Joshua 21:1-45

  • Metse e e abetsweng Balefi (1-42)

    • E e abetsweng ditlogolwana tsa ga Arone (9-19)

    • E e abetsweng Bakohathe ba ba setseng (20-26)

    • E e abetsweng Bagereshone (27-33)

    • E e abetsweng Bamerari (34-40)

  • Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe (43-45)

21  Jaanong ditlhogo tsa dikgotla tsa Balefi di ne tsa atamela moperesiti Eliasare,+ Joshua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Iseraele,  mme di ne tsa bua le bone kwa Shilo+ mo lefatsheng la Kanana, tsa re: “Jehofa o ne a laela ka Moshe gore re newe metse e re tla nnang mo go yone, mmogo le mafulo a yone gore e nne a leruo la rona.”+  Ka jalo, go ya ka taelo ya ga Jehofa, Baiseraele ba ne ba naya Balefi metse eno+ le mafulo a yone go tswa mo bosweng jwa bone.+  Go ne ga tswa karolo e e abilweng ka bola ya malapa a Bakohathe,+ mme Balefi ba e neng e le ditlogolwana tsa ga moperesiti Arone ba ne ba abelwa ka bola* metse e le 13 go tswa mo lotsong lwa ga Juda,+ mo lotsong lwa ga Simeone+ le mo lotsong lwa ga Benjamine.+  Mme Bakohathe ba ba neng ba setse ba ne ba kgaoganyediwa* metse e le lesome go tswa mo malapeng a lotso lwa ga Eferaime,+ mo lotsong lwa ga Dana le mo halofong ya lotso lwa ga Manase.+  Mme Bagereshone+ bone, ba ne ba kgaoganyediwa metse e le 13 go tswa mo malapeng a lotso lwa ga Isakare, mo lotsong lwa ga Ashera, mo lotsong lwa ga Nafetali le mo halofong ya lotso lwa ga Manase kwa Bashana.+  Bamerari+ go ya ka malapa a bone ba ne ba newa metse e le 12 go tswa mo lotsong lwa ga Rubene, mo lotsong lwa ga Gada le mo lotsong lwa ga Sebulone.+  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba abela Balefi metse eno le mafulo a yone ka bola, fela jaaka Jehofa a ne a laetse ka Moshe.+  Go tswa mo lotsong lwa ga Juda le mo lotsong lwa ga Simeone, ba ne ba ntsha metse eno e e umakilweng ka maina,+ 10  mme e ne ya newa bomorwa Arone ba malapa a Bakohathe a Balefi ka gonne ba ne ba amogetse karolo ya ntlha e e abilweng ka bola. 11  Ba ne ba ba naya Kiriathe-areba+ (Areba e ne e le rraagwe Anake), e leng Heberone,+ mo kgaolong e e dithaba ya ga Juda le mafulo a yone a a e dikologileng. 12  Mme naga ya motse oo le metsana ya one, ba ne ba e naya Kalebe morwa Jefune gore e nne boswa jwa gagwe.+ 13  Mme bomorwa moperesiti Arone ba ne ba newa motse wa botshabelo wa Heberone+ le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one, gape ba ne ba newa Libena+ le mafulo a yone, 14  Jatire+ le mafulo a yone, Eshetemoa+ le mafulo a yone, 15  Holone+ le mafulo a yone, Debire+ le mafulo a yone, 16  Aine+ le mafulo a yone, Juta+ le mafulo a yone le Bethe-shemeshe le mafulo a yone, e leng metse e le robongwe go tswa mo ditsong tseno tse pedi. 17  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Benjamine ba ne ba abelwa: Gibeone+ le mafulo a yone, Geba le mafulo a yone,+ 18  Anathothe+ le mafulo a yone le Alemone le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 19  Metse yotlhe e e neng ya abelwa ditlogolwana tsa ga Arone, e leng baperesiti, e ne e le metse e le 13 le mafulo a yone.+ 20  Mme malapa a Bakohathe a a neng a setse mo Balefing a ne a newa metse e e abilweng ka bola go tswa mo lotsong lwa ga Eferaime. 21  Ba ne ba ba naya motse wa botshabelo wa Shekema+ le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, Gesere+ le mafulo a yone, 22  Kibesaime le mafulo a yone le Bethe-horona+ le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 23  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Dana ba ne ba abelwa: Eleteke le mafulo a yone, Gibethone le mafulo a yone, 24  Aijalona+ le mafulo a yone le Gathe-rimone le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 25  Mme go tswa mo halofong ya lotso lwa ga Manase ba ne ba abelwa: Taanake+ le mafulo a yone le Gathe-rimone le mafulo a yone, e leng metse e le mebedi. 26  Metse yotlhe mmogo le mafulo a yone e malapa a Bakohathe ba ba neng ba setse ba neng ba e abelwa e ne e le lesome. 27  Mme Bagereshone+ ba malapa a Balefi ba ne ba abelwa motse wa botshabelo wa Golane,+ kwa Bashana le mafulo a yone go tswa mo halofong ya lotso lwa ga Manase gore mmolai a tshabele kwa go one le Beeshetera le mafulo a yone, e leng metse e le mebedi. 28  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Isakare+ ba ne ba abelwa: Kishione le mafulo a yone, Daberathe+ le mafulo a yone, 29  Jaremuthe le mafulo a yone le Ene-ganime le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 30  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Ashera+ ba ne ba abelwa: Mishale le mafulo a yone, Abedona le mafulo a yone, 31  Helekathe+ le mafulo a yone le Rehobe+ le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 32  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Nafetali ba ne ba abelwa: motse wa botshabelo wa Kedeshe+ kwa Galalea le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one, Hamothe-dore le mafulo a yone le Karatane le mafulo a yone, e leng metse e le meraro. 33  Metse yotlhe ya Bagereshone go ya ka malapa a bone e ne e le metse e le 13 le mafulo a yone. 34  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Sebulone,+ malapa a Bamerari,+ e leng Balefi ba ba neng ba setse, a ne a abelwa: Jokeneame+ le mafulo a yone, Kareta le mafulo a yone, 35  Dimena le mafulo a yone le Nahalale+ le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 36  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Rubene ba ne ba abelwa: Besere+ le mafulo a yone, Jahase le mafulo a yone,+ 37  Kedemothe le mafulo a yone le Mefaathe le mafulo a yone, e leng metse e le menê. 38  Mme go tswa mo lotsong lwa ga Gada+ ba ne ba abelwa: motse wa botshabelo wa Ramothe kwa Gileade+ le mafulo a yone gore mmolai a tshabele kwa go one le Mahanaime+ le mafulo a yone, 39  Heshebone+ le mafulo a yone le Jasere+ le mafulo a yone, metse eo yotlhe e ne e le menê. 40  Metse yotlhe e e neng ya abelwa Bamerari go ya ka malapa a bone, malapa a Balefi a a neng a setse, e ne e le metse e le 12. 41  Metse yotlhe ya Balefi e ba neng ba e neilwe ke Baiseraele e le boswa e ne e le metse e le 48 mmogo le mafulo a yone.+ 42  Motse mongwe le mongwe o ne o dikologilwe ke mafulo a one, go ne go ntse jalo ka metse eno yotlhe. 43  Ka jalo, Jehofa o ne a naya Iseraele lefatshe lotlhe le a neng a ikanne gore o tla le naya borraabonemogolo,+ mme ba ne ba le gapa ba bo ba nna mo go lone.+ 44  Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a ba naya boikhutso mo matlhakoreng otlhe, fela jaaka a ne a ikanela borraabonemogolo,+ mme go ne go se na ope wa baba ba bone yo o neng a ka kgona go ema fa pele ga bone.+ Jehofa o ne a tsenya baba botlhe ba bone mo seatleng sa bone.+ 45  Ga go na tsholofetso* epe mo ditsholofetsong tsotlhe tse di molemo tse Jehofa a neng a di solofeditse batho ba Iseraele e e neng ya se ka ya diragala; di ne tsa diragadiwa tsotlhe fela.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ba ne ba kgaoganyediwa.”
Kgotsa “abelwa ka bola.”
Kgotsa “lefoko.”