Joele 3:1-21

  • Jehofa o atlhola ditšhaba tsotlhe (1-17)

    • Mokgatšha wa Jehoshafate (2, 12)

    • Mokgatšha wa katlholo (14)

    • Jehofa, kago ya phemelo ya Iseraele (16)

  • Jehofa o segofatsa batho ba gagwe (18-21)

3  “Gonne mo malatsing ao le mo nakong eo,Fa ke tla bo ke busa batho ba Juda le ba Jerusalema ba ba isitsweng botshwarwa,+   Gape ke tla phutha ditšhaba tsotlheKe bo ke di folosetsa kwa Mokgatšheng* wa Jehoshafate.* Ke tla di sekisa teng koo+Ka ntlha ya batho ba me le boswa jwa me, e leng Iseraele,Gonne di ne tsa ba gasamisetsa mo ditšhabeng,Mme di ne tsa ikgaoganyetsa lefatshe la me.+   Ba ne ba dirisa bola go kgaoganya batho ba me;+Ba ne ba tle ba rekise ngwana wa mosimane gore ba thape seaka,E bile ba ne ba tle ba rekise ngwana wa mosetsana gore ba nne le beine e ba tla e nwang.   Mme gone, tota lo lwela eng le nna,Wena Ture le Sidona le dikgaolo tsotlhe tsa Filisitia? A go na le sengwe se se dirang gore lo ipusolosetse? Fa e le gore lo a ipusolosetsa,Ke tla busetsa pusoloso eo mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.+   E re ka lo tsere selefera le gauta ya me,+Mme lo tlisitse matlotlo a me a a tlhwatlhwakgolo mo ditempeleng tsa lona;   E bile lo tsere batho ba Juda le ba Jerusalema lwa ba rekisetsa Bagerika,+E le gore lo ba katosetse kgakala le naga ya bone;   Jaanong ke dira gore ba tswe kwa lefelong le lo ba rekiseditseng kwa go lone,+Ke tla busetsa pusoloso ya lona mo ditlhogong tsa lona.   Ke tla tsenya bomorwaalona le bomorwadialona mo seatleng sa batho ba Juda,+Mme ba tla ba rekisetsa banna ba kwa Sheba, e leng setšhaba se se kwa kgakala;Gonne Jehofa ka boene o buile seno.   Itsiseng seno mo ditšhabeng:+ ‘Ipaakanyetseng* ntwa! Kurusang banna ba ba maatla! A masole otlhe a atamele, a ba ye go tlhasela!+ 10  Fetolang magale a megoma ya lona gore e nne ditšhaka le dikere tsa lona tse di pomang gore e nne marumo. A yo o bokoa a re: “Ke maatla.” 11  Tlang mme lo thuse, lona lotlhe ditšhaba tse di mo tikologong, phuthegang mmogo!’”+ Folosetsa batho ba gago ba ba maatla* kwa lefelong leo, tlhe Jehofa. 12  “A ditšhaba di kurusiwe mme di tle kwa Mokgatšheng* wa Jehoshafate;Gonne ke tla nna koo gore ke atlhole ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong.+ 13  Robang ka gonne e setse e le nako ya thobo. Tlang mme lo gatake, ka gonne segatisetso sa beine se tletse.+ Dinkgo di a penologa, ka gonne bosula jwa ditšhaba tseo bo bogolo. 14  Boidiidi, boidiidi bo kwa mokgatšheng* wa katlholo,Gonne letsatsi le Jehofa a tla atlholelang batho koo ka lone le gaufi.+ 15  Letsatsi le ngwedi di tla fifala,E bile dinaledi ga di kitla di phatsima. 16  Jehofa o tla kurutla a le kwa Siona,O tla tlhatlosa lentswe la gagwe a le kwa Jerusalema. Mme legodimo le lefatshe di tla reketla;Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla nna botshabelo jwa batho ba gagwe,+Kago ya phemelo ya batho ba Iseraele. 17  Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa, Modimo wa lona, yo o nnang mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.+ Jerusalema o tla nna lefelo le le boitshepo,+E bile batswakwa ga ba kitla ba tlhola ba mo ralala.+ 18  Mo letsatsing leo, dithaba di tla rotha beine e e botshe,+Dithota di tla elela mashi,E bile melatswana yotlhe ya Juda e tla elela metsi. Motswedi o tla elela o tswa kwa ntlong ya ga Jehofa,+Mme o tla nosetsa Mokgatšha* wa Ditlhare Tsa Mokala. 19  Le fa go ntse jalo, Egepeto e tla kgakgabala,+Le Edoma e tla nna naga e e kgakgabetseng,+Ka ntlha ya tshiamololo e ba e diretseng batho ba Juda,+Ka go tsholola madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.+ 20  Mme go tla nna go na le batho ba ba nnang mo Juda,Jerusalema le yone e tla nniwa kokomana morago ga kokomana.+ 21  Ke tla ba tsaya ba se na molato,* le fa gone ke ne ke ba tsaya ba le molato;+Mme nna Jehofa, ke tla nna mo Siona.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Mo go kayang “Jehofa ke Moatlhodi.”
Seheb., “Itshepiseng.”
Kgotsa “batlhabani ba gago.”
Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Kgotsa “kwa lebaleng le le kwa tlase.”
Kgotsa “Molapo.”
Seheb., “Ke tla tsaya madi a bone a se na molato.”