Jona 2:1-10

  • Thapelo ya ga Jona a le mo teng ga tlhapi (1-9)

  • Tlhapi e tlhatsetsa Jona mo lefatsheng (10)

2  Go tswa foo, Jona o ne a rapela Jehofa Modimo wa gagwe a le mo mpeng ya tlhapi,+  mme a re: “Ke ne ka rapela Jehofa ke le mo matshwenyegong, mme a nkaraba.+ Ke ne ka goa ke le mo teng ga* Lebitla* ke kopa thuso.+ O ne wa utlwa lentswe la me.   E rile o ntatlhela mo tengteng ga lewatle,Foo metsi a ne a nkhurumetsa.+ Makhubu a gago a a maatla a ne a feta mo godimo ga me.+   Ke ne ka re, ‘O nteleketse kgakala le wena!’ Ke tla bona tempele ya gago e e boitshepo jang gape?’   Metsi a ne a nkhurumetsa a bo a tsenya botshelo jwa me mo kotsing;+Metsi a a kwa tengteng a ne a mphekeetsa. Mefero e ne e ithatheletse mo tlhogong ya me.   Ke ne ka nwela kwa tlase kwa metheong ya dithaba. Dikgoro tsa lefatshe di ne di ntswaletse ka bosakhutleng. Mme o ne wa ntsha botshelo jwa me mo mosimeng o o boteng, wena Jehofa Modimo wa me.+   Fa ke ne ke tloga ke swa, ke ne ka go gopola Jehofa.+ Foo o ne wa utlwa thapelo ya me mo tempeleng ya gago e e boitshepo.+   Ba ba obamelang medingwana e e se nang mosola ba latlhile yo o ba ratang ka lorato lo lo sa kgaotseng.*   Mme nna, ke tla go ntshetsa setlhabelo ka go go leboga ka lentswe la me. Ke tla diragatsa maikano a me.+ Poloko e tswa kwa go Jehofa.”+ 10  Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a laela tlhapi gore e tlhatsetse Jona mo lefatsheng, mme e ne ya dira jalo.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “mo mpeng ya.”
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa gongwe “ga ba tlhole ba ikanyega.”