Lefitiko 13:1-59

  • Melao e e amanang le lepero (1-46)

  • Lepero le le mo diaparong (47-59)

13  Jehofa o ne a tswelela a bua le Moshe le Arone a re:  “Fa motho a ruruga mo letlalong,* a tswa legogo kgotsa sebata, tse di ka fetogang bolwetse jwa lepero*+ mo letlalong la gagwe, foo o tshwanetse go isiwa kwa go moperesiti Arone kgotsa kwa go mongwe wa bomorwawe, e leng baperesiti.+  Moperesiti o tla tlhatlhoba karolo ya letlalo la gagwe e e tshwaetsegileng. Fa moriri o o mo karolong eo o fetogile o le mosweu mme karolo eo e lebega e le boteng go feta letlalo, ke bolwetse jwa lepero. Moperesiti o tla e tlhatlhoba a bo a bolela gore o itshekologile.  Mme fa sebata se se mo letlalong la gagwe se le sesweu e bile se lebega se se boteng go feta letlalo, le moriri wa sone o sa fetoga wa nna mosweu, foo moperesiti o tla beela motho yo o tshwaetsegileng kwa thoko a le esi malatsi a le supa.+  Mo letsatsing la bosupa, moperesiti o tla mo tlhatlhoba, mme fa go tshwaetsega go lebega go eme e bile go sa anamela mo letlalong, moperesiti o tla mmeela kwa thoko a le esi malatsi a mangwe a le supa.  “Mo letsatsing la bosupa moperesiti a mo tlhatlhobe lekgetlo la bobedi, mme fa bosweu jwa karolo e e tshwaetsegileng bo fokotsegile e bile bo sa anamela mo letlalong, moperesiti o tla itsise gore o itshekile;+ e ne e le legogo fela. Go tswa foo, motho yoo o tla tlhatswa diaparo tsa gagwe a bo a itsheka.  Mme fa go bonala sentle gore legogo le* anametse mo letlalong fa a sena go ya kwa moperesiting go tlhomamisa gore a o itshekile, o tla ya gape* kwa moperesiting.  Moperesiti o tla tlhatlhoba legogo leo mme fa le anametse mo letlalong, moperesiti o tla itsise gore o itshekologile. Ke lepero.+  “Fa motho a tshwarwa ke bolwetse jwa lepero, o tshwanetse go isiwa kwa moperesiting, 10  mme moperesiti o tla mo tlhatlhoba.+ Fa go na le karolo e tshweu e e rurugileng mo letlalong mme e dirile gore moriri o nne mosweu e bile go na le sesô se se bulegileng+ mo karolong eo e e rurugileng, 11  ke lepero le le sa foleng mo letlalong la gagwe, mme moperesiti o tla itsise gore o itshekologile. A se ka a mmeela kwa thoko a le esi,+ ka gonne o itshekologile. 12  Jaanong fa lepero le tswa gotlhe mo letlalong mme lepero leno le khurumetsa motho ka bolwetse jono go tswa mo tlhogong go ya kwa lonaong, mo moperesiti a kgonang go le bona, 13  mme moperesiti a mo tlhatlhobile a bo a bona gore lepero le tletse mo letlalong lotlhe, foo o tla itsise gore motho yo o tshwaetsegileng o itshekile.* Lotlhe le fetogile lesweu mme o itshekile. 14  Mme fa go direga gore go nne le sesô se se bulegileng mo go lone, o tla bo a itshekologile. 15  Fa moperesiti a bona sesô se se bulegileng, o tla itsise gore motho yoo o itshekologile.+ Sesô seo se se bulegileng se itshekologile. Ke lepero.+ 16  Mme fa sesô se se bulegileng se nna sesweu gape, foo o tla ya kwa moperesiting. 17  Moperesiti o tla mo tlhatlhoba,+ mme fa karolo e e tshwaetsegileng e fetogile e le tshweu, foo moperesiti o tla itsise motho yo o tshwaetsegileng gore o itshekile. O itshekile. 18  “Fa motho a tswa lethopa* mo letlalong mme le bo le fola, 19  go bo go tswa sebata se sesweu se se rurugileng kgotsa se se bosweu jo bohibitswana fa go neng go dule lethopa gone, foo o tshwanetse go ya kwa moperesiting. 20  Moperesiti o tla se tlhatlhoba+ mme fa se lebega se le boteng go feta letlalo e bile moriri wa sone o fetogile o le mosweu, moperesiti o tla itsise gore o itshekologile. Ke bolwetse jwa lepero jo bo duleng mo lethopeng. 21  Mme fa moperesiti a se tlhatlhoba a bo a bona gore ga se na moriri o mosweu e bile ga se boteng go feta letlalo le gore bosweu jwa sone bo fokotsegile, foo moperesiti o tla mmeela kwa thoko a le esi malatsi a le supa.+ 22  Mme fa go bonala sentle gore se anametse mo letlalong, foo moperesiti o tla itsise gore o itshekologile. Ke bolwetse. 23  Mme fa sebata seno se nna mo lefelong le le lengwe se sa anama, ke go ruruga ga lethopa fela, mme moperesiti o tla bolela gore o itshekile.+ 24  “Kgotsa fa mongwe a nna le lebadi la molelo mme nama ya lebadi e e iseng e fole e bo e nna le sebata se se bosweu jo bohibitswana kgotsa se sesweu, 25  foo moperesiti o tla se tlhatlhoba. Fa moriri o o mo sebateng o fetogile o le mosweu e bile se lebega se le boteng go feta letlalo, ke lepero le le duleng mo lebading, mme moperesiti o tla itsise gore o itshekologile. Ke bolwetse jwa lepero. 26  Mme fa moperesiti a se tlhatlhoba a bo a bona gore ga go na moriri o mosweu mo sebateng seo e bile ga se boteng go feta letlalo, gape bosweu jwa sone bo fokotsegile, foo moperesiti o tla mmeela kwa thoko a le esi malatsi a le supa.+ 27  Mo letsatsing la bosupa, moperesiti o tla mo tlhatlhoba mme fa go bonala sentle gore se anametse mo letlalong, foo moperesiti o tla bolela gore o itshekologile. Ke bolwetse jwa lepero. 28  Mme fa sebata se nna mo lefelong le le lengwe se sa anamela mo letlalong e bile bosweu jwa sone bo fokotsegile, ke go ruruga ga lebadi fela, mme moperesiti o tla itsise gore o itshekile, ka gonne ke go ruruga ga lebadi. 29  “Fa monna kgotsa mosadi a tshwaetsegile mo tlhogong kgotsa mo seledung, 30  foo moperesiti o tla tlhatlhoba karolo e e tshwaetsegileng.+ Fa e lebega e le boteng go feta letlalo e bile moriri o le serolwana gape o se montsi, moperesiti o tla bolela motho yoo e le yo o itshekologileng; ke go tshwaediwa ga letlalo la tlhogo kgotsa ga ditedu. Ke lepero la tlhogo kgotsa la seledu. 31  Mme fa moperesiti a bona gore karolo e e tshwaetsegileng ga e boteng go feta letlalo e bile ga go na moriri o montsho mo go yone, moperesiti a beele motho yoo yo o tshwaetsegileng kwa thoko a le esi malatsi a le supa.+ 32  Mo letsatsing la bosupa moperesiti o tla tlhatlhoba karolo e e tshwaetsegileng, mme fa e sa anama e bile go sa tswa moriri o o serolwana mo go yone, gape karolo eo e e tshwaetsegileng e lebega e se boteng go feta letlalo, 33  motho yoo a beolwe, mme a se ka a beolwa karolo e e tshwaetsegileng. Go tswa foo, moperesiti o tla beela motho yoo yo o tshwaetsegileng kwa thoko a le esi malatsi a le supa. 34  “Mo letsatsing la bosupa, moperesiti o tla tlhatlhoba gape karolo e e tshwaetsegileng, mme fa go tshwaetsega ga letlalo la tlhogo le ga ditedu go sa anamela mo letlalong e bile go sa lebege go le boteng go feta letlalo, foo moperesiti o tshwanetse go itsise gore o itshekile, mme a tlhatswe diaparo tsa gagwe a bo a itsheka. 35  Mme fa go bonala sentle gore karolo e e tshwaetsegileng e anamela mo letlalong fa a sena go itsheka, 36  moperesiti o tla mo tlhatlhoba, mme fa karolo e e tshwatsegileng e anametse mo letlalong, moperesiti ga a tlhoke go batla moriri o o serolwana; motho yoo o itshekologile. 37  Mme fa a mo tlhatlhoba a bo a bona gore karolo e e tshwaetsegileng ga e a anama e bile go tlhogile moriri o montsho mo go yone, seo se raya gore karolo eo e e tshwaetsegileng e fodile. O itshekile, mme moperesiti o tla itsise e le yo o itshekileng.+ 38  “Fa monna kgotsa mosadi a tswa dibata mo letlalong,* mme dibata tseo di le ditshweu, 39  moperesiti o tla di tlhatlhoba.+ Fa bosweu jwa dibata tseo tse di mo letlalong bo fokotsegile, ke boswata jo bo seng kotsi jo bo duleng mo letlalong. Motho yoo o itshekile. 40  “Fa monna a felelwa ke moriri wa tlhogo a bo a nna lefatla, o itshekile. 41  Mme fa a felelwa ke moriri fa pele mo tlhogong a bo a nna lefatla mo karolong eo, o itshekile. 42  Mme fa a tswa sesô se se bosweu jo bohibitswana mo karolong e e lefatla ya tlhogo kgotsa mo phatleng, ke lepero le le tswang mo lefatleng kgotsa mo phatleng ya gagwe. 43  Moperesiti o tla mo tlhatlhoba, mme fa karolo e e tshwaetsegileng e e rurugileng e le bosweu jo bohibitswana mo lefatleng mo godimo ga tlhogo ya gagwe kgotsa mo phatleng e bile e lebega jaaka lepero mo letlalong la gagwe, 44  ke molepero. O itshekologile mme moperesiti a itsise gore o itshekologile ka ntlha ya bolwetse jo bo mo tlhogong ya gagwe. 45  Fa e le molepero yo o nang le bolwetse jono ene, diaparo tsa gagwe di gagolwe le moriri wa tlhogo ya gagwe o se ka wa tlhokomelwa mme a khurumetse ditedu tse di fa godimo ga molomo wa gagwe a bo a goa a re, ‘Boitshekologo, boitshekologo!’ 46  O tla itshekologa mo malatsing otlhe a a tshwerweng ke bolwetse jono. E re ka a itshekologile, a nne a le esi. O tla nna kwa ntle ga kampa.+ 47  “Fa bolwetse jwa lepero bo kgotlela seaparo, e ka tswa e le seaparo sa wulu kgotsa sa letsela le le boleta, 48  e ka tswa e le mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang tsa letsela le le boleta kgotsa la wulu kgotsa mo letlalong kgotsa mo go sepe fela se se dirilweng ka letlalo, 49  mme fa patso e e botala jo boserolwana kgotsa jo bohibitswana e e bakilweng ke bolwetse jono e kgotlela seaparo, letlalo, ditlhale tse di tlhamalalang, ditlhale tse di kgabaganyang kgotsa selo sepe fela sa letlalo, seaparo seo se kgotletswe ke lepero, mme se bontshiwe moperesiti. 50  Moperesiti o tla tlhatlhoba bolwetse joo, mme o tshwanetse go beela seaparo se se nang le bolwetse joo kwa thoko malatsi a le supa.+ 51  Mo letsatsing la bosupa fa a tlhatlhoba bolwetse joo a bo a bona gore bo anametse mo seaparong, mo ditlhaleng tse di tlhamalalang, mo ditlhaleng tse di kgabaganyang kgotsa mo letlalong (go sa kgathalesege gore le dirisediwa eng), bolwetse joo ke lepero le le kotsi mme selo seo se itshekologile.+ 52  A fise seaparo seo kgotsa ditlhale tse di tlhamalalang kgotsa ditlhale tse di kgabaganyang tsa wulu kgotsa tsa letsela le le boleta kgotsa selo sepe fela sa letlalo se bolwetse jono bo tlhagileng mo go sone ka gonne ke lepero le le kotsi. Se tshwanetse go fisiwa mo molelong. 53  “Mme fa moperesiti a se tlhatlhoba a bo a fitlhela bolwetse joo bo sa anamela mo seaparong kgotsa mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang kgotsa mo selong sepe fela sa letlalo, 54  foo moperesiti o tla laela gore ba tlhatswe selo seo se se nang le patso, mme o tla se beela kwa thoko malatsi a mangwe a le supa. 55  Go tswa foo, moperesiti o tla tlhatlhoba selo se se nang le patso fa se sena go tlhatswiwa mo go tseneletseng. Fa tsela e patso e lebegang ka yone e sa fetoga, tota le fa bolwetse bo sa anama, selo seo se itshekologile. O se fise mo molelong ka gonne se jegile, e ka tswa e le ka fa teng kgotsa ka fa ntle. 56  “Mme fa moperesiti a se tlhatlhobile a bo a bona gore mmala wa karolo e e nang le patso o fokotsegile fa se sena go tlhatswiwa mo go tseneletseng, foo o tla e gagola a e ntsha mo seaparong kgotsa mo letlalong kgotsa mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang. 57  Le fa go ntse jalo, fa patso e sa ntse e bonala mo karolong e nngwe ya seaparo kgotsa mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang kgotsa mo selong sepe fela sa letlalo, seo se raya gore e a anama, mme selo sepe fela se se kgotletsweng o se fise ka molelo.+ 58  Mme fa patso e sa tlhole e bonala mo seaparong kgotsa mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang kgotsa mo selong sepe fela sa letlalo se o se tlhatswang, foo se tlhatswiwe lekgetlo la bobedi, mme se tla itsheka. 59  “Ono ke molao wa bolwetse jwa lepero jo bo mo seaparong sa wulu kgotsa sa letsela le le boleta kgotsa mo ditlhaleng tse di tlhamalalang kgotsa mo ditlhaleng tse di kgabaganyang kgotsa mo selong sepe fela sa letlalo, gore se bolelwe e le se se itshekileng kgotsa se se itshekologileng.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “mo letlalong la nama ya gagwe.”
Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “lepero” le ka tlhalosiwa ka ditsela tse dintsi e bile le ka akaretsa mefuta e e farologaneng ya malwetse a letlalo a a tshelanwang. Gape le ka akaretsa megare mengwe e e fitlhelwang mo diaparong le mo matlong.
Kgotsa “go tshwaediwa go.”
Kgotsa “lekgetlo la bobedi.”
Kgotsa “yoo a ka se tshele ba bangwe.”
Kgotsa “sekaku; tlhagala.”
Seheb., “mo letlalong la nama ya bone.”