Jobe 39:1-30

  • Diphologolo di bontsha gore motho ga a na kitso (1-30)

    • Dipodi tsa kwa dithabeng le dikgama (1-4)

    • Tonki ya naga (5-8)

    • Poo ya naga (9-12)

    • Ntšhe (13-18)

    • Pitse (19-25)

    • Segodi le ntsu (26-30)

39  “A o itse nako e dipodi tsa kwa dithabeng di tsalang ka yone?+ A o kile wa bona dikgama fa di tsala?+   A o kgona go bala dikgwedi tse di tshwanetseng go di fetsa? A o itse nako e di tsalang ka yone?   Fa di tsala di a ikhuna,Ditlhabi tsa tsone tsa pelegi di bo di fela.   Bana ba tsone ba a nonofa ba bo ba golela mo nageng;Ba a tsamaya mme ga ba boele kwa go mmaabone.   Ke mang yo o golotseng tonki ya naga,*+E bile ke mang yo o bofolotseng megala ya tonki ya naga?   Ke dirile sekaka gore e nne legae la yoneLe naga ya letswai gore e nne lefelo le e nnang mo go lone.   E nnela kgakala le motse o o modumo;Ga go na bakgweetsi ba ba e goang.   E tsamayatsamaya mo dithabeng e batla mafulo,E senka semela sepe fela se setala.   A poo ya naga e ikemiseditse go go direla?+ A e tla lala mo lefelong le diruiwa tsa gago di nnang mo go lone?* 10  A o tla golega poo ya naga ka mogala gore e go direle diforo,Kgotsa a e tla go sala morago gore e leme* mo mokgatšheng? 11  A o ka ikanya maatla a yone a magoloMme wa e letla gore e go direle tiro e e boima? 12  A o ka e ikanya gore e tlise thobo* ya gago,Mme a e tla e phuthela mo seboaneng sa gago? 13  Diphuka tsa ntšhe di phaphasela ka boitumelo,Mme gone a dintlha tsa diphuka tsa yone le mafofa a yone di ka tshwana le tsa mogolori?+ 14  Gonne e tlogela mae a yone fa fatshe,Mme e a thuthafatsa mo loroleng. 15  E lebala gore lonao longwe lo ka nna lwa a thubaKgotsa gore phologolo nngwe ya naga e ka nna ya a gata. 16  E tshwara bana ba yone makgwakgwa, jaaka e kete ga se ba yone;+Ga e boife gore matsapa a yone e ka nna a lefela. 17  Gonne Modimo o e timile* botlhaleE bile ga a e naya tlhaloganyo. 18  Mme gone fa e ema e bo e phaphasetsa diphuka tsa yone,E tshega pitse le mopalami wa yone. 19  A ke wena o nayang pitse maatla?+ A o apesa molala wa yone moetse? 20  A o ka dira gore e tlole jaaka tsie? Modumo wa yone o mogolo o o tswang ka dinko fa e budula o a tshosa.+ 21  E tiba ka tlhako fa fatshe mo mokgatšheng e bo e itumela thata;+E betsegela kwa tlhabanong.*+ 22  E tshega letshogo e bile ga e boife sepe.+ Ga e boele morago ka ntlha ya tšhaka. 23  Mokotlopo* o dira modumo fa o ntse o e gotlha mo letlhakoreng,Lerumo le lerumo le le konopiwang di a phatsima. 24  E tabogela kwa pele* ka gonne e roroma e bile e fela pelo,Ga e kgone go ema fela fa e utlwa* modumo wa lonaka. 25  Fa go lediwa lonaka ya re, ‘Aha!’ E dupelela tlhabano e le kgakalaE bile e utlwa go goa ga balaodi le mokgosi wa ntwa.+ 26  A segodi se fofela kwa godimo ka bonako ka ntlha ya tlhaloganyo ya gago,Se tsharololela diphuka tsa sone kwa borwa? 27  Kgotsa a ntsu e fofela kwa godimo ka taelo ya gago+E bo e aga sentlhaga sa yone kwa godimodimo,+ 28  E lala mo setlhoeng sa thaba e e kwa godimo,E nna mo lefelong la yone le le sireletsegileng mo lefikeng?* 29  E senka dijo e le gone koo;+Matlho a yone a kgona go bonela kgakala. 30  Bana ba yone ba nwa madi;Mme kwa go nang le sepe fela se se bolailweng, le yone e teng koo.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “onager.”
Kgotsa “mo bojelong jwa diruiwa tsa gago.”
Kgotsa “e thube makwete.”
Seheb., “peo.”
Seheb., “o dirile gore e lebale.”
Seheb., “E a tswa e ya go kgatlhantsha dibetsa.”
Kgotsa “Kgetsana e e tsenyang metswi.”
Seheb., “E ja fatshe.”
Kgotsa gongwe “Ga e dumele.”
Seheb., “mo ntlhaneng ya lefika.”