Jobe 28:1-28

  • Jobe o farologanya matlotlo a lefatshe le botlhale (1-28)

    • Matsapa a motho a go batla ditswammung (1-11)

    • Botlhale bo gaisa diperela (18)

    • Go boifa Jehofa ke jone botlhale (28)

28  “Go na le lefelo le selefera e epiwang mo go loneLe lefelo le ba itshekisang gauta kwa go lone;+   Tshipi e ntshiwa mo mmung,Mme kopore e gakolosiwa* go tswa mo majeng.+   Motho o tla ka lesedi mo lefelong le le lefifi;E bile o tsenelela mo lefelong le le lefifi thata,A batlana le maje a a tlhwatlhwakgolo.   O epa khuti kgakala le kwa batho ba nnang gone,Kwa mafelong a a lebetsweng, a a kgakala le kwa batho ba tsamayang gone;Batho bangwe ba fologetse kwa tlase e bile ba a akgega.   Mo lefatsheng go tlhoga dijo;Mme kwa tlase ga lone le a fuduega jaaka e kete le fuduiwa ke molelo.*   Kwa tlase go na le maje a safire,Mme mo loroleng go na le gauta.   Ga go na nonyane e e jang nama e e itseng tselana e e yang teng;Leitlho la phakalane e ntsho ga le a e bona.   Dibatana tse dikgolo ga di a gata mo go yone;Tau ga e a tsamaya gone.   Motho o itaya leje le le thata;O pitikolola dithaba kwa metheong ya tsone. 10  O gaba mesele ya metsi+ mo lefikeng;O bona sengwe le sengwe se se tlhwatlhwakgolo. 11  O thibela metswedi ya dinokaMme se se neng se fitlhegile o se ntshetsa mo leseding. 12  Mme botlhale bo ka bonwa kae,+Le gone, motswedi wa temogo o kae?+ 13  Ga go na motho ope yo o lemogang boleng jwa jone,+Mme bo ka se bonwe gope mo lefatsheng. 14  Metsi a a boteng a re, ‘Ga bo mo go nna!’ Le lewatle la re, ‘Ga ke na jone!’+ 15  Ga bo ka ke jwa rekwa ka gauta e e sa tswakanngwang;E bile ga go na selefera ya bokete bope e e ka lekanngwang le jone.+ 16  Ga bo ka ke jwa rekwa ka gauta ya Ofire+Kgotsa ka maje a a bonwang sewelo a onikise le safire. 17  Gauta le galase ga di ka ke tsa bapisiwa le jone;E bile ga bo ka ke jwa emisediwa ka sejana sa gauta e e sa tswakanngwang.*+ 18  Re sa bue sepe ka korale le legweka,+Gonne kgetsi e e tletseng botlhale e tlhwatlhwakgolo go feta kgetsi e e tletseng diperela. 19  Topase+ ya kwa Kushe ga e ka ke ya bapisiwa le jone;Tota e bile ga bo ka ke jwa rekwa le ka gauta e e sa tswakanngwang. 20  Mme gone, botlhale bo tswa kae,E bile motswedi wa temogo o kae?+ 21  Bo fitlhetswe matlho a setshedi sengwe le sengwe,+E bile bo subetswe dinonyane tsa magodimo. 22  Tshenyego le loso tsa re,‘Ditsebe tsa rona di utlwile pego ya jone fela.’ 23  Modimo o tlhaloganya tsela e e yang kwa go jone;Ke ene fela a itseng kwa bo nnang gone,+ 24  Gonne o bona go fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe,E bile o bona sengwe le sengwe se se mo lefatsheng.+ 25  Fa a ne a tlhoma maatla* a phefo+A bo a lekanya metsi,+ 26  Fa a ne a beela pula molao+E bile a direla leru la dikgadima la matsubutsubu tselana,+ 27  Ka nako eo o ne a bona botlhale a bo a bo tlhalosa;O ne a bo tiisa a bo a bo tlhatlhoba. 28  Mme o ne a raya motho a re: ‘Go boifa Jehofa ke jone botlhale,+Mme go fapoga bosula ke tlhaloganyo.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “tshololwa.”
Go lebega go tewa ditiro tsa mo moepong.
Kgotsa “e e itshekisitsweng.”
Seheb., “bokete.”