  Sofare+ wa Monaama o ne a araba jaana:   “A mafoko ano otlhe a ka se arabiwe,Kgotsa a go bua thata go ka dira gore motho a tlhoke molato?*   A se o se buang se se se nang mosola se tla didimatsa batho? A ga go ope yo o ka go kgalemelelang mafoko a gago a tshotlo?+   Gonne wena o a re, ‘Thuto ya me e itshekile,+E bile ke phepa mo matlhong a gago.’+   Fa Modimo a ne a ka buaMme a go bolelela,+   Foo o ne a tla go senolela diphiri tsa botlhale,Gonne botlhale jo bo mosola bo dikarolo dintsi. Foo o ne o tla lemoga gore Modimo o letla gore melato mengwe ya gago e itshwarelwe.   A o ka kgona go lemoga dilo tse di boteng tsa ModimoKgotsa wa lemoga sengwe le sengwe ka* Mothatayotlhe?   Botlhale joo bo kwa godimo go feta legodimo. Ke eng se o ka se fitlhelelang? Bo boteng go feta Lebitla.* Ke eng se o ka se itseng?   Bo boleele go feta lefatsheE bile bo atlhame go feta lewatle. 10  Fa a feta a bo a tshwara mongwe mme a tsenya tsheko,Ke mang yo o ka ganetsanang le ene? 11  Gonne o a itse fa batho ba tsietsa. Fa a bona se se bosula, a ga a kitla a lemoga? 12  Mme motho yo o seeleele o tla tlhaloganyaFa fela tonki ya naga e ka tsala motho.* 13  Fa fela o ne o ka baakanya pelo ya gagoMme wa otlololela diatla tsa gago kwa go ene. 14  Fa e le gore o dira sengwe se se phoso, tlogela go se dira,Mme a se se sa siamang se se ka sa nna mo ditenteng tsa gago. 15  Foo o ka tsholetsa tlhogo ya gago o sa tlhabiwe ke ditlhong;O ka kgona go ema o tlhomame, o sa boife. 16  Foo o tla lebala matshwenyego a gago;O tla a gakologelwa jaaka metsi a a neng a elela a feta fa go wena. 17  Botshelo jwa gago bo tla phatsima go gaisa sethoboloko;Tota le lefifi la jone le tla nna jaaka moso. 18  O tla nna pelokgale ka gonne o na le tsholofelo,Mme o tla leba mo tikologong o bo o robala boroko. 19  O tla robala go se na ope yo o go tshosang,Mme batho ba le bantsi ba tla batla gore o ba utlwele botlhoko. 20  Le fa go ntse jalo, matlho a batho ba ba bosula* a tla koafala;Mme ga ba kitla ba bona lefelo la botshabelo,Tsholofelo ya bone e tla nna loso fela.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a moipelafatsi a ka tlhoka molato?”
Kgotsa “wa batlisisa bogolo jwa.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “e ka tsalwa e le motho.”
Kgotsa “a baikepi.”