Joele 1:1-20

  • Tsie e ja sengwe le sengwe (1-14)

  • “Letsatsi la ga Jehofa le gaufi” (15-20)

    • Moporofeti o goela kwa go Jehofa (19, 20)

1  Leno ke lefoko la ga Jehofa le le neng la tla mo go Joele* morwa Pethuele:   “Utlwang seno, lona bagolwane,Mme lo tlhwaye tsebe, lona batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng. A go kile ga direga selo se se tshwanang le seno mo malatsing a lona,Kgotsa mo malatsing a borraalonamogolo?+   Se boleleleng bomorwaalona,Mme a bomorwaalona ba se bolelele bomorwaabone,Le bomorwaabone ba se bolelele kokomana e e latelang.   Se se sadisitsweng ke tsie e e jang sengwe le sengwe, se jelwe ke lesogodi la tsie;+Mme se se sadisitsweng ke lesogodi la tsie, se jelwe ke tsie e e se nang diphuka;E bile se se sadisitsweng ke tsie e e se nang diphuka, se jelwe ke tsie e e senyang.+   Tsogang lona matagwa,+ mme lo lele! Bokolelang, lona lotlhe ba lo nwang beine,Ka gonne beine e e botshe e tlositswe mo melomong ya lona.+   Gonne setšhaba se se maatla le se se se nang palo, se tlile mo lefatsheng la me.+ Meno a sone a tshwana le a tau,+ le ditlhaa tsa sone di tshwana le tsa tau.   Se sentse morara* wa me sa bo sa dira gore setlhare sa me sa mofeige e nne sesana,Se di ntshitse makwati, se di tlhotlhorile tsotlhe fela,Sa bo sa tlogela dikalana tsa tsone di le ditshweu.   Bokolelang jaaka kgarebane* e e apereng letsela la kgetsiE e hutsafaletseng loso lwa monna yo a neng a tlile go e nyala.*   Setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ le setlhabelo sa senô+ ga di tlhole di le teng mo ntlong ya ga Jehofa;Baperesiti, e leng badiredi ba ga Jehofa, ba mo khutsafalong. 10  Tshimo e kgakgabetse, mmu o hutsafetse;+Gonne dijo tsa ditlhaka di sentswe, beine e ntšha e kgadile, leokwane le fedile.+ 11  Balemi ba kotlomane pelo, batho ba ba berekang mo masimong a morara ba a bokolelaKa ntlha ya korong le barele;*Ka gonne thobo e nyeletse mo tshimong. 12  Morara o omeletse,Setlhare sa mofeige se swabile. Setlhare sa garanata, sa mokolane le sa diapole,Ditlhare tsotlhe tsa tshimo di omeletse;+Gonne boitumelo bo fetogile matlhabisaditlhong mo bathong. 13  Aparang letsela la kgetsi* mme lo hutsafale,* lona baperesiti;Bokolelang, lona ba lo direlang mo sebesong.+ Tsenang mme lo lale mo letseleng la kgetsi, lona ba lo direlang Modimo wa me;Gonne setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka+ le setlhabelo sa senô+ ga di tlhole di tlisiwa mo ntlong ya Modimo wa lona. 14  Laelang* batho gore ba itime dijo; itsiseng gore go na le kopano e e kgethegileng.+ Phuthelang bagolwane le batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng leno,Kwa ntlong ya ga Jehofa, Modimo wa lona,+ mme lo goele kwa go Jehofa lo kope thuso. 15  A letsatsi la masetlapelo ruri! Letsatsi la ga Jehofa le gaufi,+Mme le tla tlisa tshenyo e e tswang kwa go Mothatayotlhe! 16  A dijo ga di a tlosiwa fa pele ga rona re ntse re lebile,E bile a boitumelo le boipelo ga di a tlosiwa mo ntlong ya Modimo wa rona? 17  Dipeo* di swabetse ka fa tlase ga digarawe tsa bone. Mabolokelo a kgakgabetse. Difalana* di rutlolotswe, ka gonne dijo tsa ditlhaka di omeletse. 18  Tota le diruiwa di utlwile botlhoko! Metlhape ya dikgomo e kgarakgatshega e tlhakane tlhogo ka gonne ga e na mafulo! E bile matsomane a dinku a a boga ka ntlha ya kotlhao eo. 19  Jehofa, ke tla biletsa kwa go wena;+Gonne molelo o laitse mafulo kwa nageng,Le ditlhare tsotlhe tsa naga di jelwe ke kgabo ya molelo. 20  Tota le diphologolo tsa naga di go tlhologeletswe,Ka gonne melatswana ya metsi e kgadileE bile molelo o laitse mafulo kwa nageng.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Jehofa ke Modimo.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “lekgarebe; morweetsana.”
Seheb., “monna wa bosha jwa yone.”
Semela se se tshwanang le korong.
Seheb., “Ikgatlheng.”
Kgotsa “lo ititeye dihuba.”
Seheb., “Itshepiseng.”
Kgotsa gongwe “Difeige tse di omisitsweng.”
Kgotsa “Mabolokelo.”