Joele 2:1-32

  • Letsatsi la ga Jehofa le mophato wa gagwe o mogolo (1-11)

  • Ba kgothalediwa go boela kwa go Jehofa (12-17)

    • “Gagoganyang dipelo tsa lona” (13)

  • Jehofa o araba batho ba gagwe (18-32)

    • ‘Ke tla tsholola moya wa me’ (28)

    • Dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng (30)

    • Ba ba bitsang leina la ga Jehofa ba tla bolokwa (32)

2  “Letsang lonaka mo Siona!+ Tlhabang mokgosi wa ntwa mo thabeng ya me e e boitshepo. A batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ba rorome,Ka gonne letsatsi la ga Jehofa le etla!+ Le gaufi!   Ke letsatsi la lefifi le la letobo,+Letsatsi la maru le la letobo le lentshontsho,+Le tshwana le lesedi la bosa le anama mo dithabeng. Go na le setšhaba sa batho ba bantsintsi ba ba maatla;+Ga go ise go ke go nne le setšhaba sepe se se tshwanang le sone,E bile ga go kitla go nna le se sengwe gapeGo ralala dingwaga mo dikokomaneng tsotlhe.   Kwa pele ga sone molelo o a laila,Mme kwa morago ga sone kgabo ya molelo e a ja.+ Lefatshe le le kwa pele ga sone le tshwana le tshingwana ya Edene,+Le fa go ntse jalo, kwa morago ga sone ke naga e e kgakgabetseng,E bile ga go na sepe se se kgonang go falola.   Batho bano ba tshwana le dipitse,E bile ba taboga jaaka dipitse tsa ntwa.+   Modumo wa bone o utlwala jaaka wa dikara fa ba ntse ba tlola kwa godimo ga dithaba,+O utlwala jaaka modumo wa molelo o o babolang o o lailang lotlhaka. Ba tshwana le setšhaba se se maatla se se tlhomaganeng go ya ka thulaganyo ya tlhabano.+   Ditšhaba di tla roroma ka ntlha ya bone. Difatlhego tsotlhe di tla aparelwa ke poifo.   Ba tlhasela jaaka batlhabani,Ba palama lobota jaaka masole,Mongwe le mongwe o tsamaya ka tsela ya gagwe,E bile ga ba fapoge mo ditselaneng tsa bone.   Ga ba kgorometsane;Mongwe le mongwe o tswelela a tsamaya mo tseleng ya gagwe. Fa bangwe ba wa ba bolawa ke dibetsa,*Ba bangwe ga ba phatlalale.   Ba itatlhela* mo motseng, ba taboga mo loboteng. Ba palama mo godimo ga matlo, ba tsena ka difensetere jaaka legodu. 10  Lefatshe le roroma fa pele ga bone e bile magodimo a a reketla. Letsatsi le ngwedi di fifetse,+Dinaledi le tsone ga di tlhole di phatsima. 11  Jehofa o tla tsholetsa lentswe la gagwe fa pele ga masole a gagwe,+ ka gonne masole a gagwe a mantsi thata.+ Gonne yo o diragatsang lefoko la Modimo o maatla;Gonne letsatsi la ga Jehofa le legolo e bile le a boitshega.+ Ke mang yo o ka le itshokelang?”+ 12  Jehofa a re, “Tota le gone jaanong boelang mo go nna ka dipelo tsa lona tsotlhe,+Lo itime dijo,+ lo lele lo bo lo bokolele. 13  Gagoganyang dipelo tsa lona,+ e seng diaparo tsa lona,+Mme lo boele kwa go Jehofa, Modimo wa lona,Ka gonne o pelotlhomogi* e bile o kutlwelobotlhoko, ga a galefe ka bonako+ e bile o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng,+Mme o tla fetola mogopolo* mme ga a kitla a lo tlisetsa masetlapelo ao. 14  Ke mang yo o itseng gore a o tla fetola mogopolo,*+A bo a lo segofatsaGore lo kgone go ntshetsa Jehofa, Modimo wa lona setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka le setlhabelo sa senô? 15  Letsang lonaka mo Siona! Laelang* batho gore ba itime dijo; itsiseng gore go na le kopano e e kgethegileng.+ 16  Phuthang batho; dirang gore phuthego e nne boitshepo.+ Kokoanyang bannabagolo;* phuthang bana le masea a a anyang.+ A monyadi a tswe mo phaposing ya gagwe e e kwa teng, le monyadiwa a tswe mo ntlwaneng ya gagwe ya lenyalo. 17  A baperesiti, e leng badiredi ba ga Jehofa,Ba eme fa gare ga mathudi le sebeso+ mme ba lele ba re: ‘Ao tlhe Jehofa, utlwela batho ba gago botlhoko;O se ka wa dira gore boswa jwa gago e nne selo se se sotliwang,Wa letla gore ditšhaba di ba laole. Ke ka ntlha yang fa ditšhaba di tshwanetse gore, “Modimo wa bone o kae?”’+ 18  Foo Jehofa o tla sireletsa lefatshe la gagwe ka tlhagafaloA bo a tlhomogela batho ba gagwe pelo.+ 19  Jehofa o tla araba batho ba gagwe jaana: ‘Jaanong ke lo romelela dijo tsa ditlhaka le beine e ntšha le leokwane,Mme lo tla kgotsofala;+Ga nkitla ke tlhola ke dira gore ditšhaba di lo kgobe.+ 20  Ke tla lelekela motho wa bokone kgakala le lona;Ke tla mo phatlalaletsa kwa lefatsheng le le omeletseng le le le kgakgabetseng,Masole a gagwe a a sireletsang kwa pele ke tla a phatlalaletsa kwa ntlheng ya lewatle la botlhaba*Mme masole a gagwe a a sireletsang kwa morago ke tla a phatlalaletsa kwa ntlheng ya lewatle la bophirima.* Monko o o bosula o o tswang mo go ene o tla tlhatloga,Sebodu se se tswang mo go ene se tla tswelela se tlhatloga;+Gonne Modimo o tla dira dilo tse dikgolo.’ 21  O se ka wa boifa, wena lefatshe. Ipele o bo o itumele, ka gonne Jehofa o tla dira dilo tse dikgolo. 22  Lo se ka lwa boifa, lona diphologolo tsa naga,Gonne mafulo a naga a tla nna matala,+E bile ditlhare di tla ntsha maungo;+Setlhare sa mofeige le sa morara* di tla ungwa thata.+ 23  Lona bomorwa Siona, ipeleng lo bo lo itumele ka ntlha ya ga Jehofa, Modimo wa lona;+Ka gonne o tla lo nesetsa pula ya letlhabula ka selekanyo se se siameng,E bile o tla lo nesetsa pula e ntsi,Pula ya letlhabula le pula ya dikgakologo, fela jaaka a ne a dira pele.+ 24  Diboana di tla tlala dijo tsa ditlhaka,Mme digatisetso di tla penologa beine e ntšha le leokwane.+ 25  Mme ke tla lo busetsa dilo tse di neng tsa senyega mo dingwagengTsa fa lesogodi la tsie, tsie e e se nang diphuka, tsie e e senyang le tsie e e jang sengwe le sengwe di ne di tlhasela,E leng mophato wa me o mogolo o ke neng ke o rometse mo go lona.+ 26  Ruri lo tla ja gore lo bo lo kgotsofale,+Mme lo tla baka leina la ga Jehofa, Modimo wa lona,+Yo o lo diretseng dilo tse di gakgamatsang;Batho ba me ga ba kitla ba tlhola ba tlhabisiwa ditlhong gape.+ 27  Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke mo gare ga Iseraele,+Le gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona,+ ga go na ope o sele. Batho ba me ga ba kitla ba tlhola ba tlhabisiwa ditlhong gape. 28  Morago ga moo, ke tla tshololela moya wa me mo bathong ba* mofuta mongwe le mongwe,+Mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta,Bannabagolo ba lona ba tla lora ditoro,Le makawana a lona a tla bona diponatshegelo.+ 29  Tota e bile mo malatsing ao ke tla tshololela moya wa meLe mo batlhankeng ba me le mo malateng a me. 30  Mme ke tla dira dikgakgamatso kwa magodimong le mo lefatsheng,Madi le molelo le mosi o montsintsi o o tlhatlogang.+ 31  Pele ga letsatsi le legolo le le boitshegang la ga Jehofa le tla,+Letsatsi le tla fetoga lefifi, mme ngwedi e tla fetoga madi.+ 32  Mme mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa;+Gonne kwa Thabeng ya Siona le kwa Jerusalema go tla nna le ba ba falolang,+ fela jaaka Jehofa a boletse,E leng bafalodi ba Jehofa a ba bitsang.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “dimmisaele.”
Kgotsa “gatlhamela.”
Kgotsa “pelontle.”
Kgotsa “o tla ikwatlhaya.”
Kgotsa “o tla ikwatlhaya.”
Seheb., “Itshepiseng.”
Kgotsa “bagolwane.”
Go tewa Lewatle le le Suleng.
Go tewa Lewatle la Mediterranean.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “mo nameng ya.”