Mika 3:1-12

  • Baeteledipele le baporofeti ba a kgalwa (1-12)

    • Moya wa ga Jehofa o naya Mika maatla (8)

    • Baperesiti ba ruta ba gabile madi (11)

    • Jerusalema o tla fetoga mekoa ya marope (12)

3  Ke ne ka re: “Tsweetswee, utlwang lona ditlhogo tsa ditlogolwana tsa ga JakobeLe lona balaodi ba batho ba Iseraele.+ A ga lo a tshwanela go itse se se siameng?   Le fa go ntse jalo, lo tlhoile se se siameng+ mme lo rata se se bosula;+Lo gagola letlalo la batho ba me le nama mo marapong a bone.+   Gape lo ja nama ya batho ba me,+E bile lo ntsha letlalo la bone,Lo tšhwetlakanya marapo a bone, lo kgaoganya marapo a bone+Jaaka marapo a a apeilweng mo pitseng,* jaaka nama e e mo pitseng e e apeelang.   Ka nako eo, ba tla goela kwa go Jehofa gore a ba thuse,Mme ga a kitla a ba araba. Ka nako eo, o tla ba fitlhela sefatlhego sa gagwe+Ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di bosula.+   Seno ke se Jehofa a se buang ka baporofeti ba ba faposang batho ba gaetsho,+Ba ba reng ‘Kagiso!’+ fa ba na le sengwe se ba ka se tlhafunang+Mme fa go se na ope yo o ba nayang se ba ka se tlhafunang, ba a mo lwantsha:*   ‘Lo tla nna le bosigo;+ ga go kitla go nna le ponatshegelo epe;+Lo tla bona lefifi fela, ga lo kitla lo dira boitseanape. Letsatsi le tla phirimela baporofeti,E bile motshegare o tla fetoga lefifi mo go bone.+   Ba ba bonang diponatshegelo ba tla tlhabiwa ke ditlhong,+Le ba ba dirang tiro ya boitseanape ba tla swaba. Botlhe fela ba tla tshwanelwa ke go ikhurumetsa ditedu tse di fa godimo ga molomo*Ka gonne ga go na karabo epe e e tswang kwa Modimong.’”   Mme nna, ke tletse maatla ka ntlha ya moya wa ga Jehofa,E bile ke tletse tshiamiso le nonofoGore ke bolelele Jakobe botlhanogi jwa gagwe le Iseraele boleo jwa gagwe.   Tsweetswee, utlwang seno lona ditlhogo tsa ditlogolwana tsa ga JakobeLe lona balaodi ba batho ba Iseraele,+Ba lo tlhoileng tshiamiso le ba lo sokamisang dilo tsotlhe tse di tlhamaletseng,+ 10  Ba lo agang Siona ka go bolaya batho le ba lo agang Jerusalema ka tshiamololo.+ 11  Baeteledipele* ba gagwe ba atlhola ba gabile pipamolomo,+Baperesiti ba gagwe ba ruta ba gabile tlhwatlhwa,+Le baporofeti ba gagwe ba dira boitseanape ba gabile madi.*+ Le fa go ntse jalo, ba ikaega ka Jehofa,* ba re: “A Jehofa ga a na le rona?+ Ga re kitla re tlelwa ke masetlapelo ape.”+ 12  Ka jalo ka ntlha ya lona,Siona o tla lemiwa fela jaaka tshimo,Jerusalema o tla fetoga mekoa ya marope,+Le thaba ya Ntlo* e tla fetoga sekgwa.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo pitseng e e apeelang e e molomogolo.”
Seheb., “ba itshepisa ntwa.”
Kgotsa “go ikhurumetsa melomo.”
Kgotsa “ba ipolela fa ba ikaegile ka Jehofa.”
Kgotsa “selefera.”
Seheb., “Ditlhogo.”
Kgotsa “thaba ya tempele.”