Joshua 17:1-18

  • Boswa jwa ga Manase jo bo kwa bophirima (1-13)

  • Lefatshe le lengwe la ditlogolwana tsa ga Josefa (14-18)

17  Go tswa foo, bola+ bo ne jwa wela lotso lwa ga Manase+ ka gonne e ne e le leitibolo la ga Josefa.+ E re ka Makire,+ leitibolo la ga Manase yo gape e leng rraagwe Gileade, e ne e le monna wa ntwa, o ne a abelwa Gileade le Bashana.+  Mme bola bo ne jwa wela ditlogolwana tsa ga Manase tse di setseng go ya ka malapa a tsone, tsa bomorwa Abiesere,+ bomorwa Heleke, bomorwa Aseriele, bomorwa Shekema, bomorwa Hefere le bomorwa Shemida. Bano e ne e le ditlogolwana tsa ga Manase morwa Josefa, e le banna go ya ka malapa a bone.+  Le fa go ntse jalo, Selofehade+ morwa Hefere, morwa Gileade, morwa Makire, morwa Manase, o ne a se na bana ba basimane, mme o ne a na le bana ba basetsana fela, mme ano e ne e le maina a bomorwadie: Mahela, Noa, Hogola, Mileka le Tiresa.  Ka jalo, ba ne ba tla fa pele ga ga moperesiti Eliasare,+ Joshua morwa Nune le dikgosana, ba re: “Jehofa ke ene a neng a laela Moshe gore a re neye boswa mo go bomorwarraarona.”+ Ka jalo, o ne a ba naya boswa mo go bomorwarraagwe rraabone go ya ka taelo ya ga Jehofa.+  Gape go ne go na le dikabelo di le lesome tse di neng tsa wela Manase ntle le lefatshe la Gileade le la Bashana, a a neng a le ka kwa ntlheng e nngwe* ya Joredane,+  ka gonne bomorwadia Manase ba ne ba abelwa boswa mmogo le bomorwawe, mme lefatshe la Gileade le ne la nna thuo ya ditlogolwana tsa ga Manase tse di setseng.  Mme molelwane wa ga Manase o ne o simologa kwa Ashera go ya kwa Mikemethathe,+ e e lebaganeng le Shekema,+ mme molelwane oo o ne o ya kwa ntlheng ya borwa* kwa lefatsheng la banni ba Ene-Tapua.  Naga ya Tapua+ e ne ya nna ya ga Manase, mme motse wa Tapua o o mo molelwaneng wa ga Manase o ne wa nna wa ditlogolwana tsa ga Eferaime.  Mme molelwane oo o ne o fologela kwa Molapong wa Kana, kwa borwa jwa molapo. Go ne go na le metse ya ga Eferaime mo gare ga metse ya ga Manase,+ mme molelwane wa ga Manase o ne o le kwa bokone jwa molapo, mme o ne o felela kwa lewatleng.+ 10  Kwa borwa e ne e le wa ga Eferaime mme kwa bokone e le wa ga Manase, mme lewatle e ne ya nna molelwane wa gagwe,+ mme kwa bokone e* ne e fitlha kwa Ashera mme kwa botlhaba e ne e fitlha kwa Isakare. 11  Mo dikarolong tsa naga tsa ga Isakare le Ashera, Manase o ne a newa Bethe-sheane le metse e e e dikologileng, Ibeleame+ le metse e e e dikologileng, banni ba Dora+ le metse e e e dikologileng, banni ba Ene-dore+ le metse e e e dikologileng, banni ba Taanake+ le metse e e e dikologileng, banni ba Megido le metse e e e dikologileng, mafelo a mararo a a goletsegileng. 12  Le fa go ntse jalo, ditlogolwana tsa ga Manase di ne tsa se ka tsa kgona go gapa metse eno; Bakanana ba ne ba ganelela mo lefatsheng leno mme ba nna mo go lone.+ 13  Fa Baiseraele ba sena go nonofa, ba ne ba pateletsa Bakanana go dira tiro e e boima,+ mme ba ne ba se ka ba ba leleka* gotlhelele.+ 14  Ditlogolwana tsa ga Josefa di ne tsa raya Joshua tsa re: “Ke ka ntlha yang fa o re neile* karolo e le nngwe fela e e abilweng ka bola+ le kabelo e le nngwe fela gore e nne boswa jwa rona? Re batho ba bantsi thata ka gonne Jehofa o re segofaditse go tla go fitlha jaanong.”+ 15  Joshua o ne a ba araba a re: “Fa e le gore lo batho ba bantsi thata, yang kwa sekgweng lo se reme, lo itirele lefelo teng mo lefatsheng la Baperise+ le la Barefaime,+ ka gonne kgaolo e e dithaba ya Eferaime+ e setse e le nnye thata mo go lona.” 16  Foo ditlogolwana tsa ga Josefa di ne tsa re: “Kgaolo e e dithaba ga e a re lekana e bile Bakanana botlhe ba ba nnang mo lefatsheng leo la mokgatšha* ba na le dikara tsa ntwa+ tse di nang le disekele tsa tshipi,* ba ba kwa Bethe-sheane+ le metse e e e dikologileng mmogo le ba ba kwa Mokgatšheng* wa Jesereele.”+ 17  Ka jalo, Joshua o ne a raya ditlogolwana tsa ga Josefa, e leng ba lotso lwa ga Eferaime le lwa ga Manase, a re: “Lo batho ba bantsi thata e bile lo na le maatla a magolo. Ga lo kitla lo amogela karolo e le nngwe fela e e abilweng ka bola,+ 18  mme kgaolo e e dithaba le yone e tla nna ya lona.+ Le fa gone e le sekgwa, lo se reme mme karolo ya lona ya naga e tla felela gone koo. Gonne lo tla leleka Bakanana le fa gone ba nonofile e bile ba na le dikara tsa ntwa tse di nang le disekele tsa tshipi.”*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.
Seheb., “kwa mojeng.”
Go tewa batho ba lotso lwa ga Manase kgotsa naga ya ga Manase.
Kgotsa “ba gapa lefatshe la bone.”
Seheb., “o nneile.”
Kgotsa “lebala le le kwa tlase.”
Seheb., “dikara tsa tshipi.”
Kgotsa “kwa Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Seheb., “dikara tsa tshipi.”