Lefitiko 1:1-17

  • Setlhabelo se se fisiwang (1-17)

1  Jehofa o ne a bitsa Moshe mme a bua le ene go tswa mo tenteng ya bokopanelo+ a re:  “Bua le Baiseraele* mme o ba reye o re, ‘Fa mongwe wa lona a ntshetsa Jehofa mpho e e tswang mo diruiweng, lo ntshe mpho ya lona go tswa mo motlhapeng kgotsa mo letsomaneng.+  “‘Fa e le gore o ntsha setlhabelo se se fisiwang go tswa mo motlhapeng, a a ntshe phologolo e tonanyana e e itekanetseng sentle.+ A e ise ka go rata+ fa pele ga ga Jehofa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo.  A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya phologolo ya setlhabelo se se fisiwang, mme Modimo o tla se amogela a bo a itshwarela maleo a gagwe.*  “‘Go tswa foo, powana eo e tshwanetse go tlhabelwa fa pele ga ga Jehofa mme bomorwa Arone, e leng baperesiti,+ ba tla tlisa madi a yone ba bo ba a kgatšha mo matlhakoreng otlhe a sebeso+ se se fa kgorong ya tente ya bokopanelo.  Phologolo eo ya setlhabelo se se fisiwang e buiwe e bo e kgaoganngwa ka dikarolwana.+  Bomorwa Arone, e leng baperesiti, ba gotse molelo mo sebesong+ ba bo ba rulaganye dikgong mo molelong.  Bomorwa Arone, e leng baperesiti, ba tla rulaganya dikarolwana tseo tsa yone+ le tlhogo le lemipi* mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo sebesong.  Mala a yone le maoto a yone di tlhatswiwe ka metsi, mme moperesiti a e fise yotlhe fela gore e kuise mosi mo sebesong e le setlhabelo se se fisiwang, se se dirwang ka molelo sa lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.+ 10  “‘Fa e le gore o ntsha setlhabelo se se fisiwang go tswa mo letsomaneng,+ mo diphelefung tse dipotlana kgotsa mo dipoding, a a ise phologolo e tonanyana e e itekanetseng sentle.+ 11  E tlhabelwe fa thoko ga sebeso ka fa bokone fa pele ga ga Jehofa mme bomorwa Arone, ba baperesiti, ba tla kgatšha madi a yone mo matlhakoreng otlhe a sebeso.+ 12  O tla e kgaoganya ka dikarolwana, mme moperesiti o tla di rulaganya mmogo le tlhogo ya yone le lemipi* la yone mo godimo ga dikgong tse di mo molelong o o mo sebesong. 13  O tla tlhatswa mala a yone le maoto a yone ka metsi, mme moperesiti o tla e isa yotlhe a bo a e fisa mo sebesong gore e kuise mosi. Ke setlhabelo se se fisiwang, se se dirwang ka molelo sa lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa. 14  “‘Le fa go ntse jalo, fa a ntsha dinonyane e le setlhabelo se se fisiwang se se yang kwa go Jehofa, o tla ntsha maeba kgotsa maphoi a mannye.+ 15  Moperesiti o tla isa leeba mo sebesong mme a le phunye mo molaleng a bo a le fisa mo sebesong gore le kuise mosi, mme madi a lone a tshololelwe mo letlhakoreng la sebeso. 16  A ntshe jelo* ya lone le mafofa a lone a di latlhele fa thoko ga sebeso, ka fa botlhaba, mo lefelong la melora.*+ 17  O tla le phatlola fa diphukeng tsa lone a sa le kgaoganye dikarolo tse pedi. Go tswa foo, moperesiti o tla le fisa gore le kuise mosi mo sebesong mo godimo ga dikgong tse di mo molelong. Ke setlhabelo se se fisiwang, se se dirwang ka molelo sa lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “bomorwa Iseraele.”
Kgotsa “a bo a direlwa tetlanyo.”
Kgotsa “mafura a a dikologileng diphilo.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “mafura a a dikologileng diphilo.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Ke kgetsananyana e e mo mometsong e e tsenyang dijo.
Kgotsa “melora e e mafura,” go tewa melora e e kolobeditsweng ke mafura a ditlhabelo.
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”