Lefitiko 17:1-16

  • Motlaagana, lefelo la ditlhabelo (1-9)

  • Madi ga a tshwanela go jewa (10-14)

  • Melao e e amanang le diphologolo tse di suleng (15, 16)

17  Jehofa o ne a tswelela a raya Moshe a re:  “Bua le Arone le bomorwawe le Baiseraele botlhe mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se laetseng:  “‘“Fa Moiseraele a tlhabela poo kgotsa phelefu e potlana kgotsa podi mo kampeng kgotsa a e tlhabela kwa ntle ga kampa,  go na le gore a e tlise kwa kgorong ya tente ya bokopanelo gore a e isetse Jehofa e le setlhabelo fa pele ga motlaagana wa ga Jehofa, motho yoo o tla nna le molato wa madi. O tsholotse madi, mme motho yoo o tshwanetse go bolawa.  Seno se tla dirwa e le gore Baiseraele ba ise ditlhabelo kwa go Jehofa kwa kgorong ya tente ya bokopanelo kwa moperesiting, ditlhabelo tse gone jaanong ba di ntshetsang kwa nageng. Ba di ntshetse Jehofa e le ditlhabelo tsa go abelana.+  Mme moperesiti o tla kgatšha madi mo sebesong sa ga Jehofa se se kwa kgorong ya tente ya bokopanelo a bo a fisa mafura gore a kuise mosi e le lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.+  Gore ba se ka ba tlhola ba ntshetsa madimona a a tshwanang le dipodi* ditlhabelo,+ a ba akafalang le one.+ Ono e tla nna molao o o tla nnelang ruri mo go lona mo dikokomaneng tsotlhe tsa lona.”’  “O ba reye o re, ‘Moiseraele kgotsa motswakwa ope yo o agileng le lona yo o isang setlhabelo se se fisiwang kgotsa setlhabelo se sengwe,  mme a sa se tlise kwa kgorong ya tente ya bokopanelo gore a se isetse Jehofa, o tshwanetse go bolawa.+ 10  “‘Fa Moiseraele kgotsa motswakwa yo o agileng le lona a ja madi* a mofuta ope fela,+ ruri ke tla galefela motho yoo yo o jang madi, mme ke tla mmolaya. 11  Gonne botshelo* jwa nama bo mo mading,+ mme nna ke lo a neile gore lo a ntshe mo sebesong+ gore maleo a lona a itshwarelwe ka gonne madi ke one a dirang gore lo itshwarelwe maleo+ ka ntlha ya botshelo* jo bo mo go one. 12  Ke gone ka moo ke reileng Baiseraele ka re: “Go se nne le ope wa lona yo o jang madi e bile go se nne le motswakwa ope yo o agileng le lona+ yo o jang madi.”+ 13  “‘Fa mongwe wa Baiseraele kgotsa motswakwa ope yo o agileng le lona a tsoma a bo a tshwara phologolo ya naga kgotsa nonyane e e ka jewang, o tshwanetse go tsholola madi a yone+ a bo a a katela ka lorole. 14  Gonne botshelo* jwa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone ka gonne botshelo* bo mo go one. Ka jalo, ke ne ka raya Baiseraele ka re: “Ga lo a tshwanela go ja madi a nama ya mofuta ope fela, ka gonne botshelo* jwa nama ya mofuta mongwe le mongwe ke madi a yone. Ope fela yo o a a jang o tla bolawa.”+ 15  Fa motho ope fela, e ka tswa e le motho wa mo lefelong la lona kgotsa motswakwa, a ja nama ya phologolo e e fitlhetsweng e sule kgotsa e e gagogantsweng ke sebatana,+ foo o tshwanetse go tlhatswa diaparo tsa gagwe a bo a tlhapa ka metsi mme o tla itshekologa go fitlha maitseboa;+ go tswa foo o tla itsheka. 16  Mme fa a sa di tlhatswe e bile a sa tlhape mmele wa gagwe,* o tla otlhaelwa phoso ya gagwe.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Seheb., “ntshetsa dipodi.”
Go tewa madi a setshedi sepe fela.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “nama ya gagwe.”