Joshua 20:1-9

  • Metse ya botshabelo (1-9)

20  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re:  “Bolelela Baiseraele o re, ‘Itlhopheleng metse ya botshabelo+ e ke neng ka lo bolelela ka yone ka Moshe,  gore mmolai yo o bolayang mongwe e se ka boomo kgotsa e le ka phoso* a tshabele teng. Mme e tla nna e lo tshabelang mmusolosi wa madi kwa go yone.+  A tshabele kwa motseng mongwe mo metseng eno+ mme a eme kwa kgorong+ ya motse a bo a bua kgang ya gagwe bagolwane ba motse ba mo reeditse. Go tswa foo, ba tshwanetse go mo amogela mo motseng ba bo ba mo naya lefelo mme o tla nna le bone.  Fa e le gore mmusolosi wa madi o mo lelekisitse, ba se ka ba tsenya mmolai yono mo seatleng sa gagwe ka gonne o bolaile motho yo mongwe ka phoso* e bile o ne a ntse a sa mo tlhoa.+  A nne mo motseng oo go fitlha a sekisiwa fa pele ga phuthego+ a bo a tswelela a le koo go fitlha moperesiti yo mogolo yo o direlang ka nako eo a swa.+ Go tswa foo, mmolai yoo a ka boela kwa motseng o a tshabileng kwa go one, mme a ka nna a tsena mo motseng wa gagabo le mo ntlong ya gagwe.’”+  Ka jalo, ba ne ba abela Modimo metse eno gore e nne metse ya botshabelo: motse wa Kedeshe+ kwa Galalea mo kgaolong e e dithaba ya ga Nafetali, Shekema+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime le Kiriathe-areba,+ e leng Heberone, mo kgaolong e e dithaba ya ga Juda.  Mo kgaolong ya Joredane, kwa botlhaba jwa Jeriko, ba ne ba tlhopha Besere+ mo nageng e e kwa godimo e e sephaphathi go tswa mo lotsong lwa ga Rubene, Ramothe+ kwa Gileade go tswa mo lotsong lwa ga Gada le Golane+ kwa Bashana go tswa mo lotsong lwa ga Manase.+  Eno e ne ya nna metse e e tlhophetsweng Baiseraele botlhe le batswakwa ba ba agileng le bone, gore ope fela yo o bolayang mongwe e se ka boomo a tshabele teng+ mme a se ka a bolawa ka seatla sa mmusolosi wa madi a ise a sekisiwe fa pele ga phuthego.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “a sa itse.”
Kgotsa “a sa itse.”