Nehemia 1:1-11

  • Dikgang go tswa kwa Jerusalema (1-3)

  • Thapelo ya ga Nehemia (4-11)

1  Ano ke mafoko a ga Nehemia*+ morwa Hakalia: Jaanong mo kgweding ya Kiselefe,* mo ngwageng wa bo20,* ke ne ke le kwa kagong ya phemelo* ya Shushane.*+  Ka nako eo Hanani,+ mongwe wa bomorwarre, o ne a tla a na le banna ba bangwe ba tswa kwa Juda, mme ke ne ka ba botsa ka Bajuda ba ba setseng ba ba neng ba boile kwa botshwarwa,+ gape ke ne ka ba botsa ka Jerusalema.  Ba ne ba nthaya ba re: “Batho ba ba setseng kwa porofenseng* ba ba boileng kwa botshwarwa, ba mo seemong se se maswe thata e bile ba tlhabiwa ke ditlhong.+ Dipota tsa Jerusalema di thubilwe,+ le dikgoro tsa yone di fisitswe ka molelo.”+  Fela fa ke utlwa mafoko ano, ke ne ka nna fa fatshe mme ka simolola go lela, mme ke ne ka fetsa malatsi a le mantsi ke hutsafatse, ke itima dijo+ e bile ke rapela fa pele ga Modimo wa magodimo.  Ke ne ka re: “Ao tlhe Jehofa, Modimo wa magodimo, Modimo yo mogolo le yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano e o e dirileng le yo o bontshang ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaelo tsa gagwe lorato lo lo sa kgaotseng+  tsweetswee, a tsebe ya gago e reetse le matlho a gago a bulege gore o reetse thapelo e nna motlhanka wa gago ke e rapelang gompieno, bosigo le motshegare,+ ka batlhanka ba gago e bong Baiseraele, fa ke ntse ke go itsise maleo a batho ba Iseraele ba a go diretseng. Re leofile, nna le ba lelapa la ga rre.+  Ruri re go diretse bosula jo bogolo+ ka go sa boloke ditaelo, melao le ditshwetso tsa boatlhodi tse o neng wa di naya Moshe motlhanka wa gago.+  “Tsweetswee, gakologelwa lefoko leno le o neng wa le laela* Moshe motlhanka wa gago: ‘Fa lo sa ikanyege, ke tla lo gasamisa mo ditšhabeng.+  Mme gone, fa lo boela mo go nna lo bo lo boloka ditaelo tsa me e bile lo di ikobela, le fa gone batho ba lona ba ba gasameng ba ka tswa ba le kwa bofelelong jwa magodimo, ke tla ba phutha+ koo ke bo ke ba tlisa mo lefelong le ke le tlhophileng gore leina la me le nne mo go lone.’+ 10  Gonne ke batlhanka ba gago e bile ke batho ba gago, ba o ba golotseng ka maatla a gago a magolo le ka seatla sa gago se se nonofileng.+ 11  Ao tlhe Jehofa, tsweetswee, reetsa ka kelotlhoko thapelo ya motlhanka wa gago le thapelo ya batlhanka ba gago ba tota ba tlotlang leina la gago, tsweetswee dira gore motlhanka wa gago a atlege gompieno, mme e kete monna yono a ka ntlhomogela pelo.”+ Tiro ya me e ne e le go siela kgosi beine.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Jah o a Gomotsa.”
Go tewa ngwaga wa bo20 wa ga Kgosi Aretaserese I wa Peresia.
Kgotsa “kwa ntlong ya segosi.”
Kgotsa “Susa.”
Kgotsa “kwa kgaolong e e nang le taolo.”
Kgotsa “tlhagiso eno e o neng wa e naya.”