Jobe 17:1-16

  • Jobe o tswelela a bua (1-16)

    • “Ke dikologilwe ke basotli” (2)

    • “Modimo o dirile gore batho ba ntshotle” (6)

    • “Lebitla e tla nna legae la me” (13)

17  “Moya wa me o utlwile botlhoko, malatsi a me a fedile;Lebitla le nkemetse.+   Ke dikologilwe ke basotli,+Mme leitlho la me le tshwanelwa ke go leba* boitshwaro jwa bone jwa botlhanogi.   Ke kopa o ntsholofetse gore o tla ntshegetsa. Ke mang gape yo o ka nthusang?+   O dirile gore ba se ka ba nna le temogo;+Ke sone se o sa ba tlotlomatseng.   Ba ka nna ba ithaopela go abela ditsala tsa bone,Fa matlho a bana ba bone one a koafala.   Modimo o dirile gore batho ba ntshotle,*+Mo ke neng ka nna motho yo sefatlhego sa gagwe se kgwelwang mathe.+   Matlho a me a nna letobo ka ntlha ya khutsafalo,+Mme mabogo le maoto a me a masesane.   Batho ba ba ikanyegang ba rotolela seno matlho ba gakgametse,E bile yo o se nang molato o a tshwenyega ka ntlha ya yo o sa dumeleng mo Modimong.*   Mosiami o nna a ngangatletse tsela ya gagwe,+Mme yo o diatla di phepa o nna a nonofela pele.+ 10  Le fa go ntse jalo, lotlhe lo ka nna lwa tla mme lwa simolola go ganetsana le nna,Gonne ga ke ise ke bone ope yo o botlhale mo go lona.+ 11  Malatsi a me a fedile;+Go fedile ka dithulaganyo tsa me, e leng dikeletso tsa pelo ya me.+ 12  Ba nna ba fetola bosigo gore e nne motshegare,Ba re, ‘Lesedi le tshwanetse la bo le le gaufi ka gonne go lefifi.’ 13  Fa ke leta, Lebitla* e tla nna legae la me;+Ke tla robala teng mo lefifing.+ 14  Ke tla tlhaeletsa lebitla+ ke re, ‘O rre!’ Le seboko ke re, ‘O mmê le morwadiarre!’ 15  Jaanong tsholofelo ya me e kae?+ Ke mang yo o tla mpolelelang gore ke tla tshela ka boitumelo? 16  E* tla fologela kwa dikgorong tsa Lebitla* tse di nang le mephakalego,Fa rotlhe fela re fologela mmogo kwa loroleng.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “tsepama mo.”
Seheb., “o ntirile seane sa ditšhaba.”
Kgotsa “ya motlhanogi.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Go tewa tsholofelo ya me.
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.