Jobe 5:1-27

  • Elifase o tswelela a bua (1-27)

    • “Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone” (13)

    • ‘Jobe ga a tshwanela go gana kotlhao ya Modimo’ (17)

5  “Tsweetswee, bitsa! A go na le mongwe yo o go arabang? O tla retologela kwa moengeleng ofe?   Gonne seeleele se tla bolawa ke go galefa,Mme yo o tsietsegang motlhofo o tla bolawa ke lefufa.   Ke bone seeleele se mela medi,Mme ka tshoganyetso lefelo le se nnang mo go lone le a hutsiwa.   Bomorwawe ba kgakala le polokesego,Mme ba a gatakwa kwa kgorong ya motse,+ go se na ope yo o ba gololang.   Yo o tshwerweng ke tlala o ja se motho yoo a se robileng;E bile o se ntsha le mo gare ga mmitlwa,Mme dithoto tsa bone di a tsewa.   Gonne dilo tse di utlwisang botlhoko ga di tlhoge mo loroleng,Le matshwenyego ga a mele mo mmung.   Gonne motho o tsaletswe matshwenyego,Fela jaaka ditlhase di fofela kwa godimo.   Le fa go ntse jalo, ke tla ikuela kwa Modimong,E bile ke tla isa kgetsi ya me kwa Modimong,   Kwa go Ene yo o dirang dilo tse dikgolo le tse go se nang ope yo o ka di tlhaloganyang,Dilo tse di gakgamatsang tse di se nang palo. 10  O nesa pula mo lefatshengE bile o romela metsi mo masimong. 11  O tsholeletsa ba maemo a a kwa tlase kwa godimo,E bile o boloka yo o hutsafetseng. 12  O kgoreletsa maano a ba ba botlhajana,Gore tiro ya diatla tsa bone e se ka ya atlega. 13  Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone,+Gore boikaelelo jwa ba ba botlhale bo kgoreletsege. 14  Ba kopana le lefifi go le motshegare,E bile ba apaapa go le sethoboloko jaaka e kete go ne go le bosigo. 15  O golola mo tšhakeng e e tswang mo molomong wa bone,A golola ba ba humanegileng mo seatleng sa ba ba nonofileng, 16  Gore motho wa maemo a a kwa tlase a nne le tsholofelo,Mme molomo o o buang se se sa siamang o tswetswe. 17  Go itumela motho yo Modimo a mo kgalemelang;Ka jalo, o se ka wa gana kotlhao ya Mothatayotlhe! 18  Gonne o baka kutlobotlhoko, mme gone o hapa ntho;O gagoganya ka bogare, mme gone o fodisa ka diatla tsa gagwe. 19  O tla go golola mo matshwenyegong a le marataro,Tota le matshwenyego a bosupa ga a na go go utlwisa botlhoko. 20  Ka nako ya leuba, o tla go golola mo losong,Le mo maatleng a tšhaka ka nako ya ntwa. 21  O tla sirelediwa gore o se ka wa utlwa molomo o o buang dilo tse di bosula,+Mme ga o kitla o boifa masetlapelo fa a tla. 22  Ka nako ya tshenyego le tlala o tla tshega,E bile ga o kitla o boifa dibatana tsa lefatshe. 23  Gonne maje a naga ga a kitla a go utlwisa botlhoko,*Le dibatana di tla tshela le wena ka kagiso. 24  O tla itse gore tente ya gago e sireletsegile,*Mme ga go na sepe se se tla bong se tlhaela fa o sekaseka mafulo a gago. 25  O tla itumelela go nna le bana ba bantsiE bile ditlogolwana tsa gago di tla nna dintsi jaaka dimela tsa lefatshe. 26  O tla bo o sa ntse o nonofile fa o ya kwa lebitleng,O tshwana le dingata tsa dijo tsa ditlhaka tse di phuthilweng ka paka ya tsone. 27  Re dirile dipatlisiso ka seno, mme se ntse jalo. Reetsa mme o se amogele.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a tla nna mo kgolaganong (tumalanong) le wena.”
Seheb., “e mo kagisong.”