Mika 2:1-13

  • Ruri go latlhega bagateledi! (1-11)

  • Baiseraele ba a kopanngwa gore ba nne ka kutlwano (12, 13)

    • Lefatshe le tla nna le modumo wa batho ba bantsi (12)

2  “Ruri go latlhega ba ba logang maano a a utlwisang botlhoko,Ba ba akanyang se se bosula mo malaong a bone! Ka masa ba bo ba se diragatsa,Ka gonne go le mo maatleng a bone.+   Ba eletsa masimo e bile ba a a gapa;+Le matlo, e bile ba a a tsaya;Ba tsietsa motho gore ba mo tseele ntlo ya gagwe,+Ba tsietsa motho gore ba mo tseele boswa jwa gagwe.   Ka jalo, seno ke se Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke rulaganya go lo tlisetsa masetlapelo+ a lo se kitlang lo a falola.*+ Ga lo kitla lo tlhola lo tsamaya ka mabela,+ ka gonne ke nako ya masetlapelo.+   Mo letsatsing leo, batho ba tla bua seane ka lona,Mme ba tla lo lelela mo go botlhoko.+ Ba tla re: “Re gapetswe dilo tsa rona!+ Modimo o ne a tsaya naga ya rona a bo a e naya batho ba bangwe,+O e neile setšhaba se se sa mo direleng.”   Ka jalo, ga o kitla o nna le ope mo phuthegong ya ga Jehofa yo o tla phuthololang mogala o o lekanyangGore a kgaoganye naga.   “Tlogelang go rera!” bone ba a rera,“Dilo tseno ga di a tshwanela go rerwa;Ga re kitla re tlontlololwa!”   Lona ditlogolwana tsa ga Jakobe, lo utlwile batho ba re: “A Jehofa o fedile pelo? A tseno ke ditiro tsa gagwe?” A mafoko a me ga a thuse ba ba inkobelang?   Le fa go ntse jalo, bosheng jaana batho ba me ba fetogile mmaba. Ba ba fetang ka tsela ba le pelokgale jaaka ba ba boang kwa ntweng,Lo ba tseela mokgabisa o montle mmogo le* seaparo lo sa iphitlhe.   Lo leleka basadi ba batho ba me mo matlong a bone a ba itumelelang go nna mo go one;Lo amoga bana ba bone dilo tse dintlentle tse ke ba segofaditseng ka tsone lo bo lo sa di ba busetse. 10  Ema mme o tsamaye, ka gonne leno ga se lefelo la go ikhutsa. Go na le tshenyo, tshenyo e kgolo+ ka ntlha ya ditiro tsa gago tse di seng phepa.+ 11  Fa motho a dira dilo tse di se nang mosola e bile a tsietsa le go bua maaka ano a re: “Ke tla lo rerela ka beine le ka senô se se tagang,”Foo e tla bo e le motho fela yo o rerelang batho bano!+ 12  Lona ba ga Jakobe, ruri ke tla lo phutha lotlhe fela;Ke tla phutha ba ba setseng ba Iseraele.+ Ke tla ba baya mmogo ka kutlwano, jaaka dinku di le mo lesakeng,Jaaka letsomane le le fulang mmogo;+Go tla utlwala modumo wa batho ba bantsi.’+ 13  Yo o phunyang phatlha o tla tsamaya kwa pele ga bone;Ba tla oketsa phatlha eo ba bo ba feta mo kgorong mme ba tla tswa ka yone.+ Kgosi ya bone e tla fetela kwa pele ga bone,Jehofa a le kwa pele ga bone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “a lo se kitlang lo ntsha melala ya lona mo go one.”
Kgotsa gongwe “o o mo.”