Jobe 16:1-22

  • Jobe o a araba (1-22)

    • “Lo bagomotsi ba ba letshwenyo!” (2)

    • A re Modimo o mo kwaile (12)

16  Jobe o ne a araba a re:   “Ga se la ntlha ke utlwa dilo di le dintsi tse di tshwanang le tseno. Lotlhe lo bagomotsi ba ba letshwenyo!+   A lo tla fetsa go bua mafoko a a se nang mosola? O tenwa ke eng gore o bo o bua jalo?   Fa lo ne lo le mo boemong jwa me,Le nna ke ne nka bua jaaka lo bua. Ke ne ke tla bua dilo tse di bosula ka lonaKe bo ke lo thukuthela tlhogo.+   Go na le moo, ke ne ke tla lo nonotsha ka mafoko a molomo wa me,E bile mafoko a a molemo a ke a buang a ne a tla lo imolola.+   Fa ke bua, setlhabi sa me ga se okobale,+Mme fa ke emisa go bua, a setlhabi sa me se a fokotsega?   Mme jaanong, wena Modimo o dirile gore ke lape;+O fedisitse ba lelapa la me botlhe.*   Le wena o a ntshwara, mme seo ke bosupi,Ke bopame mme seo se dira gore batho ba akanye gore ke molato.   Bogale jwa gagwe bo nkgagogantse dikarolwana, mme o nna a ntlhoile.+ O a galefa* fa a mpona. Mmaba wa me o ntlhaba ka matlho a gagwe.+ 10  Ba butse molomo wa bone go nkometsa,+E bile ba iteile marama a me ka tshotlo;Ba nkokoanela ba le bantsintsi.+ 11  Modimo o nneetse basimanyana,Mme o ntsenya mo diatleng tsa ba ba bosula.+ 12  Ke ne ke se na mathata, mme a nthubaganya;+O ne a mphamola ka fa morago mo molaleng mme a ntšhwetlakanya;Go tswa foo o ne a ntlhoma jaaka selo se a se kwaileng. 13  Bahudi ba gagwe ba metswi ba ntikologile;+O tlhaba diphilo tsa me+ e bile ga a ntlhomogele pelo;O tshololela santlhoko ya me fa fatshe. 14  O mphunya diphatlhaphatlha;O itlhaganelela kwa go nna jaaka motlhabani. 15  Ke rokagantse letsela la kgetsi gore ke apese letlalo la me,+E bile ke fitlhile seriti* sa me mo loroleng.+ 16  Sefatlhego sa me se sehibidu ka ntlha ya go lela,+Mme matlho a me a rurugile, 17  Le fa gone diatla tsa me di sa dira thubakanyo epe E bile thapelo ya me e itshekile. 18  Ao tlhe lefatshe, o se ka wa katela madi a me!+ Mme a selelo sa me se se ka sa didimadiwa! 19  Tota le gone jaanong, mosupi wa me o kwa magodimong;Yo o ka kgonang go naya bosupi ka ga me o kwa godimodimo. 20  Balekane ba me ba a ntshotla+Fa leitlho la me le tshololela dikeledi* kwa Modimong.+ 21  A mongwe a atlhole fa gare ga motho le Modimo,Jaaka motho a ka atlhola fa gare ga batho ba babedi.+ 22  Gonne dingwaga tse di setseng di mmalwa,Ke tla tsamaya mme ga nkitla ke boa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ba phuthegang le nna.”
Seheb., “O phuranya meno.”
Kgotsa “nonofo.” Seheb., “lonaka.”
Kgotsa gongwe “le tlhorega boroko.”