Joshua 7:1-26

  • Baiseraele ba a fenngwa kwa Ai (1-5)

  • Thapelo ya ga Joshua (6-9)

  • Boleo bo dira gore Baiseraele ba fenngwe (10-15)

  • Akane o a senolwa a bo a kgobotlediwa ka maje (16-26)

7  Mme Baiseraele ga ba a ka ba ikanyega ka ga selo se se neng se tshwanetse go senngwa, ka gonne Akane+ morwa Karami, morwa Sabedi, morwa Sera, wa lotso lwa ga Juda, o ne a tsere sengwe sa dilo tse di neng di tshwanetse go senngwa.+ Ka ntlha ya seno, bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Baiseraele.+  Go tswa foo, Joshua o ne a romela banna go tswa kwa Jeriko gore ba ye kwa Ai,+ e e gaufi le Bethe-afene e bile e le kwa botlhaba jwa Bethele,+ a ba raya a re: “Tsamayang lo ye go tlhola lefatshe.” Ka jalo, banna bano ba ne ba tsamaya ba ya go tlhola Ai.  Fa ba boela kwa go Joshua, ba ne ba mo raya ba re: “Ga go tlhokege gore go tsamaye batho botlhe. Banna ba ka nna dikete di le pedi kgotsa di le tharo ba lekane go fenya Ai. O se ka wa lapisa batho botlhe ka go dira gore ba ye koo, ka gonne baagi ba koo ba mmalwanyana fela.”  Ka jalo, go ne ga tsamaya banna ba ka nna 3 000, le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba fa pele ga banna ba Ai.+  Banna ba Ai ba ne ba kgemetha banna ba ka nna 36 mme ba ba latelela go tloga kwa ntle ga kgoro go ya go fitlha kwa Shebarime* mme ba ne ba tswelela ba ba kgemetha mo mokgokoloseng. Ka jalo, dipelo tsa batho di ne tsa nyera mme ba felelwa ke bopelokgale.*  Foo Joshua o ne a gagoganya diaparo tsa gagwe mme a wela fa fatshe ka sefatlhego fa pele ga Letlole la ga Jehofa go fitlha maitseboa, ene le bagolwane ba Iseraele, mme ba ne ba nna ba itshela lorole mo ditlhogong.  Joshua o ne a re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa, ke ka ntlha yang fa o tsamaisitse batho bano loeto lo loleele jaana gore ba kgabaganye Joredane e le fela gore o re neele Baamore gore re senngwe? E kete re ka bo re ile ra kgotsofalela go nna ka kwa letlhakoreng le lengwe* la Joredane!  Intshwarele, tlhe Jehofa, ke tla reng jaanong ka gonne Baiseraele ba tshabile fa pele ga baba ba bone?*  Fa Bakanana le banni botlhe ba lefatshe leno ba ka utlwa ka gone, ba tla re tlhasela ba bo ba phimola leina la rona mo lefatsheng, mme o tla dira eng ka leina la gago le legolo?”+ 10  Jehofa o ne a araba Joshua a re: “Ema! Ke ka ntlha yang fa o ole ka sefatlhego? 11  Baiseraele ba leofile. Ba tlodile kgolagano+ ya me e ke ba laetseng gore ba e ikobele. Ba tsere sengwe mo dilong tse di neng di tshwanetse go senngwa,+ ba se utswile+ ba bo ba se fitlha mo dithotong tsa bone.+ 12  Ka jalo, Baiseraele ga ba kitla ba kgona go fenya baba ba bone. Ba tla boela morago ba tshaba baba ba bone, ka gonne ba tshwanetse go senngwa. Fa lo sa nyeletse motho yo ke neng ka re o tshwanetse go senngwa, ga nkitla ke tlhola ke nna le lona.+ 13  Ema mme o bolelele batho gore ba ipaakanye!*+ O ba reye o re, ‘Ipaakanyetseng letsatsi la kamoso, ka gonne seno ke se Jehofa, Modimo wa Iseraele a se buang: “Baiseraele, go na le motho mo go lona yo o tshwanetseng go senngwa. Fa lo sa mo nyeletse, ga lo kitla lo kgona go fenya baba ba lona. 14  Mo mosong lo itlhagise go ya ka ditso, mme lotso lo Jehofa a lo tlhophang+ lo atamele go ya ka malapa, mme lelapa le Jehofa a le tlhophang le atamele go ya ka matlo, mme ntlo e Jehofa a e tlhophang e atamele go ya ka banna. 15  Mme motho yo o tla tshwarwang a tshotse selo se se tshwanetseng go senngwa o tla fisiwa ka molelo,+ ene le tsotlhe tsa gagwe, ka gonne o tlodile kgolagano+ ya ga Jehofa le ka gonne o dirile tiro ya matlhabisaditlhong mo Iseraele.”’” 16  Ka jalo, mo mosong o o latelang Joshua o ne a tsoga go sa le phakela mme a laela gore Iseraele e atamele go ya ka ditso, mme go ne ga tlhophiwa lotso lwa ga Juda. 17  O ne a laela gore malapa a Juda a atamele, mme go ne ga tlhophiwa lelapa la Basera,+ morago ga moo o ne a laela gore lelapa la Basera le atamele go ya ka banna, mme go ne ga tlhophiwa Sabedi. 18  La bofelo o ne a laela gore lelapa la ga Sabedi le atamele go ya ka banna, mme go ne ga tlhophiwa Akane morwa Karami, morwa Sabedi, morwa Sera, wa lotso lwa ga Juda.+ 19  Go tswa foo, Joshua o ne a raya Akane a re: “Tsweetswee morwaaka, tlotla Jehofa, Modimo wa Iseraele mme o ipolele mo go ene. Tsweetswee, mpolelele se o se dirileng. O se ka wa se mphitlhela.” 20  Akane o ne a araba Joshua a re: “Go bua boammaaruri, ke nna ke leofetseng Jehofa, Modimo wa Iseraele, mme seno ke se ke se dirileng. 21  E rile ke bona seaparo se se kgethegileng se sentle sa kwa Shinare+ mo dilong tse di neng di gapilwe le dishekele* tsa selefera di le 200 le setena sa gauta se le sengwe sa bokete jwa dishekele di le 50, ke ne ka di eletsa, ka jalo ke ne ka di tsaya. Jaanong di fitlhilwe fa fatshe mo tenteng ya me, le madi a ka fa tlase.” 22  Ka yone nako eo, Joshua o ne a roma barongwa mme ba ne ba sianela kwa tenteng, mme seaparo se ne se fitlhilwe mo tenteng ya gagwe, madi a le ka fa tlase ga sone. 23  Ka jalo, ba ne ba di ntsha mo tenteng ba bo ba di tlisa kwa go Joshua le Baiseraele botlhe mme ba di baya fa pele ga ga Jehofa. 24  Joshua le Baiseraele botlhe ba ne ba tsaya Akane+ morwa Sera, selefera, seaparo se se kgethegileng, setena sa gauta,+ bomorwawe, bomorwadie, poo ya gagwe, tonki ya gagwe, letsomane la gagwe, tente ya gagwe le sengwe le sengwe se e neng e le sa gagwe mme ba ne ba di isa kwa Mokgatšheng* wa Akore.+ 25  Joshua o ne a re: “Ke ka ntlha yang fa o re tliseditse masetlapelo?*+ Jehofa o tla go tlisetsa masetlapelo mo letsatsing leno.” Foo Iseraele yotlhe e ne ya mo kgobotletsa ka maje,+ morago ga moo ba ne ba ba fisa ka molelo.+ Ka jalo, ba ne ba ba kgobotletsa botlhe ka maje. 26  Mme ba ne ba baya mokoa o mogolo wa maje mo godimo ga gagwe, o o sa ntseng o le gone go fitlha mo letsatsing leno. Ka ntlha ya seno, bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa fokotsega.+ Ke gone ka moo leina la lefelo leo e leng Mokgatšha wa Akore,* go fitlha mo letsatsing leno.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Dikwari.”
Kgotsa “bopelokgale jwa batho bo ne jwa nyerologa mme jwa elela jaaka metsi.”
Go tewa letlhakore le le ka fa botlhaba.
Kgotsa “ba neile baba ba bone mokwatla?”
Kgotsa “o dire gore batho ba nne boitshepo!”
Shekele e lekana le 11,4 g. Bona Dintlha B14.
Kgotsa “Lebaleng le le Kwa Tlase.”
Kgotsa “mathata; matlhabisaditlhong?”
Mo go kayang “Masetlapelo; Matlhabisaditlhong.”