Jobe 29:1-25

  • Jobe o gopola malatsi a pele ga a nna le mathata (1-25)

    • O ne a tlotliwa kwa kgorong ya motse (7-10)

    • Dilo tse di siameng tse a neng a di dira (11-17)

    • Mongwe le mongwe o ne a reetsa fa a mo gakolola (21-23)

29  Jobe o ne a tswelela ka puo* ya gagwe a re:   “E kete nkabo ke le mo dikgweding tse di fetileng,Mo metlheng ya fa Modimo a ne a ntshireleditse,   Fa a ne a phatsimisa lobone lwa gagwe mo tlhogong ya me,Fa ke ne ke tsamaya mo lefifing ka lesedi la gagwe,+   Fa ke ne ke sa ntse ke le* matlhagatlhaga,Mo malatsing a fa nna le Modimo re ne re le ditsala tse ditona.+   Fa Mothatayotlhe a ne a sa ntse a na le nna,Fa bongwanake* ba ne ba ntikologile gotlhe fela,   Fa dinao tsa me e ne e kete di mo botorong,Le fa mafika a ne a ntshelela melatswana ya leokwane.+   Fa ke ne ke tle ke ye kwa kgorong ya motse+Ke bo ke nna mo patlelong,+   Makawana a ne a tle a mpone a bo a fapoga,*Tota le bannabagolo ba ne ba tle ba eme ka dinao ba bo ba tswelela ba eme.+   Dikgosana di ne di kgaotsa go bua;Di ne di tle di beye seatla mo molomong. 10  Mantswe a banna ba ba tlotlegang a ne a didimadiwa;Maleme a bone a ne a ngaparetse magalapa a bone. 11  Ope fela yo o neng a nkutlwa o ne a tle a mpue bontle,Le ba ba neng ba mpona ba ne ba tle ba neye bosupi ka ga me. 12  Gonne ke ne ke tle ke namole mohumanegi yo o neng a kopa thuso,+Mmogo le khutsana* le ope fela yo o neng a se na mothusi.+ 13  Yo o neng a tloga a nyelela o ne a tle a ntshegofatse,+Mme ke ne ke itumedisa pelo ya motlholagadi.+ 14  Ke ne ke apara tshiamo jaaka diaparo tsa me;Tshiamiso ya me e ne e tshwana le seaparo se setelele* le tuku e e kgethegileng. 15  Ke ne ka nna matlho mo go yo o foufetsengE bile ke ne ke le dinao mo go yo o golafetseng. 16  Ke ne ke le rre mo bahumaneging;+Ke ne ke tle ke sekaseke kgetsi ya ba ke neng ke sa ba itse.+ 17  Ke ne ke tle ke robaganye ditlhaa tsa modiraphoso+Ke bo ke tsubula se a se tsomileng mo menong a gagwe. 18  Ke ne ke tle ke re, ‘Ke tla swela mo legaeng la me,*+Mme malatsi a me a tla nna mantsi jaaka motlhaba.* 19  Medi ya me e tla namela mo metsing,Mme monyo o tla nna mo dikaleng tsa me bosigo jotlhe. 20  Kgalalelo ya me e nna e ntšhafadiwa,Mme bora jo bo mo seatleng sa me bo tla nna bo hula.’ 21  Batho ba ne ba tle ba ntheetse,Ba letetse kgakololo ya me ka tidimalo.+ 22  E ne e re fa ke sena go bua, ba ne ba tlhoka se ba ka se buang;Ba ne ba itumelela go utlwa mafoko a me. 23  Ba ne ba nkemela jaaka e kete ba emetse pula;Ba ne ba eletsa go utlwa se ke tla se buang jaaka e kete ba emetse pula ya dikgakologo.+ 24  Ba ne ba sa dumele gore nka tshega le bone;Go phatsima ga sefatlhego sa me go ne go ba naya tsholofelo.* 25  Ke ne ke ba kaela ke le moeteledipele wa bone,E bile ke ne ke tshela jaaka kgosi e le mo mephatong ya yone ya masole,+Gape ke gomotsa ba ba hutsafetseng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “seane.”
Seheb., “ke le mo metlheng ya.”
Kgotsa “batlhokomedi ba me.”
Seheb., “iphitlha.”
Seheb., “ngwana yo o se nang rre.”
Kgotsa “seaparo se se se nang mabogo.”
Seheb., “mo sentlhageng sa me.”
Kgotsa “moshawa.”
Kgotsa gongwe “Ba ne ba se ka ba fifatsa lesedi la sefatlhego sa me.”