Joshua 15:1-63

  • Boswa jwa ga Juda (1-12)

  • Morwadia Kalebe o abelwa lefatshe (13-19)

  • Metse ya Juda (20-63)

15  Lefatshe le le neng le kgaoganyeditswe*+ lotso lwa ga Juda go ya ka malapa a bone le ne le fitlha kwa molelwaneng wa Edoma,+ e leng naga ya Tsine, go ya kwa Negebe kwa ntlheng ya yone e e kwa borwa.  Molelwane wa bone o o kwa borwa o ne o simologa kwa bofelelong jwa Lewatle la Letswai,*+ kwa ntlheng e e kwa borwa.  Mme o ne o fitlha kwa borwa kwa thotaneng ya Akarabime,+ o ne o fetela kwa Tsine, go tswa foo o bo o tlhatloga o tswa kwa borwa o ya Kadeshe-barenea,+ o fetela kwa Heserone, o tlhatlogela kwa Adara o bo o dikologa o ya ntlheng ya Kareka.  Go tswa foo, o ne o fetela kwa Asemone+ o bo o ya kwa Molapong wa Egepeto,+ mme molelwane oo o ne o felela kwa Lewatleng.* Ono e ne e le molelwane wa bone o o kwa borwa.  Molelwane o o kwa botlhaba e ne e le Lewatle la Letswai* go ya go fitlha kwa Joredane e felelang gone, mme molelwane o o kwa bokone o ne o simologa kwa ntlheng ya lewatle, kwa Joredane e felelang gone.+  Molelwane oo o ne o tlhatlogela kwa Bethe-hogola+ o bo o kgabaganya kwa bokone jwa Bethe-araba,+ mme molelwane oo o ne wa tlhatlogela kwa lejeng la ga Bohane+ morwa Rubene.  Molelwane oo o ne o tlhatlogela kwa Debire kwa Mokgatšheng* wa Akore+ o bo o leba kwa bokone kwa Gilegala,+ e e fa pele ga thotana ya Adumime ka fa borwa jwa molapo, mme molelwane o ne o kgabaganyetsa kwa metsing a Ene-shemeshe+ o bo o felela kwa Ene-rogele.+  Molelwane oo o ne o tlhatlogela kwa Mokgatšheng wa ga Morwa Hinoma+ go ya kwa mokgokoloseng wa Mojebuse+ kwa borwa, e leng Jerusalema,+ mme molelwane o ne o tlhatlogela kwa godimo ga thaba e e lebaganeng le Mokgatšha wa Hinoma go ya kwa bophirima, o o kwa bofelelong jwa Mokgatšha* wa Refaime go ela kwa bokone.  Mme molelwane o ne wa tshwaiwa go simologa kwa godimo ga thaba go ya kwa motsweding wa metsi a Nefetoa+ o bo o fetela kwa metseng ya Thaba ya Eferone; mme molelwane o ne wa tshwaiwa go ya kwa Baala, e leng Kiriathe-jearime.+ 10  Molelwane oo o ne o dikologa go tswa kwa Baala kwa bophirima o ya kwa Thabeng ya Seire o bo o kgabaganyetsa kwa mokgokoloseng wa Thaba ya Jearime kwa bokone, e leng Kesalone, mme o ne o fologela kwa Bethe-shemeshe+ o bo o kgabaganyetsa kwa Timena.+ 11  Mme molelwane o ne o fetela kwa mokgokoloseng wa Ekerone+ o ya kwa bokone, mme molelwane o ne wa tshwaiwa go ya kwa Shikerone o bo o kgabaganyetsa kwa Thabeng ya Baala o bo o fetela kwa Jabeneele, mme molelwane oo o ne o felela kwa lewatleng. 12  Molelwane o o kwa bophirima o ne o le kwa Lewatleng le Legolo*+ le lotshitshi lwa lone. Ono e ne e le molelwane wa ditlogolwana tsa ga Juda go ya ka malapa a bone mo matlhakoreng otlhe. 13  Mme o ne a naya Kalebe+ morwa Jefune kabelo mo ditlogolwaneng tsa ga Juda go ya ka taelo ya ga Jehofa e a neng a e neile Joshua, o ne a mo naya Kiriathe-areba (Areba e ne e le rraagwe Anake), e leng Heberone.+ 14  Ka jalo, Kalebe o ne a leleka bomorwa Anake+ bano ba bararo koo: Sheshai, Ahimane le Talemai,+ ditlogolwana tsa ga Anake. 15  Fa a tswa koo, o ne a ya go tlhabana le banni ba kwa Debire.+ (Leina la Debire pele e ne e le Kiriathe-sefere.) 16  Morago ga moo, Kalebe o ne a re: “Monna yo o tla kgemethang Kiriathe-sefere a bo a e gapa, ke tla mo naya morwadiake e bong Akesa gore a mo nyale.” 17  Mme Otheniele+ morwa wa ga monnawe Kalebe yo o bidiwang Kenase,+ o ne a e gapa. Ka jalo, o ne a mo naya morwadie e bong Akesa+ gore a mo nyale. 18  Fa Akesa a ne a ya gae, o ne a tlhotlheletsa Otheniele gore a kope tshimo mo go rraagwe.* Go tswa foo, Akesa o ne a fologa tonki ya gagwe.* Kalebe o ne a mmotsa jaana: “O batla eng?”+ 19  Akesa o ne a re: “Tsweetswee, ntshegofatse, ka gonne o nneile karolo ya lefatshe kwa borwa;* nneye gape le Gulothe-maime.”* Ka jalo, o ne a mo naya Gulothe yo o Kwa Godimo le Gulothe yo o Kwa Tlase. 20  Jono e ne e le boswa jwa lotso lwa ga Juda go ya ka malapa a bone. 21  Metse e e neng e le kwa bofelelong jwa lotso lwa ga Juda go ela kwa molelwaneng wa Edoma+ kwa borwa e ne e le: Kabeseele, Edere, Jagure, 22  Kina, Dimona, Adada, 23  Kedeshe, Hasore, Ithenane, 24  Siife, Teleme, Bealothe, 25  Hasore-hadata, Keriothe-heserone, e leng Hasore, 26  Amame, Shema, Molada,+ 27  Hasare-gada, Heshemone, Bethe-pelete,+ 28  Hasare-shuale, Beere-sheba,+ Bisiothia, 29  Baala, Ime, Eseme, 30  Eletolade, Kesila, Horema,+ 31  Sikelage,+ Mademana, Sanesana, 32  Lebaothe, Shilehime, Aine le Rimone,+ metse eo yotlhe e ne e le 29 mmogo le metsana ya yone. 33  Kwa Shefela+ go ne go na le: Eshetaole, Sora,+ Ashena, 34  Sanoa, Ene-ganime, Tapua, Ename, 35  Jaremuthe, Adulama,+ Sokho, Aseka,+ 36  Shaaraime,+ Adithaime le Gedera le Gederothaime,* metse e le 14 le metsana ya yone. 37  Senane, Hadasha, Migedale-gade, 38  Dileane, Misepe, Joketheele, 39  Lakishe,+ Bosekathe, Egelone, 40  Kabone, Lahemame, Kitilisha, 41  Gederothe, Bethe-dagone, Naama le Makeda,+ metse e le 16 le metsana ya yone. 42  Libena,+ Ethere, Ashane,+ 43  Ifeta, Ashena, Nesibe, 44  Keila, Akesibe le Mareshahe, metse e le robongwe le metsana ya yone. 45  Ekerone le metse e e e dikologileng le metsana ya yone; 46  go tswa Ekerone go ya kwa bophirima, metse yotlhe e e fa thoko ga Ashedoda le metsana ya yone. 47  Ashedoda,+ metse e e e dikologileng le metsana ya yone; Gasa,+ metse e e e dikologileng le metsana ya yone, go ya go fitlha kwa Molapong wa Egepeto le kwa Lewatleng le Legolo* le kgaolo e e gaufi le lone.+ 48  Mme mo kgaolong e e dithaba go ne go na le Shamire, Jatire,+ Sokho, 49  Danna, Kiriathe-sanna, e leng Debire, 50  Anabe, Eshetemo,+ Anime, 51  Goshene,+ Holone le Gilo,+ metse e le 11 le metsana ya yone. 52  Arabia, Duma, Eshane, 53  Janime, Bethe-tapua, Afeka, 54  Humeta, Kiriathe-areba, e leng Heberone+ le Siore, metse e le robongwe le metsana ya yone. 55  Maone,+ Karemele, Siife,+ Juta, 56  Jesereele, Jokedeame, Sanoa, 57  Kaine, Gibea le Timena,+ metse e le lesome le metsana ya yone. 58  Halehule, Bethe-sure, Gedore, 59  Maarathe, Bethe-anothe le Eletekone, metse e le merataro le metsana ya yone. 60  Kiriathe-baale, e leng Kiriathe-jearime+ le Raba, metse e le mebedi le metsana ya yone. 61  Mo nageng go ne go na le Bethe-araba,+ Midine, Sekaka, 62  Nibeshane, Motse wa Letswai le Ene-gedi,+ metse e le merataro le metsana ya yone. 63  Mme Bajebuse+ ba ba neng ba nna kwa Jerusalema+ bone, banna ba Juda ba ne ba sa kgone go ba leleka,+ ka jalo, Bajebuse ba tswelela ba nna le batho ba Juda kwa Jerusalema go tla go fitlha mo letsatsing leno.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “abetswe ka bola.”
Go tewa Lewatle le le Suleng.
Go tewa Lewatle le Legolo, Lewatle la Mediterranean.
Go tewa Lewatle le le Suleng.
Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
Kgotsa “Lebala le le Kwa Tlase.”
Go tewa Lewatle la Mediterranean.
Kgotsa gongwe “o ne a opa diatla tsa gagwe a ntse a le mo tonking.”
Go tewa Kalebe.
Kgotsa “Negebe.”
Mo go kayang “Dijana (Dikotlele) Tsa Metsi.”
Kgotsa gongwe “Gedera le masaka a yone a dinku.”
Go tewa Lewatle la Mediterranean.