Jobe 21:1-34

  • Jobe o a araba (1-34)

    • ‘Goreng batho ba ba bosula ba atlega?’ (7-13)

    • O senola ba ba itirang e kete ba tlile go mo gomotsa (27-34)

21  Jobe o ne a araba a re:   “Reetsang ka kelotlhoko se ke se buang;A seno e nne kgomotso e lo e nnayang.   Lo se ka lwa mphelela pelo fa ke ntse ke bua;Fa ke sena go bua, foo lo ka nna lwa ntshotla.+   A ke ngongorega ka motho? Fa go ne go ntse jalo, a ke* ne nka se fele pelo?   Ntebeng mme lo rotole matlho lo gakgametse;Bayang diatla tsa lona mo melomong ya lona.   Fa ke akanya ka gone, ke a tshwenyega,E bile mmele otlhe wa me o a roroma.   Goreng batho ba ba bosula ba tswelela ba tshela,+Ba tsofala e bile ba huma?*+   Bana ba bone ba nna le bone ka metlha,Mme ba feleletsa ba bone ditlogolwana tsa bone.   Matlo a bone a sireletsegile, ga go na sepe se ba se boifang,+E bile Modimo ga a ba otlhaye ka thobane ya gagwe. 10  Dipoo tsa bone ga di kgaotse go gwela;Dikgomo tsa bone di a tsala mme ga di folotse. 11  Basimane ba bone ba taboga kwa ntle fela jaaka letsomane,Mme bana ba bone ba a tlolaka. 12  Ba opela ba ntse ba letsa moropana le harepa,Mme ba itumelela go utlwa modumo wa fulutu.*+ 13  Ba nna ba kgotsofetse malatsi otlhe a boneMme ba fologela kwa Lebitleng* ka kagiso.* 14  Le fa go ntse jalo, ba raya Modimo wa boammaaruri ba re, ‘Re tlogele! Ga re batle go itse ditsela tsa gago.+ 15  Mothatayotlhe ke mang, gore re mo direle?+ Re tla boelwa ke eng fa re mo itse?’+ 16  Mme ke a itse gore ga ba na maatla a go dira gore dilo di ba tsamaele sentle.+ Ga ke akanye jaaka batho ba ba bosula.+ 17  Ke ga kae lobone lwa batho ba ba bosula lo timiwa?+ Ke ga kae ba welwa ke masetlapelo? Ke ga kae Modimo a ba otlhaya a galefile? 18  A ba kile ba nna jaaka lotlhaka mo phefongLe jaaka mmoko o o phepheulwang ke phefo ya matsubutsubu? 19  Modimo o tla boloka kotlhao ya motho a e bolokela barwa ba gagwe. Mme e kete Modimo a ka mo duela gore a tle a itse ka gone.+ 20  E kete matlho a gagwe a ka bona fa a senngwa,Mme e kete e ka nna ene a nwang tšhakgalo ya Mothatayotlhe.+ 21  Gonne a o kgathala ka se se diregang mo ntlong ya gagwe fa a sena go swaFa palo ya dikgwedi tsa gagwe e khutshwafadiwa?*+ 22  A go na le yo o ka rutang Modimo,+Fa e le Ene a atlholang tota le ba ba kwa godimo?+ 23  Motho mongwe o swa a sa ntse a na le matlhagatlhaga+A se na matshwenyego gotlhelele e bile a iketlile,+ 24  Dirope tsa gagwe di tletse mafuraLe marapo a gagwe a nonofile.* 25  Mme motho yo mongwe o swa a tshwenyegile thata,*A ise a ke a latswe dilo tse di molemo. 26  Botlhe ba tla boela mo loroleng,+Mme boobabedi ba tla jewa ke diboko.+ 27  Ke itse sentle se lo se akanyangLe maano a lo a logang gore lo ntirele bosula.*+ 28  Gonne lwa re, ‘E kae ntlo ya motho yo o tlotlegang,E bile e kae tente e motho yo o bosula a nnang mo go yone?’+ 29  A ga lo a botsa batsamai? A ga lo a ithuta ka kelotlhoko dilo tse ba di lemogileng,* 30  Gore yo o bosula o a bolokwa mo letsatsing la masetlapelo,Le gore o a gololwa mo letsatsing la tšhakgalo? 31  Ke mang yo o ka mmolelelang gore ga a itshware sentle,E bile ke mang yo o tla mo otlhaelang se a se dirileng? 32  Fa a isiwa kwa mabitleng,Lebitla la gagwe le tla nna le disitswe. 33  Makwete a mmu wa mokgatšha* a tla nna botshe mo go ene,+Mme batho botlhe ba mo sala morago*+Fela jaaka ba bantsi ba ba kwa pele ga gagwe. 34  Ka jalo, goreng lo nnaya kgomotso e e se nang mosola?+ Dikarabo tsa lona ke tsietso fela!”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “moya wa me (e leng maatla a botshelo).”
Kgotsa “ba nna maatla.”
Kgotsa “phala ya lotlhaka.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ka nakwana,” go tewa loso lwa ka bonako lo lo seng botlhoko.
Kgotsa “e kgaoganngwa ka bogare.”
Seheb., “moko wa marapo a gagwe o le bongola.”
Kgotsa “a utlwile botlhoko.”
Kgotsa gongwe “gore lo ntirele thubakanyo.”
Seheb., “ditshupo tsa bone.”
Kgotsa “molapo.”
Seheb., “Mme o tla goga batho botlhe ka fa morago ga gagwe.”