Jona 1:1-17

  • Jona o leka go tshabela kgakala le Jehofa (1-3)

  • Jehofa o dira gore go nne le setsuatsue (4-6)

  • Jona ke ene a bakileng mathata (7-13)

  • Jona o latlhelwa mo lewatleng le le fuduegileng (14-16)

  • Tlhapi e kgolo e kometsa Jona (17)

1  Jehofa o ne a raya Jona*+ morwa Amitai a re:  “Ya kwa Ninife+ motse o mogolo, mme o bolelele batho ba teng gore ke bone bosula jwa bone.”  Mme Jona o ne a leka go tshabela kgakala le Jehofa ka go ya kwa Tareshishe; o ne a ya kwa Jopa a bo a fitlhela sekepe se se yang kwa Tareshishe. Ka jalo, o ne a duela madi a loeto mme a se palama gore a ye kwa Tareshishe le batho ba ba neng ba le mo sekepeng gore a tshabele kgakala le Jehofa.  Foo Jehofa o ne a romela phefo e e maatla kwa lewatleng mme ga nna setsuatsue mo lewatleng mo sekepe se neng se tloga se thubega.  Batsamaisi ba sekepe ba ne ba tshogile thata mo mongwe le mongwe wa bone a neng a goela kwa modimong wa gagwe a kopa thuso. Ba ne ba simolola go latlhela merwalo e e mo sekepeng mo lewatleng gore se nne motlhofo.+ Mme Jona o ne a le kwa karolong e e kwa teng ya sekepe* a robetse.  Molaodi wa sekepe o ne a ya kwa go ene mme a mo raya a re: “O robaletse eng? Tsoga, o goele kwa modimong wa gago! Gongwe Modimo wa boammaaruri o tla re utlwela botlhoko, mme ga re kitla re nyelela.”+  Ba ne ba raana ba re: “Tlang, a re latlheleng bola,+ gore re tle re itse gore re tletswe ke masetlapelo ano ka ntlha ya ga mang.” Ka jalo, ba ne ba latlhela bola mme bola jwa supa Jona.+  Ba ne ba mo raya ba re: “Tsweetswee, a ko o re bolelele, ke molato wa ga mang go bo masetlapelo ano a re wetse? Tiro ya gago ke eng, mme o tswa kae? O tswa kwa nageng efe, le gone o tswa mo setšhabeng sefe?”  O ne a ba araba a re: “Ke Mohebera, mme ke boifa* Jehofa Modimo wa magodimo, ene yo o dirileng lewatle le lefatshe.” 10  Fa banna bano ba utlwa seno ba ne ba boifa le go feta ka gonne o ne a setse a ba boleletse gore o ne a tshabela Jehofa. Foo ba ne ba mmotsa jaana: “O dirile eng?” 11  Mme lewatle le ne le ntse le fuduegela pele, ka jalo ba ne ba mo raya ba re: “Re dire eng ka wena gore lewatle le didimale?” 12  O ne a ba raya a re: “Ntsholetsang lo ntatlhele mo lewatleng, mme lewatle le tla didimala; ka gonne ke a itse gore lo tletswe ke setsuatsue seno ka ntlha ya me.” 13  Le fa go ntse jalo, banna bano ba ne ba leka go ntsha sekepe mo setsuatsueng gore ba se ise kwa lotshitshing, mme ba ne ba sa kgone ka gonne lewatle le ne le fuduegela pele. 14  Ba ne ba goela kwa go Jehofa mme ba re: “Ao tlhe Jehofa, tsweetswee, o se ka wa re nyeletsa ka ntlha ya monna yono! O se ka wa re bona molato ka ntlha ya loso lwa motho yo o se nang molato, ka gonne wena Jehofa o dirile se se go itumedisang.” 15  Go tswa foo, ba ne ba tsholetsa Jona mme ba mo latlhela mo lewatleng; mme lewatle la sisibala. 16  Mme banna bano ba ne ba boifa Jehofa fela thata,+ ka jalo ba ne ba isetsa Jehofa setlhabelo ba bo ba dira maikano. 17  Jaanong Jehofa o ne a romela tlhapi e kgolo gore e kometse Jona, mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Leeba.”
Kgotsa “kwa boalong jo bo kwa tlase jwa sekepe.”
Kgotsa “obamela.”