Joshua 22:1-34

  • Ditso tse di kwa botlhaba di boela gae (1-8)

  • Go agiwa sebeso kwa Joredane (9-12)

  • Ba tlhalosa gore ke eng fa ba agile sebeso (13-29)

  • Kgotlhang e a rarabololwa (30-34)

22  Go tswa foo, Joshua o ne a bitsa Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase  mme a ba raya a re: “Lo dirile sotlhe se Moshe motlhanka wa ga Jehofa a neng a se lo laela+ e bile lo ne lwa ikobela lentswe la me mo go sotlhe se ke neng ka se lo laela.+  Ga lo a ka lwa tlogela bomorwarraalona mo nakong eno yotlhe go tla go fitlha mo letsatsing leno;+ mme lo diragaditse taelo ya ga Jehofa, Modimo wa lona.+  Jaanong Jehofa, Modimo wa lona o neile bomorwarraalona boikhutso, fela jaaka a ne a ba solofeditse.+ Mme jaanong lo ka nna lwa boela kwa ditenteng tsa lona kwa lefatsheng le Moshe motlhanka wa ga Jehofa a neng a le lo naya gore lo le rue ka kwa letlhakoreng le lengwe* la Joredane.+  Mme lo tlhomamise gore lo diragatsa taelo le Molao o Moshe motlhanka wa ga Jehofa a lo o neileng,+ ka go rata Jehofa, Modimo wa lona,+ ka go tsamaya mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe,+ ka go boloka ditaelo tsa gagwe,+ ka go mo ngaparela+ le ka go mo direla+ ka pelo yotlhe ya lona le ka moya otlhe wa lona.”+  Go tswa foo, Joshua o ne a ba segofatsa a bo a ba naya tsela mme ba ne ba ya kwa ditenteng tsa bone.  Mme Moshe o ne a neile halofo ya lotso lwa ga Manase boswa kwa Bashana,+ mme halofo e nngwe ya lotso loo, Joshua o ne a e naya lefatshe ka fa letlhakoreng le le ka fa bophirima jwa Joredane,+ mmogo le bomorwarraabone. Mo godimo ga moo, fa Joshua a ba naya tsela gore ba ye kwa ditenteng tsa bone, o ne a ba segofatsa  mme a ba raya a re: “Boelang kwa ditenteng tsa lona ka dikhumo di le dintsi, ka leruo le lentsi thata, ka selefera le gauta, kopore le tshipi le diaparo tse dintsi thata.+ Tsayang kabelo ya lona ya se lo se gapileng+ mo babeng ba lona mme lo e kgaoganye le bomorwarraalona.”  Morago ga moo Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase ba ne ba tsamaya ba tlogela Baiseraele ba bangwe, ba ne ba tswa kwa Shilo kwa lefatsheng la Kanana mme ba boela kwa lefatsheng la Gileade,+ e leng lefatshe la thuo ya bone kwa ba neng ba agile gone go ya ka taelo ya ga Jehofa ka Moshe.+ 10  E rile Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase ba goroga mo dikgaolong tsa Joredane mo lefatsheng la Kanana, ba ne ba aga sebeso koo fa Joredane, sebeso se segolo se se kgatlhang. 11  Moragonyana Baiseraele ba bangwe ba ne ba utlwa+ go twe: “Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase ba agile sebeso mo molelwaneng wa lefatshe la Kanana mo dikgaolong tsa Joredane ka fa letlhakoreng la Baiseraele.” 12  E rile Baiseraele ba utlwa ka gone, phuthego yotlhe ya Baiseraele e ne ya phuthegela kwa Shilo+ gore e ye go tlhabana le bone. 13  Foo Baiseraele ba ne ba roma Finease+ morwa moperesiti Eliasare kwa Barubeneng, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase kwa lefatsheng la Gileade, 14  mme dikgosana di le lesome di ne di na le ene, kgosana e le nngwe ya kgotla ya bone go tswa mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele, nngwe le nngwe e le tlhogo ya kgotla ya bone mo diketeng* tsa Iseraele.+ 15  Fa ba goroga kwa Barubeneng, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase kwa lefatsheng la Gileade, ba ne ba ba raya ba re: 16  “Seno ke se phuthego yotlhe ya ga Jehofa e se buang: ‘Ke ka ntlha yang fa lo diretse Modimo wa Iseraele tiro eno ya go sa ikanyege?+ Gompieno lo tlogetse go sala Jehofa morago ka go ikagela sebeso le go tlhanogela Jehofa.+ 17  A molato o re neng ra o dira kwa Peore o ne o le monnye thata? Ga re ise re iphepafatse mo go one go fitlha mo letsatsing leno le fa gone phuthego ya ga Jehofa e ne ya tlelwa ke petso.+ 18  Mme jaanong lona lo batla go tlogela go sala Jehofa morago gompieno! Fa lo tlhanogela Jehofa gompieno, kamoso o tla bo a galefela phuthego yotlhe ya Iseraele.+ 19  Jaanong fa e le gore ke ka gonne lefatshe le lo nnang mo go lone ga le phepa, kgabaganyetsang kwa lefatsheng la thuo ya ga Jehofa+ kwa motlaagana wa ga Jehofa o agileng gone,+ lo nne le rona, mme lo se ka lwa tlhanogela Jehofa e bile lo se ka lwa re dira batlhanogi ka go ikagela sebeso go ntse go na le sebeso sa ga Jehofa, Modimo wa rona.+ 20  Fa Akane+ morwa Sera a ne a dira tiro ya go sa ikanyege ka ga selo se se neng se tshwanetse go senngwa, a Modimo ga a ka a galefela phuthego yotlhe ya Iseraele?+ Mme e ne e se ene fela motho yo o neng a swa ka ntlha ya molato wa gagwe.’”+ 21  Foo Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase ba ne ba araba ditlhogo tsa dikete* tsa Iseraele+ ba re: 22  “Modimo wa medimo, Jehofa!* Modimo wa medimo, Jehofa!+ Ene o a itse, mme Iseraele le yone e tla itse. Fa e le gore re ne ra tlhanoga e bile re ne ra se ka ra ikanyega mo go Jehofa, wena Modimo, o se ka wa re boloka mo letsatsing leno. 23  Fa e le gore re ne ra ikagela sebeso gore re tlogele go sala Jehofa morago le gore re ise ditlhabelo tse di fisiwang, ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tsa go abelana mo go sone, Jehofa o tla atlhola.+ 24  Tota re dirile seno ka gonne re ne re tshwenyegile ka sengwe se sele, ka gonne re ne ra re, ‘Mo nakong e e tlang bomorwaalona ba tla raya bomorwaarona ba re: “Lo amana jang le Jehofa, Modimo wa Iseraele? 25  Jehofa o beile Joredane e le molelwane fa gare ga rona le lona, Barubene le Bagada. Ga lo na kabelo epe mo go Jehofa.” Mme bomorwaalona ba tla kgoreletsa bomorwaarona go obamela* Jehofa.’ 26  “Ka jalo re ne ra re, ‘A re ikageleng sebeso, re sa se agele ditlhabelo tse di fisiwang kgotsa ditlhabelo tse dingwe, 27  mme re se agela gore e nne bosupi fa gare ga lona le rona+ le ditlogolwana* tsa rona tse di tla tlang morago ga rona, bosupi jwa gore re tla dira tirelo ya ga Jehofa fa pele ga gagwe ka ditlhabelo tsa rona tse di fisiwang, ditlhabelo tsa go abelana le ditlhabelo tse dingwe,+ gore bomorwaalona ba se ka ba raya bomorwaarona mo nakong e e tlang ba re: “Ga lo na kabelo epe mo go Jehofa.”’ 28  Ka jalo re ne ra re, ‘Fa ba ka bua jalo le rona le ditlogolwana* tsa rona mo nakong e e tlang, foo re tla re: “Bonang sebeso se se tshwanang le sebeso sa ga Jehofa se borraaronamogolo ba neng ba se dira, ba sa se direle ditlhabelo tse di fisiwang kgotsa ditlhabelo tse dingwe, mme ba se direla gore e nne bosupi fa gare ga lona le rona.”’ 29  Go ka se direge gore re tlhanogele Jehofa mme re tlogele go sala Jehofa morago+ gompieno ka go aga sebeso re se agela ditlhabelo tse di fisiwang, ditlhabelo tsa dijo tsa ditlhaka le ditlhabelo tse dingwe go ntse go na le sebeso sa ga Jehofa, Modimo wa rona se se fa pele ga motlaagana wa gagwe!”+ 30  E rile moperesiti Finease, dikgosana tsa phuthego le ditlhogo tsa dikete* tsa Iseraele tse di neng di na le ene, ba utlwa mafoko a a builweng ke ditlogolwana tsa ga Rubene, tsa ga Gada le tsa ga Manase, ba ne ba kgotsofala.+ 31  Ka jalo, Finease morwa moperesiti Eliasare o ne a raya ditlogolwana tsa ga Rubene, tsa ga Gada le tsa ga Manase a re: “Gompieno re a itse gore Jehofa o na le rona, ka gonne ga lo a tlhanogela Jehofa. Jaanong lo golotse Baiseraele mo seatleng sa ga Jehofa.” 32  Go tswa foo, Finease morwa moperesiti Eliasare le dikgosana ba ne ba tswa ba tlogela Barubene le Bagada kwa lefatsheng la Gileade ba bo ba boela kwa lefatsheng la Kanana, mme ba ne ba isa pego kwa Baiseraeleng ba bangwe. 33  Mme Baiseraele ba ne ba kgotsofalela pego eo. Go tswa foo, Baiseraele ba ne ba baka Modimo, mme ba ne ba se ka ba bua sepe ka kgang ya go ya go tlhabana le Barubene le Bagada le go senya lefatshe le ba neng ba nna mo go lone. 34  Ka jalo, Barubene le Bagada ba ne ba naya sebeso seo leina,* ka gonne “ke bosupi fa gare ga rona gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.
Kgotsa “dikgotleng.”
Kgotsa “dikgotla.”
Kgotsa “Yo e Leng Modimo, Modimo, Jehofa.”
Seheb., “boifa.”
Seheb., “dikokomana.”
Seheb., “dikokomana.”
Kgotsa “dikgotla.”
Go ya ka se go buiwang ka sone fano, go bonala sebeso seo se ne sa bidiwa Bosupi.