Efangele ya ga Mareko 16:1-8

  • Jesu o tsosiwa mo baswing (1-8)

16  Ka jalo, fa Sabata+ e sena go feta, Marea Magadalena, Marea+ mmaagwe Jakobe, le Salome ba ne ba reka dinkgisamonate gore ba tle ba di tshase mo mmeleng wa ga Jesu.+  Mme phakela thata mo letsatsing la ntlha la beke, ba ne ba ya kwa lebitleng.*+  Ba ne ba raana ba re: “Ke mang yo o tla re ntshetsang leje leno fa kgorong ya lebitla?”  Le fa go ntse jalo, fa ba tsholetsa matlho, ba ne ba bona leje leo le ntshitswe, le fa gone le ne le le legolo thata.+  Fa ba tsena mo teng ga lebitla, ba ne ba bona lekawana lengwe le ntse ka fa letlhakoreng la moja, le apere seaparo se seleele se sesweu, mme ba ne ba gakgamala.  O ne a ba raya a re: “Lo se ka lwa gakgamala.+ Ke a itse gore lo batla Jesu wa Monasaretha yo o neng a bolaelwa mo koteng. O tsositswe.+ Ga a yo fano. Bonang, ba ne ba mo laditse mo lefelong leno.+  Mme tsamayang lo ye go bolelela barutwa ba gagwe le Petere lo re, ‘O setse a le mo tseleng o ya kwa Galalea.+ Lo tla mmona teng, fela jaaka a ne a lo boleletse.’”+  Ka jalo, ba ne ba tswa mo lebitleng ba taboga, ba roroma e bile ba gakgametse. Mme ba ne ba se ka ba bolelela ope sepe, ka gonne ba ne ba tshogile.*+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “lebitleng la kgakologelo.”
Go ya ka mekwalo ya seatla ya ntlhantlha e e ka ikanngwang, Efangele ya ga Mareko e felela ka mafoko a a fitlhelwang mo temana 8. Bona Dintlha A3.