Joshua 13:1-33

  • Lefatshe le le tshwanetseng go gapiwa (1-7)

  • Lefatshe le le kwa botlhaba jwa Joredane le a kgaoganngwa (8-14)

  • Boswa jwa ga Rubene (15-23)

  • Boswa jwa ga Gada (24-28)

  • Boswa jwa ga Manase jo bo kwa botlhaba (29-32)

  • Jehofa ke boswa jwa ga Lefi (33)

13  Jaanong Joshua o ne a tsofetse e bile a na le dingwaga di le dintsi.+ Ka jalo, Jehofa o ne a mo raya a re: “O tsofetse e bile o na le dingwaga di le dintsi; mme go sa ntse go setse lefatshe le legolo thata le le tshwanetseng go gapiwa.*  Leno ke lefatshe le le setseng:+ dikgaolo tsotlhe tsa Bafilisitia le tsa Bageshure+ botlhe  (go simologa kwa Nile* e kgaoganang teng kwa botlhaba jwa* Egepeto go ya kwa molelwaneng wa Ekerone kwa bokone, karolo e e neng e tle e tsewe e le ya Bakanana)+ go akaretsa le ya babusi ba le batlhano ba Bafilisitia+ e leng Bagasa, Baashedoda,+ Baashekelona,+ Bagathe+ le Baekerone;+ le karolo ya Baafime+  kwa borwa; le lefatshe lotlhe la Bakanana; Meara, e e leng ya Basidona,+ go ya go fitlha kwa Afeke, kwa molelwaneng wa Baamore;  lefatshe la Bagebale+ le Lebanona yotlhe go ela kwa botlhaba, go simologa kwa Baale-gade fa tlase ga Thaba ya Heremone go ya kwa Lebo-hamathe;*+  banni botlhe ba kgaolo e e dithaba go simologa kwa Lebanona+ go ya kwa Miserefothe-maime;+ le Basidona+ botlhe. Ke tla ba leleka* fa pele ga Baiseraele.+ O le abele Iseraele gore e nne boswa jwa bone, fela jaaka ke go laetse.+  Jaanong o tshwanetse go kgaoganyetsa ditso di le robongwe le halofo ya lotso lwa ga Manase+ lefatshe leno go nna boswa jwa bone.”  Halofo e nngwe ya lotso lwa ga Manase mmogo le Barubene le Bagada, ba ne ba tsere boswa jwa bone jo Moshe a neng a bo ba abela ka kwa letlhakoreng le le kwa botlhaba jwa Joredane, fela jaaka Moshe motlhanka wa ga Jehofa a ne a ba neile:+  go simologa kwa Aroere,+ e e mo losing lwa Mokgatšha wa Arenone,*+ le motse o o fa gare ga mokgatšha, le naga yotlhe e e kwa godimo e e sephaphathi ya Medeba go ya go fitlha kwa Dibone; 10  le metse yotlhe ya ga Kgosi Sihone wa Baamore, yo o neng a busa kwa Heshebone, go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Baamone;+ 11  le Gileade le naga ya Bageshure le Bamaakathe+ le Thaba yotlhe ya Heremone le Bashana+ yotlhe go ya go fitlha kwa Saleka;+ 12  puso yotlhe ya ga Oge kwa Bashana, yo o neng a busa kwa Ashetarothe le kwa Ederei. (E ne e le mongwe wa Barefaime ba ba neng ba setse.)+ Moshe o ne a ba fenya a bo a ba leleka.*+ 13  Le fa go ntse jalo, Baiseraele ga ba a ka ba leleka*+ Bageshure le Bamaakathe, ke gone ka moo Geshure le Maakathe ba nnang mo Iseraele go fitlha mo letsatsing leno. 14  Lotso lwa ga Lefi ke lone fela lo a neng a se ka a lo naya boswa.+ Ditlhabelo tse di dirwang ka molelo tse di yang kwa go Jehofa, Modimo wa Iseraele ke tsone boswa jwa bone,+ fela jaaka a ba solofeditse.+ 15  Go tswa foo, Moshe o ne a abela lotso lwa Barubene boswa go ya ka malapa a bone, 16  mme karolo ya bone e ne e simologa kwa Aroere, e e mo losing lwa Mokgatšha wa Arenone,* le motse o o fa gare ga mokgatšha, le naga yotlhe e e kwa godimo e e sephaphathi e e fa Medeba; 17  Heshebone le metse yotlhe ya yone+ e e mo nageng e e kwa godimo e e sephaphathi, Dibone, Bamothe-baale, Bethe-baale-meone,+ 18  Jahase,+ Kedemothe,+ Mefaathe,+ 19  Kiriathaime, Sibema,+ Serethe-shahare mo thabeng ya mokgatšha,* 20  Bethe-peore, mekgokolosa ya Pisega,+ Bethe-jeshimothe,+ 21  metse yotlhe ya naga e e kwa godimo e e sephaphathi, le puso yotlhe ya ga Kgosi Sihone wa Baamore, yo o neng a busa kwa Heshebone.+ Moshe o ne a mo fenya+ le dikgosana tsa Midiana, e bong Efi, Rekeme, Sure, Hure le Reba,+ dikgosi tse di neng di laolwa ke Sihone, tse di neng di nna mo lefatsheng leo. 22  Balaame+ morwa Beore, yo o dirisang boitseanape,+ ke ene yo Baiseraele ba neng ba mmolaya ka tšhaka mmogo le ba bangwe ba ba neng ba bolawa. 23  Molelwane wa Barubene e ne e le Joredane; mme karolo eno ya naga e ne e le boswa jwa Barubene go ya ka malapa a bone, metse le metsana ya teng. 24  Mo godimo ga moo, Moshe o ne a abela lotso lwa ga Gada boswa, Bagada go ya ka malapa a bone, 25  mme karolo ya bone e ne e akaretsa Jasere+ le metse yotlhe ya Gileade le halofo ya lefatshe la Baamone+ go ya go fitlha kwa Aroere, e e lebaganeng le Raba;+ 26  le go simologa kwa Heshebone+ go fitlha kwa Ramatha-misepe le Betonime le go tswa kwa Mahanaime+ go ya kwa molelwaneng wa Debire; 27  le mo mokgatšheng,* Bethe-harama, Bethe-nimera,+ Sukothe+ le Safone, puso yotlhe ya ga Kgosi Sihone wa Heshebone,+ Joredane e le molelwane go tswa kwa ntlheng e e kwa tlase ya Lewatle la Kinerethe*+ ka fa botlhaba jwa Joredane. 28  Jono e ne e le boswa jwa Bagada go ya ka malapa a bone, metse le metsana ya teng. 29  Mo godimo ga moo, Moshe o ne a abela halofo ya lotso lwa ga Manase boswa, a bo abela halofo ya lotso lwa ga Manase go ya ka malapa a bone.+ 30  Mme karolo ya bone e ne e simologa kwa Mahanaime+ e bo e akaretsa Bashana yotlhe, puso yotlhe ya ga Kgosi Oge wa kwa Bashana le metsana yotlhe ya ditente ya ga Jaire+ mo Bashana, e ne e le metse e le 60. 31  Mme halofo ya Gileade, le Ashetarothe le Ederei,+ metse ya puso ya ga Oge kwa Bashana, e ne ya newa Makire morwa Manase, ya newa halofo ya bomorwa Makire+ go ya ka malapa a bone. 32  Jono ke boswa jo Moshe a neng a bo ba abela mo sekakeng sa Moabe ka kwa ga Joredane, kwa botlhaba jwa Jeriko.+ 33  Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a se ka a abela lotso lwa Balefi boswa.+ Jehofa, Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone, fela jaaka a ba solofeditse.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “go fenngwa.”
Seheb., “fa pele ga.”
Kgotsa “kwa Shihore.”
Kgotsa “kwa kgorong ya Hamathe.”
Kgotsa “ba gapela lefatshe.”
Kgotsa “Molapo wa Arenone.”
Kgotsa “a bo a gapa lefatshe la bone.”
Kgotsa “ba gapa lefatshe la.”
Kgotsa “Molapo wa Arenone.”
Kgotsa “lebala le le kwa tlase.”
Go tewa letšha la Genesareta kgotsa Lewatle la Galalea.
Kgotsa “mo lebaleng le le kwa tlase.”