Nahume 2:1-13

  • Ninife e tla nna marope (1-13)

    • “Dikgoro tsa dinoka di tla bulega” (6)

2  Ene yo o gasamisang o* tlile gore a go tlhasele.+ Disang mafelo a a ageletsweng ka dipota. Lebelelang tsela. Inonotsheng* mme lo nne pelokgale.   Gonne Jehofa o tla tsosolosa se Jakobe a ipelafatsang ka sone,Mmogo le se Iseraele a ipelafatsang ka sone,Ka gonne batlhasedi ba bone ba sentse lefatshe la bone;+E bile ba sentse matlhogela a bone.   Dithebe tsa banna ba gagwe ba ba maatla di dikhibidu,Batlhabani ba gagwe ba apere diaparo tse di bohibidu jo bo tseneletseng. Ditshipi tsa dikara tsa gagwe tsa ntwa di phatsima jaaka moleloMo letsatsing la fa a ipaakanyetsa go ya tlhabanong,Mme batlhabani ba kgatikanya marumo a setlhare sa mofira.   Dikara tsa ntwa di tabogisiwa ka botsenwa mo mebileng. Di ya kwa godimo le kwa tlase mo dipatlelong. Di phatsima jaaka dikgabo tsa molelo e bile di tsabakela jaaka legadima.   O tla bitsa badiredibagolo ba gagwe. Ba tla kgopiwa ba ntse ba tsamaya. Ba tabogela kwa loboteng lwa gagwe;Ba tlhoma legora le le sireletsang.   Dikgoro tsa dinoka di tla bulega,Mme ntlo ya segosi e tla nyerologa.*   Go ntshitswe taelo eno:* O senotswe,O isiwa kgakala, mme malata a gagwe a a hutsafala;Modumo wa bone o utlwala jaaka maeba fa ba ntse ba ititaya dihuba.*   Fa e sa le Ninife+ a nna gone o ntse a tshwana le mogobe wa metsi,Mme jaanong ba a tshaba. “Emang fela! Emang fela!” Mme ga go na ope yo o boelang morago.+   Gapang selefera, gapang gauta;Go na le matlotlo a mantsintsi. Go tletse dilo tse di tlhwatlhwakgolo tsa mefuta yotlhe. 10  Motse o lolea fela, o sentswe, o kgakgabetse!+ Dipelo tsa bone di a nyera ka ntlha ya letshogo, mangole a bone a a kgwetlha, dinôka tsa bone di a roroma;Botlhe fela difatlhego tsa bone di aparetswe ke letshogo. 11  Go diragatse eng ka motse o o neng o tshwana le logaga lwa ditau,+ kwa ditawana* di jelang gone,Kwa tau e tswang gone e eteletse tawana ya yone pele,Go se na ope yo o di tshosang? 12  Tau e ne ya gagoganya phologolo e e lekaneng bana ba yone,E bile e ne ya bolaela ditau tsa yone tse dinamagadi phologolo. E nna e tladitse mengobo ya yone ka diphologolo tse e di tsomilengLe mafelo a yone a go iphitlha ka diphologolo tse e di gagogantseng. 13  Jehofa wa masomosomo a re, “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago,+Ke tla fisa dikara tsa gago tsa ntwa,+Mme tšhaka e tla kometsa ditawana* tsa gago. Ke tla fedisa dilo tse o di tsomang mo lefatsheng,Mme lentswe la barongwa ba gago ga le kitla le tlhola le utlwiwa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Go tewa Ninife.
Seheb., “Nonotshang dinôka.”
Kgotsa “e tla wa.”
Kgotsa “Go tlhomamisitswe jaana.”
Seheb., “dipelo.”
Kgotsa “ditawana tse di seriri.”
Kgotsa “ditawana tse di seriri.”