Jobe 41:1-34

  • Modimo o tlhalosa Lefiathane (1-34)

41  “A o ka tshwara Lefiathane*+ ka huku ya ditlhapiKgotsa wa bofa loleme lwa yone ka mogala?   A o ka tsenya mogala* mo marobeng a dinko tsa yoneKgotsa wa phunya ditlhaa tsa yone ka huku?*   A e ka go kopa gantsintsi,Kgotsa a e ka bua le wena ka bonolo?   A e ka dira kgolagano le wena,Gore o e dire motlhanka wa gago botshelo jotlhe?   A o ka tshameka le yone jaaka o ne o ka tshameka le nonyaneKgotsa wa e golega ka kgole o e bofela basetsanyana ba gago?   A barekisi ba ka kgona go e rekisa? A ba ka e kgaoganyetsa bagwebi?   A o ka tlatsa letlalo la yone ka marumo a ditlhapi+Kgotsa wa tlatsa tlhogo ya yone ka digai* tsa ditlhapi?   Baya seatla sa gago fela mo go yone,Ga o kitla o lebala fa e ne e go tlhasela mme ga o kitla o tlhola o go dira gape!   Tsholofelo epe fela ya go e laola ke lefela. Fa o e bona o tla aparelwa ke letshogo.* 10  Ga go na ope yo o ka lekang go e rumola. Ka jalo, tota ke mang yo o ka emelanang le nna?+ 11  A go na le mongwe yo o mphileng sengwe mo e leng gore ke tshwanelwa ke go mo duela?+ Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng ke sa me.+ 12  Ga nkitla ke didimala fela ke sa bue ka maoto a yone,E bile ga nkitla ke didimala fela ke sa bue ka maatla a yone le mmele wa yone o o bopegileng bontle. 13  Ke mang yo o tlositseng seaparo sa yone sa ka fa ntle? Ke mang yo o ka tsenang mo ditlhaeng tsa yone tse di bulegileng? 14  Ke mang yo o ka lekang go bula dikgoro tsa molomo* wa yone? Meno a yone otlhe a a tshosa. 15  Mokwatla wa yone o na le mela ya makape*A a kitlaneng thata. 16  Lengwe le lengwe la one le kitlane thata le le lengwe,Mo e leng gore le moya o ka se kgone go tsena fa gare ga one. 17  A ngaparelane;A tshwaragane mme a ka se kgaoganngwe. 18  Fa e budula moya ka dinko go tswa lesedi,Mme matlho a yone a tshwana le marang a bosa. 19  Mo molomong wa yone go tswa dikgadima tse di benyang;Go betsega ditlhase tsa molelo. 20  Mosi o tswa ka maroba a dinko tsa yone,Jaaka molelo o mogolo o o tlhoseditsweng ka bojang. 21  Mohemo wa yone o tshuba magala,E bile kgabo ya molelo e tswa mo molomong wa yone. 22  Molala wa yone o na le nonofo e kgolo,Mme botlhe ba ba kopanang le yone ba tla aparelwa ke letshogo. 23  Memeno ya nama ya yone e bopagane thata;E nonofile jaaka e kete e dirilwe ka tshipi e bile ga e sute. 24  Pelo ya yone e thata jaaka leje,Ruri e thata jaaka leje le legolo.* 25  Fa e ema, tota le batho ba ba maatla ba a tshoga;Fa e tlhasela ba tsenwa ke tsebetsebe. 26  Ga go na tšhaka epe e e ka e gobatsang;Le fa e le lerumo, motswi kgotsa sebetsa sepe fela.+ 27  E tsaya tshipi e le lotlhaka,Kopore e le logong lo lo bodileng. 28  Motswi ga o dire gore e tshabe;Maje a motsekedi a fetoga lotlhaka fela mo go yone. 29  E tsaya molamu e le lotlhaka fela,E bile e tshega modumo wa lerumo le le konopiwang. 30  Ka fa tlase, e tshwana le dikapetla tse di bogale tsa sejana sa letsopa;E namalala mo seretseng jaaka selei sa go photha.+ 31  E dira gore letšha le bele fela jaaka pitsa;E fudua lewatle jaaka pitsa ya setlôlô. 32  Fa e fetile go nna le tselana e e phatsimang. Motho a ka akanya gore letšha le na le moriri o mosweu. 33  Ga go na sepe se se tshwanang le yone mo lefatsheng,Sebopiwa se se sa tshabeng sepe. 34  E dilola sengwe le sengwe se se mabela. Ke kgosi e e okametseng dibatana tsotlhe tse dikgolo.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Gongwe ke kwena.
Seheb., “mokhasi,” go tewa semela se se golang mo mafelong a a loraga se se dirisiwang go dira megala.
Seheb., “mmitlwa.”
Kgotsa “marumo a a konopiwang.”
Kgotsa “o tla pirigana fa fatshe.”
Seheb., “sefatlhego.”
Kgotsa gongwe “Mabela a yone ke mela ya makape a yone.”
Kgotsa “lelwala.”