Jobe 23:1-17

  • Jobe o a araba (1-17)

    • O batla go isa kgetsi ya gagwe fa pele ga Modimo (1-7)

    • A re ga a bone Modimo (8, 9)

    • “Ke tsamaile mo tseleng ya gagwe ke sa fapoge” (11)

23  Jobe o ne a araba a re:   “Tota le gompieno ke tla tswelela ke ngongorega;*+Maatla a me a fedile ka ntlha ya go boga ga me.   E kete nkabo ke itse kwa nka bonang Modimo teng!+ Ke ne ke tla ya kwa lefelong le a nnang kwa go lone.+   Ke ne ke tla isa kgetsi ya me fa pele ga gagweKe bo ke ntsha bosupi jotlhe gore ke iphemele;   Ke ne ke tla itse kafa a neng a tla nkaraba ka goneKe bo ke ela tlhoko se a se mpolelelang.   A o ne a tla ganetsana le nna a dirisa maatla a gagwe a magolo? Nnyaa, ruri o ne a tla ntheetsa.+   Yo o siameng o ne a ka tlhamalatsa dilo le ene koo,Mme Moatlhodi wa me o ne a tla nkgolola.   Le fa go ntse jalo, fa ke ya kwa botlhaba, ga a yo koo;Mme fa ke boela kwa ke neng ke le teng ga ke mo fitlhele.   Fa a bereka ka fa molemeng, ga ke mmone;Go tswa foo, o ya kwa mojeng, mme ke sa ntse ke sa mmone. 10  Mme o itse tselana e ke e tsereng.+ Fa a sena go nteka, ke tla tswa moo ke tshwana le gauta e e sa tswakanngwang.+ 11  Dinao tsa me di lateletse dikgato tsa gagwe gaufi thata;Ke tsamaile mo tseleng ya gagwe ke sa fapoge.+ 12  Ga ke a fapoga ditaelo tse a di buileng. Ke bolokile mafoko a gagwe+ le e leng go feta se a neng a se batla mo go nna.* 13  Fa a ikemiseditse, ke mang yo o ka mo thibelang?+ Fa a batla go dira sengwe, o a se dira.+ 14  Gonne o tla diragatsa ka botlalo se a neng a se ikaeletse* ka nna,Mme o mpeetse dilo tse di ntseng jalo di le dintsi. 15  Ke gone ka moo ke tlhobaelang ka ntlha ya gagwe;Fa ke akanya ka ene, poifo ya me e a oketsega. 16  Modimo o dirile gore ke nne boboi,E bile Mothatayotlhe o dirile gore ke tshoge. 17  Mme gone, ga ke ise ke didimadiwe ke lefifi Kgotsa ke letobo le le khurumeditseng sefatlhego sa me.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ngongorego ya me ke ya botlhanogi.”
Kgotsa “se a neng a se ntaetse.”
Kgotsa “laotse.”