Jobe 13:1-28

  • Jobe o tswelela a bua (1-28)

    • ‘Bogolo nka bua le Modimo’ (3)

    • “Lo dingaka tse di se nang mosola” (4)

    • “Ke a itse gore ga ke molato” (18)

    • O botsa Modimo gore ke eng a mo tsaya e le mmaba (24)

13  “Ruri leitlho la me le bone seno sotlhe,Tsebe ya me e se utlwile e bile e se tlhalogantse.   Se lo se itseng, le nna ke a se itse;Ga ke wa maemo a a kwa tlase mo go lona.   Fa e le nna, bogolo nka bua le Mothatayotlhe;Ke eletsa go tlisa kgetsi ya me fa pele ga Modimo.+   Le fa go ntse jalo, lo bua maaka ka nna;Lotlhe fela lo dingaka tse di se nang mosola.+   Fa fela lo ne lo ka nna lo didimetse,Seo se ne se tla bontsha gore lo botlhale.+   Tsweetswee, reetsang kgang ya me ya go iphemela,Mme lo tlhwaele dikopo tsa me tsebe.   A lo tla bua ditatofatso tsa maaka lo dirisa leina la Modimo,E bile a lo tla mmuelela lo dirisa tsietso?   A lo tla ema mo letlhakoreng la gagwe,A lo tla leka go ema Modimo wa boammaaruri nôkeng mo kgetsing eno?   A dilo di tla lo tsamaela sentle fa a lo tlhatlhoba?+ A lo ka mo tsietsa jaaka lo ka tsietsa motho? 10  Ruri o tla lo kgalemelaFa lo leka go nna le tlhaolele mo sephiring.+ 11  A seriti sa gagwe ga se ka ke sa lo tshosa,E bile a ga lo ka ke lwa boifa ka ntlha ya gagwe? 12  Mafoko a lona a botlhale* ke diane tsa melora;Disireletsi* tsa lona di bokoa jaaka disireletsi tsa letsopa. 13  Didimalang, gore ke tle ke bue. Go tswa foo, sepe fela se se ka ntiragalelang, a se ntiragalele! 14  Ke ka ntlha yang fa ke itsenya mo kotsing*Mme ke tsaya botshelo jwa me ka diatla? 15  Le fa gone a ka mpolaya, ke ne ke ntse ke tla leta;+Ke ne ke tla emela kgetsi ya me* fa pele ga gagwe. 16  Foo o ne a tla nna poloko ya me,+Gonne ga go na motho yo o sa dumeleng mo Modimong* yo o ka tsenang fa pele ga gagwe.+ 17  Reetsang lefoko la me ka kelotlhoko;Tlhwaelang se ke se buang tsebe. 18  Jaanong bonang, ke baakantse kgetsi ya me gore ke e ise kwa kgotlatshekelong;Ke a itse gore ga ke molato. 19  Ke mang yo o tla ganetsanang le nna? Ke ne nka swa fa ke ne nka didimala!* 20  Nneye dilo di le pedi fela, tlhe Modimo,*Gore ke se ka ka go iphitlhela: 21  Tlosetsa seatla sa gago se se boima kgakala le nna,Mme o se ka wa letla gore go go boifa go ntshose.+ 22  O ka nna wa bitsa mme ke tla araba,Kgotsa mma ke bue, mme wena o nkarabe. 23  Diphoso tsa me le maleo a me ke afe? Mpolelele molato wa me le boleo jwa me. 24  Ke ka ntlha yang fa o fitlha sefatlhego sa gago+E bile o ntsaya ke le mmaba wa gago?+ 25  A o tla leka go tshosa letlhare le le phepheutsweng ke phefoKgotsa a o tla lelekisa lotlhaka lo lo omeletseng? 26  Gonne o nna o kwala dilo tse di botlhoko ka nna,Mme o nkotlhaela maleo a ke a dirileng ke le mosha. 27  O bofeletse dinao tsa me mo dikoteng tsa go golega,*O sekaseka ditselana tsa me tsotlhe,E bile o latelela kgato nngwe le nngwe ya me. 28  Ka jalo, motho* o senyega jaaka sengwe se se bodileng;Jaaka seaparo se se jelweng ke metoutwane.*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a a sa lebalesegeng.”
Seheb., “Dithebe.”
Seheb., “Ke ka ntlha yang fa ke tshotse nama ya me mo menong a me?”
Kgotsa “ke tla femela ditsela tsa me.”
Kgotsa “ga go na motlhanogi.”
Kgotsa gongwe “Fa mongwe a ka dira jalo, ke tla nna ke didimetse ke bo ke swa.”
Seheb., “O se ka wa ntira dilo di le pedi fela.”
Gongwe motho yo go buiwang ka ene ke Jobe.
Kgotsa “mmoto.”