Jobe 24:1-25

  • Jobe o tswelela a bua (1-25)

    • ‘Goreng Modimo a sa tlhome nako?’ (1)

    • A re Modimo o letlelela bosula (12)

    • Baleofi ba rata lefifi (13-17)

24  “Goreng Mothatayotlhe a sa tlhome nako?+ Goreng ba ba mo itseng ba sa bone letsatsi la gagwe?*   Batho ba busetsa matshwao a molelwane kwa morago;+Ba utswa matsomane gore ba a ise kwa mafulong a bone.   Ba gapa tonki ya dikhutsana*E bile ba tsaya poo ya motlholagadi e le peeletso ya se a se adimileng.+   Ba pateletsa bahumanegi go thiboga mo tseleng;Batlhoki ba tshwanelwa ke go ba iphitlhela.+   Bahumanegi ba batla dijo jaaka ditonki tsa naga+ kwa nageng;Ba senkela bana ba bone dijo kwa sekakeng.   Ba tshwanelwa ke go roba mo tshimong ya mongwe*Le go phutha se se setseng mo tshimong ya morara* ya motho yo o bosula.   Ba lala bosigo ba sa apara, ba se na diaparo;+Ga ba na se ba se aparang mo serameng.   Ba kolobediwa ke dipula tsa mo dithabeng;Ba ngaparela mafika ka gonne go se na mo ba ka itshireletsang gone.   Ngwana wa motlholagadi o phamolwa mo go mmaagwe a ntse a anya;+E bile diaparo tsa mohumanegi di tsewa e le peeletso ya se a se adimileng,+ 10  Ba ba pateletsa go tsamaya ba sa apara, ba se na diaparo,E bile ba ba pateletsa go rwala dingata tsa dijo tsa ditlhaka ba tshwerwe ke tlala. 11  Ba dira ka natla fa gare ga dipota tsa maje tse di mo dithotaneng mo mogoteng wa letsatsi;*Ba gata digatisetso tsa beine, le fa go ntse jalo ba tshwarwa ke lenyora.+ 12  Ba ba swang ba nna ba lela mo motseng;Ba ba gobetseng thata ba goa ba kopa thuso,+Mme Modimo ga a tseye seno se sa siama.* 13  Go na le ba ba tlhoileng lesedi;+Ga ba lemoge ditsela tsa lone,E bile ga ba latele ditselana tsa lone. 14  Mmolai o tsoga bo sa;O bolaya ba ba ka se iphemeleng mmogo le bahumanegi,+Fa go le bosigo o a utswa. 15  Moakafadi o letetse gore go nne lotlatlana,+A re, ‘Ga go na yo o tla mponang!’+ Mme o ikhurumetsa sefatlhego. 16  Fa go le lefifi ba a thuba ba bo ba tsena* mo matlong;Motshegare ba a itswalela. Ga ba itse lesedi.+ 17  Ba boifa moso fela jaaka batho ba bangwe ba boifa lefifi;Mme ba tlwaelane le se se boifisang batho mo lefifing. 18  Le fa go ntse jalo, ba gogolwa ke metsi ka bofefo.* Karolo ya bone ya naga e tla hutsiwa.+ Ga ba kitla ba boela kwa masimong a bone a morara. 19  Fela jaaka komelelo le mogote di fedisa kapoko e e gakologileng,Lebitla* le lone le tsaya ba ba leofileng!+ 20  Mmaagwe* o tla mo lebala; diboko di tla mo ja. A ka se tlhole a gakologelwa.+ Mme se se sa siamang se tla robaganngwa fela jaaka setlhare. 21  O tlhasela mosadi yo o moopa,E bile o tshwara motlholagadi makgwakgwa. 22  Modimo o tla dirisa nonofo ya gagwe go fedisa ba ba maatla;Le fa gone ba ka nna le maemo a a kwa godimo, ga ba itse gore a ba tla tshela kgotsa nnyaa. 23  Modimo o ba letla gore ba itshepe ba bo ba ikutlwe ba sireletsegile,+Mme o bona sengwe le sengwe se ba se dirang.*+ 24  Ba tlotlomadiwa ka lobakanyana, go tswa foo ga ba tlhole ba le teng.+ Ba tshwana le dijo tsa ditlhaka tse di kgaolwang di bo di phuthiwa. Ba a kokobediwa+ ba bo ba swa fela jaaka mongwe le mongwe. 25  Jaanong ke mang yo o ka reng ke bua maakaKgotsa yo o ka ganetsang se ke se buang?”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa letsatsi la gagwe la katlholo.
Seheb., “bana ba ba se nang borre.”
Kgotsa gongwe “go roba furu mo tshimong.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa gongwe “Ba dira leokwane mo gare ga dipota tsa maje.”
Kgotsa gongwe “Modimo ga a bone ope molato.”
Seheb., “ba a epa ba bo ba tsena.”
Seheb., “Ene o bofefo mo godimo ga metsi.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “Popelo.”
Seheb., “Mme matlho a gagwe a mo ditseleng tsa bone.”