Nahume 1:1-15

  • Modimo o ipusolosetsa mo babeng ba gagwe (1-7)

    • Modimo o batla gore batho ba mo obamele a le esi (2)

    • Jehofa o itse ba ba batlang botshabelo mo go ene (7)

  • Ninife e tla senngwa (8-14)

    • Ga go kitla go senngwa sepe gape (9)

  • Juda o bolelelwa dikgang tse di molemo (15)

1  Molaetsa wa go atlholwa ga Ninife:+ Buka ya ponatshegelo ya ga Nahume* wa Moelekoshe:   Jehofa ke Modimo yo o batlang gore batho ba mo obamele a le esi+ le yo o ipusolosetsang;Jehofa o a ipusolosetsa e bile o iketleeleditse go bontsha bogale jwa gagwe.+ Jehofa o ipusolosetsa mo baganetsing ba gagwe,E bile o bolokela baba ba gagwe bogale jwa gagwe.   Jehofa ga a galefe ka bonako+ e bile o na le maatla a magolo,+Le fa go ntse jalo, le ka motlha Jehofa ga a ke a tlhoka go otlhaya fa go tshwanela.+ Fa a tsamaya, go tswa phefo e e senyang le setsuatsue,E bile lorole lwa dinao tsa gagwe lo tlhatloga jaaka maru.+   O kgalema lewatle+ e bile o a le kgadisa;Gape o dira gore dinoka tsotlhe di kgale.+ Bashana le Karemele di a swaba,+Le malômô* a kwa Lebanona a a swaba.   Dithaba di a reketla ka ntlha ya gagwe,Le dithota di a nyerologa.+ Lefatshe le tla fuduega ka ntlha ya sefatlhego sa gagwe,Mmogo le naga le botlhe ba ba nnang mo go yone.+   Ke mang yo o ka emang fa pele ga gagwe fa a shakgetse?+ Le gone ke mang yo o ka itshokelang mogote wa bogale jwa gagwe?+ O tla tsholola tšhakgalo ya gagwe jaaka molelo,Mme mafika a tla phatloga ka ntlha ya gagwe.   Jehofa o molemo,+ ke kago e e thata mo motlheng wa matshwenyego.+ O itse* ba ba batlang botshabelo mo go ene.+   O tla fedisa Ninife* ka morwalela o o gogolang,Mme lefifi le tla latelela baba ba gagwe.   Lona lo tla logela Jehofa leano lefe le le bosula? O baka tshenyo e kgolo. Ga a kitla a tlhoka go senya sepe gape.+ 10  Gonne ba logagane jaaka mmitlwa,E bile ba tshwana le batho ba ba tagilweng ke bojalwa;*Mme ba tla lailwa ke molelo fela jaaka lotlhaka lo lo omeletseng lo lailwa ke molelo. 11  Mo go wena go tla tswa mongwe yo o logelang Jehofa leano le le bosula,Yo o nayang kgakololo e e se nang mosola. 12  Seno ke se Jehofa a se buang: “Le fa gone ba ne ba nonofile thata e bile ba le bantsintsi,Ba tla kgaolwa mme ba tla nyelela.* Ke go bogisitse,* mme ga nkitla ke tlhola ke go bogisa gape. 13  Mme jaanong ke tla robaganya jokwe ya gagwe ke e tlosa mo go wena,+E bile dikgole tse di mo go wena ke tla di kgaola sebedi. 14  Jehofa o laetse jaana ka ga gago,*‘Leina la gago ga le kitla le tsweledisiwa. Ke tla senya ditshwantsho tse di betlilweng le difikantswe tse di bopilweng tse di mo ntlong* ya medimo ya lona. Ke tla go direla lebitla, ka gonne o a nyatsega.’ 15  Bonang! Mo dithabeng go na le dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo,Yo o itsiseng kagiso.+ Keteka meletlo ya gago,+ wena Juda, duela maikano a gago,Ka gonne motho yo o se nang mosola ga a kitla a tlhola a go ralala gape. O tla senngwa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Mogomotsi.”
Kgotsa “dithunya.”
Kgotsa “O tlhokomela.”
Seheb., “lefelo la gagwe.”
Kgotsa “bojalwa jwa korong.”
Kgotsa gongwe “mme o tla feta.”
Go tewa Juda.
Go tewa Asiria.
Kgotsa “mo tempeleng.”