Joshua 12:1-24

  • Dikgosi tse di kwa botlhaba jwa Joredane di a fenngwa (1-6)

  • Dikgosi tse di kwa bophirima jwa Joredane di a fenngwa (7-24)

12  Jaanong tseno ke dikgosi tsa lefatshe leo tse Baiseraele ba neng ba di fenya, tse ba neng ba gapa lefatshe la tsone ka fa ntlheng ya botlhaba jwa Joredane, go simologa kwa Mokgatšheng wa Arenone*+ go ya go fitlha kwa Thabeng ya Heremone+ le Araba yotlhe go ela kwa botlhaba:+  Kgosi Sihone+ wa Baamore, yo o neng a nna kwa Heshebone mme a busa go simologa kwa Aroere,+ e e neng e le fa losing lwa Mokgatšha wa Arenone,*+ le go simologa mo gare ga mokgatšha, le halofo ya Gileade go ya go fitlha kwa Mokgatšheng* wa Jaboke, o e leng molelwane wa Baamone.  Gape o ne a busa mo Araba go ya go fitlha kwa Lewatleng la Kinerethe*+ go ela kwa botlhaba le go ya go fitlha kwa Lewatleng la Araba, e leng Lewatle la Letswai,* go ya kwa botlhaba go ela ntlheng ya Bethe-jeshimothe, le go ela kwa borwa fa tlase ga mekgokolosa ya Pisega.+  Gape ba ne ba gapa le karolo ya ga Kgosi Oge+ wa kwa Bashana, yo e neng e le mongwe wa Barefaime+ ba ba neng ba setse mme a nna kwa Ashetarothe le Ederei  e bile a busa mo Thabeng ya Heremone, mo Saleka le mo Bashana+ yotlhe, go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Bageshure le Bamaakathe,+ le halofo ya Gileade, go fitlha kwa karolong ya ga Kgosi Sihone wa Heshebone.+  Moshe motlhanka wa ga Jehofa le Baiseraele ba ne ba ba fenya,+ mme morago ga moo Moshe motlhanka wa ga Jehofa o ne a naya Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase+ lefatshe leo gore ba le rue.  Tseno ke dikgosi tsa lefatshe leo tse Joshua le Baiseraele ba neng ba di fenya ka fa ntlheng ya bophirima jwa Joredane, go simologa kwa Baale-gade+ mo Mokgatšheng wa Lebanona+ le go ya go fitlha kwa Thabeng ya Halake,+ e e tlhatlogelang kwa Seire,+ mme morago ga moo Joshua o ne a naya ditso tsa Iseraele lefatshe leo gore ba le rue go ya ka dikabelo tsa bone,+  mo kgaolong e e dithaba, mo Shefela, mo Araba, mo mekgokoloseng, mo nageng le mo Negebe,+ e leng lefatshe la Bahite, Baamore,+ Bakanana, Baperise, Bahife le Bajebuse:+   Kgosi e le nngwe ya Jeriko;+ kgosi e le nngwe ya Ai,+ e e neng e le fa thoko ga Bethele; 10  kgosi e le nngwe ya Jerusalema; kgosi e le nngwe ya Heberone;+ 11  kgosi e le nngwe ya Jaremuthe; kgosi e le nngwe ya Lakishe; 12  kgosi e le nngwe ya Egelone; kgosi e le nngwe ya Gesere;+ 13  kgosi e le nngwe ya Debire;+ kgosi e le nngwe ya Gedere; 14  kgosi e le nngwe ya Horema; kgosi e le nngwe ya Arada; 15  kgosi e le nngwe ya Libena;+ kgosi e le nngwe ya Adulama; 16  kgosi e le nngwe ya Makeda;+ kgosi e le nngwe ya Bethele;+ 17  kgosi e le nngwe ya Tapua; kgosi e le nngwe ya Hefere; 18  kgosi e le nngwe ya Afeke; kgosi e le nngwe ya Lasharone; 19  kgosi e le nngwe ya Madona; kgosi e le nngwe ya Hasore;+ 20  kgosi e le nngwe ya Shimerone-merone; kgosi e le nngwe ya Akeshafe; 21  kgosi e le nngwe ya Taanake; kgosi e le nngwe ya Megido; 22  kgosi e le nngwe ya Kedeshe; kgosi e le nngwe ya Jokeneame+ kwa Karemele; 23  kgosi e le nngwe ya Dora mo mekgokoloseng ya Dora;+ kgosi e le nngwe ya Goime kwa Gilegala; 24  kgosi e le nngwe ya Tiresa; dikgosi tseo tsotlhe di ne di le 31.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “Molapo wa Arenone.”
Kgotsa “Molapo wa Arenone.”
Kgotsa “kwa Molapong.”
Go tewa Lewatle le le Suleng.
Go tewa letšha la Genesareta kgotsa Lewatle la Galalea.