Jobe 40:1-24

  • Jehofa o botsa dipotso tse dingwe (1-24)

    • Jobe a re o tswetswe molomo (3-5)

    • “A o tla belaela tshiamiso ya me?” (8)

    • Modimo o tlhalosa maatla a Behemothe (15-24)

40  Jehofa o ne a tswelela a araba Jobe a re:   “A motho yo o tshwayang diphoso a ka ganetsana le Mothatayotlhe?+ Yo o batlang go kgalema Modimo a a arabe.”+   Jobe o ne a araba Jehofa a re:   “Ga ke motho wa sepe.+ Ke tla go araba ke reng? Ke itshwere molomo.+   Ke buile gangwe fela, mme ga nkitla ke araba gape;Ke buile gabedi, mme ga nkitla ke tswelela ke bua.”   Foo Jehofa o ne a araba Jobe go tswa mo sefefong+ a re:   “Tsweetswee, ipaakanye mme o dire dilo jaaka monna;Ke tla go botsa, mme wena o mpolelele.+   A o tla belaela* tshiamiso ya me? A o tla mpona molato gore o tle o nne yo o siameng?+   A o na le lebogo le le maatla jaaka la Modimo wa boammaaruri,+Kgotsa a lentswe la gago le ka duma jaaka la gagwe?+ 10  Tsweetswee, ikgabise ka kgalalelo le tlotlomalo;Ikapese seriti le bontlentle. 11  Se thibele tšhakgalo ya gago e kgolo;Leba mongwe le mongwe yo o mabela mme o mo ise kwa tlase. 12  Leba mongwe le mongwe yo o mabela, mme o mo kokobetse,O bo o gatake batho ba ba bosula mo ba emeng gone. 13  Ba fitlhe botlhe mo loroleng;Ba bofe* mo lefelong le le fitlhegileng, 14  Fa o ka dira dilo tseno, ke tla dumela*Gore o ka kgona go ipoloka o dirisa maatla a gago. 15  Jaanong, a ko o bone Behemothe* e ke e dirileng fela jaaka ke go dirile. E ja bojang jaaka poo. 16  Bona fela maatla a a mo dinôkeng tsa yoneLe nonofo e e mo mesifeng ya mpa ya yone! 17  E gagamatsa mogatla wa yone jaaka mosedara;Mesifa ya dirope tsa yone e logagane. 18  Marapo a yone ke ditšhupu tsa kopore;Maoto a yone a tshwana le dithobane tsa tshipi e e betlilweng. 19  Ke yone e e di gogang kwa pele* mo ditirong tsa Modimo;Modiri wa yone ke ene fela a ka e atamelang ka tšhaka ya gagwe. 20  Dithaba di e tlhogisetsa dijo,Kwa diphologolo tsotlhe tsa naga di tshamekelang gone. 21  E rapama ka fa tlase ga ditlhare tsa koma,Mo lefelong le le sireletsegileng la matlhaka a a mo seretseng. 22  Ditlhare tsa koma di e direla moriti,E bile ditlhare tsa modibonoka tsa mokgatšha* di e dikologile. 23  Fa noka e kgaphasela, ga e tshoge. Le fa metsi a Joredane+ a ntse a e gasa mo molomong, ga e boife. 24  A go na le mongwe yo o ka e tshwarang e ntse e lebile,Kgotsa yo o ka phunyang nko ya yone ka huku?*

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “nyenyefatsa.”
Seheb., “Bofa difatlhego tsa bone.”
Kgotsa “go akgola.”
Gongwe ke kubu.
Seheb., “Ke tshimologo.”
Kgotsa “molapo.”
Seheb., “serai; selaga.”