Joshua 4:1-24

  • Maje a e tla nnang segopotso (1-24)

4  Fela fa setšhaba sotlhe se feditse go kgabaganya Joredane, Jehofa o ne a raya Joshua a re:  “Tsaya banna ba le 12 go tswa mo bathong, monna a le mongwe go tswa mo lotsong longwe le longwe,+  mme o ba neye taelo eno: ‘Tsayang maje a le 12 mo gare ga Joredane, go tswa mo lefelong le dinao tsa baperesiti di neng di eme mo go lone di sa tshikinyege,+ mme lo a tseye lo kgabaganye ka one mme lo a beye kwa lefelong le lo tla lalang kwa go lone.’ ”+  Ka jalo, Joshua o ne a bitsa banna ba le 12 ba a neng a ba tlhomile go tswa mo Baiseraeleng, monna a le mongwe go tswa mo lotsong longwe le longwe,  mme Joshua o ne a ba raya a re: “Fetelang kwa pele ga Letlole la ga Jehofa, Modimo wa lona lo tsene mo gare ga Joredane, mme mongwe le mongwe wa lona a tsholetse leje a le beye mo legetleng la gagwe, go ya ka palo ya ditso tsa Baiseraele,  gore a nne sesupo mo go lona. Fa moragonyana bana ba lona* ba lo botsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa lo beile maje ano fano?’+  lo tshwanetse go ba raya lo re: ‘Ka gonne metsi a Joredane a ne a kgaotsa go elela fa pele ga letlole+ la kgolagano ya ga Jehofa. Fa letlole le ne le kgabaganya Joredane, metsi a Joredane a ne a kgaotsa go elela. Maje ano a tla nna segopotso* se se tla nnelang ruri mo bathong ba Iseraele.’ ”+  Ka jalo, Baiseraele ba ne ba dira fela jaaka Joshua a ne a laetse. Ba ne ba tsaya maje a le 12 mo gare ga Joredane, fela jaaka Jehofa a ne a laetse Joshua, gore a tsamaisane le palo ya ditso tsa Baiseraele. Ba ne ba kgabaganyetsa ka one kwa lefelong le ba neng ba tla lala kwa go lone mme ba ne ba a baya koo.  Gape Joshua o ne a tlhoma maje a le 12 mo gare ga Joredane mo lefelong le dinao tsa baperesiti ba ba neng ba tshwere letlole la kgolagano di neng di eme mo go lone,+ mme maje ao a sa ntse a le foo go fitlha mo letsatsing leno. 10  Baperesiti ba ba neng ba tshwere Letlole ba ne ba tswelela ba eme mo gare ga Joredane go fitlha sengwe le sengwe se Jehofa a neng a laetse Joshua gore a bolelele batho go se dira se wediwa, go dumalana le sotlhe se Moshe a neng a se laetse Joshua. Mo nakong eno yotlhe, batho ba ne ba itlhaganela ba kgabaganya. 11  Fela fa batho botlhe ba feditse go kgabaganya, baperesiti ba ne ba kgabaganya le Letlole la ga Jehofa, batho ba lebile.+ 12  Mme Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase ba ne ba kgabaganya ba tsamaya fa pele ga Baiseraele ba bangwe ka thulaganyo ba ipaakanyeditse ntwa,+ fela jaaka Moshe a ne a ba laetse.+ 13  Masole a a ipaakanyeditseng ntwa a ka nna 40 000 a ne a kgabaganya fa pele ga ga Jehofa a ya kwa sekakeng sa Jeriko. 14  Mo letsatsing leo, Jehofa o ne a tlotlomatsa Joshua mo matlhong a Iseraele yotlhe,+ mme ba ne ba mo tlotla thata* malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, fela jaaka ba ne ba tlotla Moshe thata.+ 15  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: 16  “Laela baperesiti ba ba tshwereng letlole+ la kgolagano gore ba tswe mo Joredane.” 17  Ka jalo, Joshua o ne a laela baperesiti a re: “Tswang mo Joredane.” 18  Fa baperesiti ba ba tshwereng letlole+ la kgolagano ya ga Jehofa ba ne ba tswa mo gare ga Joredane mme dinao tsa baperesiti di gata mmu o o omileng, metsi a Joredane a ne a simolola go elela gape mme a ne a elela a penologela kwa dintshing+ jaaka pele. 19  Batho ba ne ba kgabaganya Joredane mo letsatsing la bolesome la kgwedi ya ntlha mme ba ne ba kampa kwa Gilegala+ mo molelwaneng o o ka fa botlhaba jwa Jeriko. 20  Mme maje a a 12 a ba neng ba a ntshitse mo Joredane, Joshua o ne a a tlhoma kwa Gilegala.+ 21  Go tswa foo, o ne a raya Baiseraele a re: “Fa mo nakong e e tlang bana ba lona ba botsa borraabone ba re: ‘Maje ano a kaya eng?’+ 22  lo tshwanetse go tlhalosetsa bana ba lona jaana: ‘Iseraele e ne ya kgabaganya Joredane mo lefatsheng le le omileng+ 23  fa Jehofa, Modimo wa lona a ne a kgadisa metsi a Joredane fa pele ga bone go fitlha ba e kgabagantse, fela jaaka Jehofa, Modimo wa lona a ile a dira ka Lewatle le Lehibidu fa a ne a le kgadisa fa pele ga rona go fitlha re le kgabagantse.+ 24  O ne a dira seno gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tle di itse kafa seatla sa ga Jehofa se nonofileng ka gone+ le gore lo boife Jehofa, Modimo wa lona ka metlha.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bomorwaalona.”
Kgotsa “sengwe se se lo gopotsang.”
Seheb., “ba ne ba mmoifa.”