Joshua 14:1-15

  • Lefatshe le le kwa bophirima jwa Joredane le a kgaoganngwa (1-5)

  • Kalebe o newa Heberone (6-15)

14  Jaanong seno ke se Baiseraele ba neng ba se tsaya go nna boswa jwa bone mo lefatsheng la Kanana, se moperesiti Eliasare le Joshua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Iseraele, ba neng ba se ba naya gore e nne boswa.+  Boswa jwa bone bo ne jwa abelwa ditso tse robongwe le halofo ka bola,+ fela jaaka Jehofa a ne a laetse ka Moshe.+  Moshe o ne a neile ditso tse dingwe tse pedi le halofo boswa ka fa letlhakoreng le lengwe* la Joredane,+ mme Balefi bone o ne a se ka a ba abela boswa.+  Ditlogolwana tsa ga Josefa di ne di tsewa e le ditso tse pedi,+ Manase le Eferaime;+ mme ba ne ba se ka ba naya Balefi kabelo mo lefatsheng leo, ntle le metse+ gore ba nne mo go yone le mafulo a yone gore e nne a leruo la bone le dithoto tsa bone.+  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba kgaoganya lefatshe leo fela jaaka Jehofa a ne a laetse Moshe.  Go tswa foo, banna ba Juda ba ne ba tla kwa go Joshua kwa Gilegala,+ mme Kalebe+ morwa Jefune wa Mokenise o ne a mo raya a re: “O itse sentle se Jehofa a neng a se bolelela+ Moshe monna wa Modimo wa boammaaruri+ ka nna le wena kwa Kadeshe-barenea.+  Ke ne ke na le dingwaga di le 40 fa Moshe motlhanka wa ga Jehofa a ne a nthoma go tswa kwa Kadeshe-barenea go ya go tlhola lefatshe,+ mme ke ne ka boa ka pego e e siameng.*+  Le fa gone bomorwarre ba ba neng ba tsamaile le nna ba ile ba dira gore batho ba felelwe ke maatla,* nna ke ne ka sala Jehofa, Modimo wa me morago ka pelo yotlhe.*+  Moshe o ne a ikana mo letsatsing leo, a re: ‘Lefatshe le lonao lwa gago lo tsamaileng mo go lone e tla nna boswa jwa gago le bomorwao jo bo tla nnelang ruri, ka gonne o ne wa sala Jehofa, Modimo wa me morago ka pelo yotlhe.’+ 10  Jaanong fela jaaka Jehofa a ne a solofetsa,+ o mpolokile ke ntse ke tshela+ dingwaga tseno tse 45 fa e sale Jehofa a ne a dira tsholofetso eno mo go Moshe fa Iseraele e ne e tsamaya mo nageng;+ ke sa ntse ke le fano le gompieno, ke na le dingwaga di le 85. 11  Mme le gompieno ke sa ntse ke nonofile fela jaaka mo letsatsing la fa Moshe a ne a nthoma. Maatla a me a sa ntse a tshwana le ka nako eo, gore nka ya ntweng le go dira ditiro tse dingwe. 12  Ka jalo, nneye kgaolo eno e e dithaba e Jehofa a neng a e solofetsa mo letsatsing leo. Le fa gone o ne wa utlwa mo letsatsing leo gore go ne go na le Baanake+ koo mo metseng e megolo e e sireletsegileng,+ ruri* Jehofa o tla nna le nna,+ mme ke tla ba leleka,* fela jaaka Jehofa a solofeditse.”+ 13  Ka jalo, Joshua o ne a segofatsa Kalebe morwa Jefune mme o ne a mo naya Heberone gore e nne boswa jwa gagwe.+ 14  Ke gone ka moo Heberone e leng boswa jwa ga Kalebe morwa Jefune wa Mokenise go tla go fitlha mo letsatsing leno, ka gonne o ne a sala Jehofa, Modimo wa Iseraele morago ka pelo yotlhe.+ 15  Leina la Heberone pele e ne e le Kiriathe-areba+ (Areba e ne e le monna yo mogolo mo Baanakeng). Mme go ne go sa tlhole go na le ntwa mo lefatsheng.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.
Seheb., “ka lefoko fela jaaka ka pelo ya me.”
Seheb., “ba dira gore pelo ya batho e nyere.”
Seheb., “ka botlalo; ka mo go feletseng.”
Kgotsa “tla gapa lefatshe la bone.”
Kgotsa “gongwe.”