Joshua 16:1-10

  • Boswa jwa ditlogolwana tsa ga Josefa (1-4)

  • Boswa jwa ga Eferaime (5-10)

16  Mme molelwane wa lefatshe le le neng le abilwe ka bola*+ gore e nne la ditlogolwana tsa ga Josefa,+ o ne o simologa kwa Joredane kwa Jeriko go ya kwa metsing a a kwa botlhaba jwa Jeriko, o ralala naga e e tlhatlogang e tswa mo Jeriko o bo o ralala kgaolo e e dithaba o ya Bethele.+  O ne o tswa mo Bethele e e leng ya Luse mme o fetela kwa molelwaneng wa Baareka kwa Atarothe,  go tswa foo, o ne o fologela kwa bophirima o ya kwa molelwaneng wa Bajafelete go ya go fitlha kwa molelwaneng wa Bethe-horona yo o Kwa Tlase+ le Gesere,+ mme o ne o felela kwa lewatleng.  Ka jalo, ditlogolwana tsa ga Josefa,+ e bong Manase le Eferaime, ba ne ba abelwa boswa jwa bone.+  Molelwane wa ditlogolwana tsa ga Eferaime go ya ka malapa a bone o ne o ntse jaana: Molelwane wa boswa jwa bone o o kwa botlhaba e ne e le Atarothe-adare,+ go ya go fitlha kwa Bethe-horona yo o Kwa Godimo,+  mme molelwane oo o ne o fetela kwa lewatleng. Mikemethathe+ e ne e le kwa bokone, mme molelwane o ne o dikologa kwa botlhaba o ya Taanathe-shilo o bo o kgabaganyetsa kwa botlhaba go ya kwa Janoa.  Go tswa foo, o ne o tswa mo Janoa o fologela kwa Atarothe le Naara mme o ne o fitlha kwa Jeriko+ o bo o fetela kwa Joredane.  Molelwane oo o ne o tswa kwa Tapua+ o ya ntlheng ya bophirima kwa Molapong wa Kana, mme o ne o felela kwa lewatleng.+ Jono ke boswa jwa lotso lwa ga Eferaime go ya ka malapa a bone;  gape ditlogolwana tsa ga Eferaime di ne di na le metse e mengwe mo gare ga boswa jwa ga Manase,+ metse yotlhe le metsana ya yone. 10  Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba leleka Bakanana ba ba neng ba nna kwa Gesere,+ mme Bakanana ba tswelela ba nna mo Eferaime go fitlha mo letsatsing leno+ mme ba ntse ba patelediwa go dira tiro e e boima.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “le le neng le kgaogantswe.”