Joshua 10:1-43

  • Baiseraele ba femela Bagibeone (1-7)

  • Jehofa o lwela Baiseraele (8-15)

    • Baba ba ba tshabang ba bolawa ke sefako (11)

    • Letsatsi le ema le sa tshikinyege (12-14)

  • Dikgosi tse tlhano tse di tlhaselang di a bolawa (16-28)

  • Metse e e kwa borwa e a gapiwa (29-43)

10  Fela fa Adoni-sedeke kgosi ya Jerusalema a utlwa gore Joshua o ne a gapile Ai e bile a e sentse, o dirile Ai le kgosi ya teng+ fela jaaka a ne a dirile ka Jeriko le kgosi ya teng,+ le gore banni ba Gibeone ba ne ba dirile kagiso le Baiseraele+ e bile ba ne ba ikopantse le bone,  o ne a tshoga fela thata,+ ka gonne Gibeone e ne e le motse o mogolo, jaaka motse mongwe wa metse ya segosi. O ne o le mogolo go feta Ai+ e bile banna botlhe ba one e ne e le batlhabani.  Ka jalo, Adoni-sedeke kgosi ya Jerusalema o ne a romela molaetsa ono kwa go Hohame kgosi ya Heberone,+ Pirame kgosi ya Jaremuthe, Jafia kgosi ya Lakishe le Debire kgosi ya Egelone:+  “Tlang kwa go nna lo nthuse mme re tlhasele Gibeone, ka gonne e dirile kagiso le Joshua le Baiseraele.”+  Foo dikgosi tse tlhano tsa Baamore,+ e leng kgosi ya Jerusalema, kgosi ya Heberone, kgosi ya Jaremuthe, kgosi ya Lakishe le kgosi ya Egelone, di ne tsa phuthega mmogo le masole a tsone, mme ba ne ba gwanta gore ba ye go lwa le Gibeone.  Foo banna ba Gibeone ba ne ba romela molaetsa kwa go Joshua kwa kampeng kwa Gilegala+ ba re: “O se ka wa re latlha* rona batlhanka ba gago.+ Itlhaganele! Re namole o bo o re thuse! Dikgosi tsotlhe tsa Baamore tse di tswang kwa kgaolong e e dithaba di phuthegile gore di lwe le rona.”  Ka jalo, Joshua o ne a tswa kwa Gilegala a na le banna ba ntwa le batlhabani ba ba maatla.+  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: “O se ka wa ba boifa+ ka gonne ke ba tsentse mo seatleng sa gago.+ Ga go na ope wa bone yo o tla kgonang go go fenya.”+  Joshua o ne a ba tlhasela ka tshoganyetso e re ka a ne a letse a tsamaya bosigo jotlhe go tswa kwa Gilegala. 10  Jehofa o ne a ba tlhakanya tlhogo fa pele ga Baiseraele,+ mme ba ne ba ba kgemetha kwa Gibeone, ba ba latelela ka tsela ya thotana ya Bethe-horona mme ba ne ba ba bolaya go ya go fitlha kwa Aseka le Makeda. 11  Fa ba ntse ba tshaba mme ba le mo mokgokoloseng wa Bethe-horona, Jehofa o ne a latlhela maje a magolo a sefako mo go bone go tswa kwa loaping go ya go fitlha kwa Aseka mme ba ne ba swa. Tota e bile, ba ba neng ba bolailwe ke sefako ba ne ba le bantsi go feta ba ba bolailweng ke tšhaka ya Baiseraele. 12  Ke mo letsatsing leo mo Jehofa a neng a fenya Baamore Baiseraele ba lebile, mo Joshua a neng a bua le Jehofa fa pele ga Baiseraele a re: “Letsatsi, ema o sa tshikhinyege+ mo godimo ga Gibeone,+Le ngwedi, mo godimo ga Mokgatšha* wa Aijalona!” 13  Ka jalo, letsatsi le ne la ema le sa tshikinyege, le ngwedi e ne ya ema e sa sute go fitlha setšhaba se ipusolosetsa mo babeng ba sone. A ga go a kwalwa jalo mo bukeng ya Jashare?+ Letsatsi le ne la ema mo loaping le sa tshikinyege mme la se ka la itlhaganelela go phirima mo e ka nnang letsatsi lotlhe. 14  Ga go ise go nne le letsatsi le le tshwanang le leo, le fa e le pele ga lone kgotsa morago ga lone, fa Jehofa a ne a reetsa lentswe la motho,+ ka gonne Jehofa o ne a tlhabanela Iseraele.+ 15  Morago ga moo, Joshua le Baiseraele botlhe ba ne ba boela kwa kampeng kwa Gilegala.+ 16  Ka nako eo, dikgosi tse tlhano di ne tsa tshaba mme tsa iphitlha mo logageng kwa Makeda.+ 17  Foo Joshua o ne a begelwa go twe: “Dikgosi tse tlhano di fitlhetswe di iphitlhile mo logageng kwa Makeda.”+ 18  Ka jalo, Joshua o ne a re: “Pitikololelang maje a magolo mo molomong wa logaga mme lo tlhome banna gore ba dise dikgosi tseno. 19  Mme lona ba bangwe lo se ka lwa ema fela. Lelekisang baba ba lona, mme lo ba kgemethe go tswa kwa morago.+ Lo se ka lwa ba letlelela go tsena mo metseng ya bone, ka gonne Jehofa, Modimo wa lona o ba tsentse mo diatleng tsa lona.” 20  Fa Joshua le Baiseraele ba sena go ba ganyaola, go fitlha ba ba nyeletsa, kwa ntle ga bafalodi bangwe ba ba neng ba tshaba mme ba tsena mo metseng e e sireletsegileng, 21  batho botlhe ba ne ba boela kwa go Joshua kwa kampeng kwa Makeda ba sireletsegile. Ga go na motho ope yo o neng a leka go bua lefoko lepe le le maswe* ka Baiseraele. 22  Go tswa foo, Joshua o ne a re: “Bulang molomo wa logaga mme lo ntshe dikgosi tseno tse tlhano mo logageng mme lo di tlise kwa go nna.” 23  Ka jalo, ba ne ba ntsha dikgosi tseno tse tlhano mo logageng mme ba di isa kwa go ene: kgosi ya Jerusalema, kgosi ya Heberone, kgosi ya Jaremuthe, kgosi ya Lakishe le kgosi ya Egelone.+ 24  E rile ba tlisa dikgosi tseno kwa go Joshua, o ne a bitsa banna botlhe ba Iseraele mme a raya balaodi ba banna ba ntwa ba ba neng ba tsamaile le ene a re: “Tlang kwano. Gatang dikgosi tseno ka dinao ka fa morago ga melala ya tsone.” Ka jalo, ba ne ba tla mme ba di gata ka dinao ka fa morago ga melala ya tsone.+ 25  Go tswa foo, Joshua o ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa boifa kgotsa lwa tshoga.+ Lo nne pelokgale lo bo lo nonofe, ka gonne seno ke se Jehofa a tla se dirang baba botlhe ba lona ba lo lwang le bone.”+ 26  Morago ga moo, Joshua o ne a ba kgemetha mme a ba bolaya a bo a ba pega mo dikoteng* tse tlhano, mme ba ne ba tswelela ba pegilwe mo dikoteng go fitlha maitseboa. 27  Fa letsatsi le phirima Joshua o ne a laela gore ba folosiwe mo dikoteng+ mme ba latlhelwe mo logageng mo ba neng ba iphitlhile gone. Morago ga moo, go ne ga bewa maje a magolo mo molomong wa logaga, mme go ntse jalo go fitlha mo letsatsing leno. 28  Joshua o ne a gapa Makeda+ mo letsatsing leo mme a e kgemetha ka tšhaka. O ne a senya kgosi ya yone le mongwe le mongwe yo o neng a le mo motseng oo, a se ka a letla gore go sale mofalodi ope.+ O ne a dira kgosi ya Makeda+ fela jaaka a ne a dirile kgosi ya Jeriko. 29  Go tswa foo, Joshua mmogo le Iseraele yotlhe ba ne ba tswa kwa Makeda ba ya kwa Libena mme ba ne ba tlhabana le Libena.+ 30  Le yone Jehofa o ne a e tsenya mo seatleng sa Iseraele mmogo le kgosi ya teng,+ mme ba ne ba e kgemetha ka tšhaka le mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone, ba se ka ba letla gore go sale mofalodi ope mo go yone. Ka jalo, ba ne ba dira kgosi ya teng fela jaaka ba ne ba dirile kgosi ya Jeriko.+ 31  Morago ga moo, Joshua le Baiseraele botlhe ba ne ba tswa kwa Libena ba ya kwa Lakishe+ mme ba kampa koo ba bo ba tlhabana le yone. 32  Jehofa o ne a tsenya Lakishe mo seatleng sa Iseraele mme ba ne ba e gapa mo letsatsing la bobedi. Ba ne ba e kgemetha ka tšhaka mmogo le mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone,+ fela jaaka ba ne ba dirile ka Libena. 33  Foo Horame kgosi ya Gesere+ o ne a ya go thusa Lakishe, mme Joshua o ne a mo kgemetha le batho ba gagwe go fitlha go se na mofalodi ope. 34  Morago ga moo, Joshua le Baiseraele botlhe ba ne ba tswa kwa Lakishe ba ya kwa Egelone+ mme ba ne ba kampa koo mme ba tlhabana le yone. 35  Ba ne ba e gapa mo letsatsing leo ba bo ba e kgemetha ka tšhaka. Ba ne ba senya mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone mo letsatsing leo, fela jaaka ba ne ba dirile ka Lakishe.+ 36  Go tswa foo, Joshua le Baiseraele botlhe ba ne ba tswa kwa Egelone ba ya kwa Heberone+ mme ba tlhabana le yone. 37  Ba ne ba e gapa mme ba e kgemetha ka tšhaka le kgosi ya yone, metse ya yone le mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone, ba se ka ba letla gore go sale mofalodi ope. O ne a e senya le mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone, fela jaaka a ne a dirile ka Egelone. 38  La bofelo Joshua le Baiseraele botlhe ba ne ba ya kwa Debire+ mme ba tlhabana le yone. 39  O ne a e gapa le kgosi ya teng le metse yotlhe ya teng, mme ba ne ba ba kgemetha ka tšhaka, ba senya mongwe le mongwe yo o neng a le mo go yone,+ ba se ka ba letla gore go sale mofalodi ope.+ O ne a dira Debire le kgosi ya teng fela jaaka a dirile ka Heberone le jaaka a dirile ka Libena le kgosi ya teng. 40  Joshua o ne a fenya lefatshe lotlhe: kgaolo e e dithaba le Negebe le Shefela+ le kgaolo e e mekgokolosa le dikgosi tsotlhe tsa teng, a se ka a letla gore go sale mofalodi ope; o ne a senya sengwe le sengwe se se hemang,+ fela jaaka Jehofa, Modimo wa Iseraele a ne a laetse.+ 41  Joshua o ne a ba fenya go tswa Kadeshe-barenea+ go ya kwa Gasa+ le lefatshe lotlhe la Goshene+ le go ya go fitlha kwa Gibeone.+ 42  Joshua o ne a gapa dikgosi tseno tsotlhe le lefatshe la tsone ka nako e le nngwe, ka gonne Jehofa, Modimo wa Iseraele ke ene yo o neng a tlhabanela Iseraele.+ 43  Go tswa foo, Joshua mmogo le Baiseraele botlhe ba ne ba boela kwa kampeng kwa Gilegala.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “wa tlosa letsogo la gago mo.”
Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
Seheb., “a lootsa loleme lwa gagwe.”
Kgotsa “mo ditlhareng.”