Joshua 5:1-15

  • Ba a rupisiwa kwa Gilegala (1-9)

  • Ba keteka Tlolaganyo; mana a a kgaotsa (10-12)

  • Kgosana ya lesomo la ga Jehofa (13-15)

5  Fela fa dikgosi tsotlhe tsa Baamore+ tse di neng di le ka fa bophirima* jwa Joredane le dikgosi tsotlhe tsa Bakanana+ tse di neng di le fa lewatleng di utlwa gore Jehofa o ne a kgadisitse metsi a Joredane fa pele ga Baiseraele go fitlha ba kgabaganya, ba ne ba felelwa ke maatla*+ e bile ba ne ba se ka ba nna le bopelokgale* ka ntlha ya Baiseraele.+  Ka yone nako eo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Itirele dithipa ka leje mme o rupise+ banna ba Iseraele gape, lekgetlo la bobedi.”  Ka jalo, Joshua o ne a itirela dithipa ka leje mme a rupisa banna ba Iseraele kwa Gibeathe-haralothe.*+  Leno ke lebaka la go bo Joshua a ne a ba rupisa: Banna botlhe mo bathong ba ba neng ba dule kwa Egepeto, banna botlhe ba ntwa,* ba ne ba swetse mo nageng fa ba le mo tseleng fa ba se na go tswa kwa Egepeto.+  Batho botlhe ba ba neng ba dule kwa Egepeto ba ne ba rupisitswe, mme batho botlhe ba ba neng ba tsholetswe mo nageng mo tseleng fa ba sena go tswa kwa Egepeto ba ne ba sa rupisiwa.  Baiseraele ba ne ba tsamaile dingwaga di le 40+ mo nageng go fitlha setšhaba sotlhe se swa, e leng banna ba ntwa ba ba duleng kwa Egepeto ba ba neng ba se ka ba ikobela lentswe la ga Jehofa.+ Jehofa o ne a ba ikanetse gore ga a kitla a ba letla gore ba bone lefatshe+ le Jehofa a neng a ikanetse borraabonemogolo gore o tla le re naya,+ lefatshe le le elelang mashi le tswina ya dinotshe.+  Ka jalo, o ne a ba emisetsa ka bomorwaabone.+ Bano ke bone ba Joshua a neng a ba rupisa; ba ne ba sa rupa ka gonne ba ne ba sa ba rupisiwa fa ba le mo tseleng.  Fa ba feditse go rupisa setšhaba sotlhe, ba ne ba tswelela ba ntse mo ba neng ba le gone mo kampeng go fitlha ba fola.  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Gompieno ke tlositse kgobo ya Egepeto mo go lona.” Ka jalo, lefelo leo le ne la bidiwa Gilegala*+ go fitlha mo letsatsing leno. 10  Baiseraele ba ne ba tswelela ba nna mo Gilegala, mme ba ne ba keteka Tlolaganyo mo letsatsing la bo14 la kgwedi,+ go le maitseboa, mo sekakeng sa Jeriko. 11  Letsatsi morago ga Tlolaganyo, ba ne ba simolola go ja thobo ya lefatshe, senkgwe se se se nang sebediso+ le korong e e besitsweng, mo go lone letsatsi leno. 12  Mme mo letsatsing le le latelang fa ba ne ba jele karolo nngwe ya thobo ya lefatshe, mana a ne a kgaotsa; Baiseraele ba ne ba se ka ba tlhola ba ja mana,+ mme ba ne ba simolola go ja thobo ya lefatshe la Kanana mo ngwageng oo.+ 13  Fa Joshua a ne a le gaufi le Jeriko, o ne a tsholetsa matlho mme a bona monna+ a eme fa pele ga gagwe a somotse tšhaka a e tshwere ka seatla sa gagwe.+ Joshua o ne a tsamaela kwa go ene mme a mmotsa a re: “A o mo letlhakoreng la rona kgotsa o mo go la baba ba rona?” 14  Foo o ne a re: “Ke* tlile ke le kgosana ya lesomo la ga Jehofa.”+ Foo Joshua o ne a wela fa fatshe ka sefatlhego a bo a obama mme a mo raya a re: “Morena wa me o tlile go bolelela motlhanka wa gagwe eng?” 15  Kgosana ya lesomo la ga Jehofa e ne ya raya Joshua ya re: “Rola ditlhako* tsa gago, ka gonne lefelo le o emeng mo go lone le boitshepo.” Ka yone nako eo, Joshua o ne a dira jalo.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “letlhakoreng le le ka fa ntlheng ya lewatle.”
Seheb., “dipelo tsa bone di ne tsa nyera.”
Seheb., “e bile go ne go sa tlhole go na le moya ope mo go bone.”
Mo go kayang “Thota ya Matlalo a Bonna.”
Kgotsa “banna ba dingwaga tsa bone di ba letlang go ya ntweng.”
Mo go kayang “Go Pitikolola.”
Seheb., “Nnyaa, mme ke.”
Seheb., “bompaatšhane.”