Jobe 22:1-30

  • Elifase o bua lekgetlo la boraro (1-30)

    • ‘A motho a ka thusa Modimo?’ (2, 3)

    • A re Jobe o pelotshetlha e bile o tshiamololo (6-9)

    • ‘Boela kwa Modimong mme o tla tsosolosiwa’ (23)

22  Elifase+ wa Motemane o ne a araba a re:   “A motho a ka nna le mosola mo Modimong? A motho yo o nang le temogo a ka thusa Modimo?+   A Mothatayotlhe o a kgathala* go bo o siame,Kgotsa a o boelwa ke sengwe ka gonne o latela tsela ya go tlhoka molato?*+   A o tla go otlhayaA bo a tsena le wena mo tshekong ka gonne o mmoifa?   A ga se ka gonne bosula jwa gago bo le bogolo thataE bile go sa tle gore melato ya gago e fele?+   Gonne o dira gore bomorwarrago ba go neye peeletso kwantle ga lebaka,E bile o apola batho diaparo tsa bone, o ba tlogela ba sa apara.*+   Ga o neye yo o lapileng metsi gore a nwe,E bile ba ba tshwerweng ke tlala o ba tima dijo.+   Lefatshe ke la motho yo o nonofileng,+Mme yo o ratiwang o nna mo go lone.   Le fa go ntse jalo, o tsamaisitse batlholagadi ba iphotlhere,E bile o utlwisitse dikhutsana* botlhoko. 10  Ke gone ka moo o dikologilweng ke dirai,*+E bile o boifisiwang ke letshogo le le go wetseng ka tshoganyetso; 11  Ke gone ka moo go leng lefifi thata mo o sa kgoneng go bona,E bile o khurumeditswe ke morwalela wa metsi. 12  A Modimo ga a kwa godimodimo kwa legodimong? Mme bona gore dinaledi tsotlhe di kwa godimo jang. 13  Mme gone o ne wa re: ‘Tota Modimo o itse eng? A a ka atlhola mo lefifing le lentshontsho? 14  Maru a mo sirile gore a se ka a bonaFa a ntse a tsamayatsamaya mo phaposaneng* ya legodimo.’ 15  A o tla latela tselana ya bogologoloE batho ba ba bosula ba tsamaileng mo go yone, 16  Batho ba ba neng ba tsubulwa* pele ga nako,Ba motheo wa bone o neng wa gogolwa ke morwalela?*+ 17  Ba ne ba raya Modimo wa boammaaruri ba re: ‘Re tlogele!’ Ba bo ba re ‘Mothatayotlhe a ka re dirang?’ 18  Le fa go ntse jalo, ke Ene a tladitseng matlo a bone ka dilo tse dintle. (Ga ke akanye ka tsela eo e e bosula.) 19  Basiami ba tla bona seno ba bo ba itumela,Mme ba ba se nang molato ba tla ba sotla ba bo ba re: 20  ‘Baganetsi ba rona ba nyeleditswe,Mme molelo o tla laila masalela a bone.’ 21  Itse Modimo mme o tla nna le kagiso;Foo dilo tse di molemo di tla go tlela. 22  Amogela molao o o tswang mo molomong wa gagwe,Mme o boloke mafoko a gagwe mo pelong ya gago.+ 23  Fa o boela kwa go Mothatayotlhe, o tla tsosolosiwa;+Fa o tlosa se se sa siamang mo tenteng ya gago, 24  Fa o ne o ka latlhela gauta ya gago mo lorolengLe gauta ya Ofire+ mo mekgatšheng* e e tletseng matlapa, 25  Foo Mothatayotlhe o tla nna gauta ya gago,E bile o tla nna selefera ya gago e e di gaisang tsotlhe. 26  Gonne ka nako eo o tla itumelela Mothatayotlhe,Mme o tla tsholeletsa sefatlhego sa gago kwa Modimong. 27  O tla mo kopa ka tlhoafalo, mme o tla go utlwa;Mme o tla duela maikano a gago. 28  Sepe fela se o batlang go se dira se tla atlega,Mme lesedi le tla phatsima mo tselaneng ya gago. 29  Gonne o tla kokobediwa fa o bua ka boikgodiso,Le fa go ntse jalo, o tla boloka ba ba boikokobetso.* 30  O tla namola ba ba se nang molato;Ka jalo, fa e le gore diatla tsa gago di phepa, ruri o tla namolwa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “itumela.”
Kgotsa “o ikanyega mo Modimong?”
Seheb., “o apola diaparo tsa batho ba ba sa aparang.”
Seheb., “bana ba ba se nang borre.”
Seheb., “dirai tsa dinonyane.”
Kgotsa “mo kgolokweng.”
Kgotsa “ba matshelo a bone a neng a khutshwafadiwa.”
Seheb., “noka.”
Kgotsa “melapong.”
Kgotsa “ba ba digileng matlho.”