Joshua 6:1-27

  • Lobota lwa Jeriko lo a wa (1-21)

  • Rahabe le ba lelapa la gagwe ba a bolokwa (22-27)

6  Jaanong Jeriko e ne e tswetswe thata ka ntlha ya Baiseraele; go ne go se na ope yo o tswang e bile go se na ope yo o tsenang.+  Go tswa foo, Jehofa o ne a raya Joshua a re: “Bona, ke tsentse Jeriko mo seatleng sa gago le kgosi ya yone le batlhabani ba yone.+  Lona lotlhe banna ba ntwa lo gwante go dikologa motse, lo dikologe motse gangwe. Seo ke se lo tla se dirang malatsi a le marataro.  Laela baperesiti ba le supa gore ba tshole dinaka tsa diphelefu di le supa fa pele ga Letlole. Mme mo letsatsing la bosupa, lo gwante go dikologa motse ga supa mme baperesiti ba letse dinaka.+  Fa go lediwa lonaka lwa phelefu, fela fa lo utlwa modumo* wa lonaka, batho botlhe ba tlhabe mokgosi o mogolo wa ntwa. Foo lobota lwa motse lo tla wela fa fatshe+ mme batho ba tsene mo teng ga motse, mongwe le mongwe a tsene go lebagana le fa a emeng gone.”  Ka jalo, Joshua morwa Nune o ne a bitsa baperesiti mme a ba raya a re: “Tsayang letlole la kgolagano mme baperesiti ba le supa ba tshole dinaka di le supa tsa diphelefu fa pele ga Letlole la ga Jehofa.”+  Go tswa foo, o ne a raya batho a re: “Tsamayang mme lo gwante go dikologa motse, mme mephato e e ipaakanyeditseng ntwa+ e fetele kwa pele ga Letlole la ga Jehofa.”  Mme fela jaaka Joshua a ne a boleletse batho, baperesiti ba le supa ba ba tshotseng dinaka tsa diphelefu di le supa fa pele ga ga Jehofa ba ne ba fetela kwa pele ba bo ba letsa dinaka, mme letlole la ga Jehofa la kgolagano le ne le ba setse morago.  Mme mephato e e ipaakanyeditseng ntwa e ne ya fetela kwa pele ga baperesiti ba ba neng ba letsa dinaka mme masole a mangwe a a sireletsang a ne a setse Letlole morago fa dinaka di ne di ntse di lediwa di sa kgaotse. 10  Jaanong Joshua o ne a laetse batho a re: “Lo se ka lwa goa kgotsa lwa dira gore mantswe a lona a utlwiwe. Go se ka ga tswa lefoko lepe mo melomong ya lona go fitlha ka letsatsi la fa ke lo raya ke re, ‘Goang!’ Foo lo goe.” 11  O ne a ba laela gore ba dikologe motse ba tshwere Letlole la ga Jehofa, ba o dikologe gangwe, morago ga moo ba ne ba boela kwa kampeng mme ba lala gone. 12  Mo mosong wa letsatsi le le latelang, Joshua o ne a tsoga go sa le phakela, mme baperesiti ba ne ba tshola Letlole+ la ga Jehofa, 13  mme baperesiti ba le supa ba ba tshotseng dinaka tsa diphelefu di le supa ba ne ba tsamaya fa pele ga Letlole la ga Jehofa, ba letsa dinaka ba sa kgaotse. Mephato e e ipaakanyeditseng ntwa e ne e tsamaya kwa pele ga bone, fa masole a a sireletsang kwa morago one a ne a setse Letlole la ga Jehofa morago fa dinaka di ntse di lediwa di sa kgaotse. 14  Ba ne ba gwanta go dikologa motse gangwe mo letsatsing la bobedi, morago ga moo ba ne ba boela kwa kampeng. Ba ne ba dira jalo malatsi a le marataro.+ 15  Mo letsatsing la bosupa ba ne ba tsoga go sa le phakela, fela fa bo sa, mme ba ne ba gwanta go dikologa motse ga supa ka one mokgwa oo. Ke mo letsatsing leo fela ba neng ba gwanta go dikologa motse ga supa.+ 16  Mme mo lekgetlong la bosupa, baperesiti ba ne ba letsa dinaka, mme Joshua a raya batho a re: “Goang,+ ka gonne Jehofa o lo neile motse! 17  Motse le sengwe le sengwe se se mo go one di tshwanetse go senngwa;+ tsotlhe ke tsa ga Jehofa. Ke Rahabe+ fela wa mogwebakammele yo o tla tswelelang a tshela, ene le botlhe ba ba nang le ene mo ntlong, ka gonne o ne a fitlha barongwa ba re neng re ba rometse.+ 18  Mme lo ithibe mo go se se tshwanetseng go senngwa+ gore lo se ka lwa eletsa selo se se tshwanetseng go senngwa mme lwa se tsaya,+ lwa dira gore kampa ya Iseraele e nne selo se se tshwanetseng go senngwa ka go tlisa masetlapelo* mo go jone.+ 19  Le fa go ntse jalo, selefera le gauta le dilwana tsa kopore le tshipi, tsotlhe di boitshepo mo go Jehofa.+ Di tshwanetse go tsenngwa mo bobolokelamatlotlong jwa ga Jehofa.”+ 20  Foo batho ba ne ba goa fa dinaka di lediwa.+ Fela fa batho ba ne ba utlwa modumo wa lonaka e bile ba simolola go tlhaba mokgosi o mogolo wa ntwa, lobota lo ne lwa wela fa fatshe.+ Morago ga moo, batho ba ne ba tsena mo motseng, mongwe le mongwe go lebagana le fa a emeng gone, mme ba ne ba gapa motse. 21  Ba ne ba senya sotlhe se se neng se le mo motseng ka tšhaka, monna le mosadi, ba bannye le ba bagolo, poo, nku le tonki.+ 22  Joshua o ne a raya banna ba babedi ba ba neng ba ile go tlhola lefatshe a re: “Tsenang mo ntlong ya mosadi wa mogwebakammele mme lo ntshe mosadi yoo le botlhe ba gagwe, fela jaaka lo ne lo mo ikanetse.”+ 23  Ka jalo, makawana a a neng a ile go tlhola lefatshe a ne a tsena mme a ntsha Rahabe, mmogo le rraagwe, mmaagwe, bomogolowe le bomonnawe le botlhe ba kwa gabone; tota ba ne ba ntsha botlhe ba lelapa la gagabo+ mme ba ne ba ba isa kwa lefelong le le kwa ntle ga kampa ya Iseraele ba sireletsegile. 24  Go tswa foo, ba ne ba fisa motse le sengwe le sengwe se se neng se le mo go one ka molelo. Mme selefera, gauta le dilwana tsa kopore le tshipi, ba ne ba di isa kwa bobolokelamatlotlong jwa ga Jehofa.+ 25  Rahabe wa mogwebakammele le ba lelapa ga rraagwe le botlhe ba e neng e le ba gagwe, ke bone fela ba Joshua a ileng a ba boloka;+ mme o sa ntse a nna mo Iseraele go fitlha mo letsatsing leno,+ ka gonne o ile a fitlha barongwa ba Joshua a neng a ba romela go ya go tlhola Jeriko.+ 26  Ka yone nako eo, Joshua o ne a bua maikano ano:* “Monna yo o tla emang a bo a aga motse ono wa Jeriko sesha, a a hutsege fa pele ga ga Jehofa. Fa a thaya motheo wa one o tla swelwa ke ngwana wa gagwe wa leitibolo, mme fa a tsenya ditswalo tsa one o tla swelwa ke ngwana wa gagwe wa gofejane.”+ 27  Ka jalo, Jehofa o ne a nna le Joshua,+ mme o ne a tuma mo lefatsheng lotlhe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lo utlwa go lediwa mo go sa kgaotseng.”
Kgotsa “mathata; matlhabisaditlhong.”
Kgotsa gongwe “o ne a dira gore batho ba dire maikano ano.”