Lefitiko 2:1-16

  • Setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka (1-16)

2  “‘Jaanong fa mongwe a isetsa Jehofa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka,+ setlhabelo sa gagwe e tshwanetse go nna bupi jo bo boleta, mme a tshele leokwane mo go sone a bo a baya borekhu jo bo nkgang monate* mo go sone.+  Go tswa foo, o tla se tlisa mo go bomorwa Arone, e leng baperesiti, mme moperesiti o tla tsaya bupi jo bo boleta bo tletse seatla le leokwane le borekhu jo bo nkgang monate jotlhe jwa sone, mme o tla di fisa mo sebesong gore di kuise mosi e le karolo e e emelang setlhabelo sotlhe,*+ e leng setlhabelo se se dirwang ka molelo sa lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.  Sepe fela se se salang mo setlhabelong sa dijo tsa ditlhaka ke sa ga Arone le bomorwawe,+ ke sengwe se se boitshepotshepo+ se se tswang mo ditlhabelong tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo.  “‘Fa o isa mpho ya setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se apeilweng mo ontong,* e nne sa bupi jo bo boleta, dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka tse di se nang sebediso di tlhakantswe le leokwane kgotsa e nne sa diphaphatha tse di se nang sebediso di tshasitswe leokwane.+  “‘Fa mpho e o e ntshang e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se apeilweng mo paneng,+ e nne sa bupi jo bo boleta jo bo se nang sebediso bo tlhakantswe le leokwane.  Se ngathoganngwe gore se nne dikarolwana, mme o tshele leokwane mo go sone.+ Ke setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka.  “‘Fa mpho e o e ntshang e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se apeilweng mo paneng e e boteng, se dirwe ka bupi jo bo boleta le leokwane.  O tlise setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka se se neng se dirilwe ka dilo tseo kwa go Jehofa, mme se tla isiwa kwa moperesiting, ene o tla se atametsa fa sebesong.  Mme moperesiti o tla tsaya bontlhanngwe jwa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka e le karolo e e emelang setlhabelo sotlhe*+ a bo a e fisa gore e kuise mosi mo sebesong e le setlhabelo se se dirwang ka molelo sa lonko lo lo itumedisang* lo lo yang kwa go Jehofa.+ 10  Se se salang mo setlhabelong sa dijo tsa ditlhaka ke sa ga Arone le bomorwawe, ke sengwe se se boitshepotshepo sa ditlhabelo tsa ga Jehofa tse di dirwang ka molelo.+ 11  “‘Lo se ka lwa isetsa Jehofa setlhabelo sepe sa dijo tsa ditlhaka se se nang le sebediso,+ ka gonne ga lo a tshwanela go fisa tlhama epe e e nang le sebediso kgotsa tswina ya dinotshe mo sebesong gore di kuise mosi e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa. 12  “‘Lo ka nna lwa di ntshetsa Jehofa e le mpho ya mabutswapele,+ mme ga di a tshwanela go tlisiwa mo sebesong e le lonko lo lo itumedisang.* 13  “‘Setlhabelo sengwe le sengwe sa dijo tsa ditlhaka se o se ntshang se lokiwe ka letswai; mme ga o a tshwanela go letla gore setlhabelo sa gago sa dijo tsa ditlhaka se tlhoke letswai la kgolagano ya Modimo wa gago. Fa o ntsha setlhabelo sengwe le sengwe sa gago, o se ise mmogo le letswai.+ 14  “‘Fa o isetsa Jehofa setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka ka maungo a mabutswapele, o ise dijo tsa ditlhaka tse disha tse di besitsweng mo molelong, dipeo tse disha tse di thugilweng, e le setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka sa maungo a gago a mabutswapele.+ 15  O se tshele leokwane o bo o baya borekhu jo bo nkgang monate mo go sone. Ke setlhabelo sa dijo tsa ditlhaka. 16  Moperesiti o tla di fisa gore di kuise mosi e le karolo e e emelang setlhabelo sotlhe,*+ go tewa dingwe tsa ditlhaka tse di thugilweng le leokwane mmogo le borekhu jotlhe jwa sone, e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “lebano.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “e le karolo ya segopotso sa yone.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “mo obeneng.”
Kgotsa “e le karolo ya segopotso sa yone.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “monate; ritibatsang.” Seheb., “lapolosang.”
Kgotsa “e le karolo ya segopotso sa yone.”