Nehemia 11:1-36

  • Jerusalema e nna le batho gape (1-36)

11  Jaanong dikgosana tsa batho di ne di nna mo Jerusalema;+ le fa go ntse jalo, batho ba bangwe botlhe ba ne ba latlhela bola+ gore ba tlise lelapa le le lengwe mo go a le lesome gore le tle go nna mo Jerusalema, e leng motse o o boitshepo, fa malapa a mangwe a le robongwe one a ne a nna mo metseng e mengwe.  Mo godimo ga moo, batho ba ne ba eleletsa banna botlhe ba ba neng ba ithaopela go nna mo Jerusalema masego a a tswang kwa Modimong.  Mme bano ke ditlhogo tsa porofense* tse di neng di nna mo Jerusalema. (Baiseraele ba bangwe botlhe, baperesiti, Balefi, batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ le barwa ba batlhanka ba ga Solomone,+ ba ne ba nna mo metseng e mengwe ya Juda, mongwe le mongwe a nna mo karolong e a e abetsweng e le boswa mo motseng wa gagabo.+  Gape, batho bangwe ba Juda le ba Benjamine ba ne ba nna mo Jerusalema.) Ba ba tswang mo bathong ba Juda e ne e le Athaia morwa Usia morwa Sekarea morwa Amaria morwa Shefatia morwa Mahalalele yo o tswang mo go bomorwa Perese,+  le Maaseia morwa Baruke morwa Kolahose morwa Hasaia morwa Adaia morwa Joiaribe morwa Sekaria yo e leng setlogolwana sa ga Shela.  Bomorwa Perese botlhe ba ba neng ba nna mo Jerusalema e ne e le banna ba ba nang le bokgoni ba le 468.  Mme bano e ne e le batho ba Benjamine: Salu+ morwa Meshulame morwa Joede morwa Pedaia morwa Kolaia morwa Maaseia morwa Ithiele morwa Jeshaia,  go bo go latela Gabai le Salai, ba le 928;  Joele morwa Sikeri e ne e le molebedi wa bone, mme Juda morwa Hasenua o ne a okametse motse a le mo maemong a bobedi. 10  Bano e ne e le ba ba tswang mo baperesiting: Jedaia morwa Joiaribe, Jakine,+ 11  Seraia morwa Hilekia morwa Meshulame morwa Sadoke morwa Meraiothe morwa Ahitube+ yo o neng a eteletse pele mo ntlong* ya Modimo wa boammaaruri, 12  le bomorwarraabone ba ba neng ba bereka mo ntlong, ba le 822; le Adaia morwa Jerohame morwa Pelalia morwa Amesi morwa Sekarea morwa Pashure+ morwa Malekija, 13  le bomorwarraagwe, ba e leng ditlhogo tsa dikgotla tsa bone, ba le 242; le Amashasai morwa Asarele morwa Ahasai morwa Meshilemothe morwa Imere, 14  le bomorwarraabone ba e neng e le banna ba ba maatla ba ba pelokgale, ba le 128; mme molebedi wa bone e ne e le Sabediele yo o neng a tswa mo lelapeng le le tlotlegang. 15  Mme bano ba ne ba tswa mo Balefing: Shemaia+ morwa Hashube morwa Aserikame morwa Hashabia morwa Buni, 16  le Shabethai+ le Josabade,+ ba e neng e le ditlhogo tsa Balefi, ba ba neng ba okametse tiro e e dirwang kwa ntle ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri; 17  le Matania+ morwa Mika morwa Sabedi morwa Asafe+ yo e neng e le moopedisi, yo o neng a tlhabeletsa dipako ka nako ya thapelo,+ le Bakebukia yo e neng e le mothusi wa gagwe le Abada morwa Shamua morwa Galale morwa Jeduthune.+ 18  Balefi botlhe ba ba neng ba le mo motseng o o boitshepo ba ne ba le 284. 19  Mme badisa ba dikgoro e ne e le Akube, Talemone+ le bomorwarraabone ba ba neng ba nna ba disitse dikgoro, ba le 172. 20  Baiseraele ba bangwe botlhe, baperesiti le Balefi ba ne ba nna mo metseng e mengwe yotlhe ya Juda, mongwe le mongwe a le mo karolong ya gagwe e a e abetsweng e le boswa. 21  Batlhanka ba ba direlang mo tempeleng*+ ba ne ba nna kwa Ofele,+ mme ba ne ba okametswe ke Siha le Gishepa. 22  Balefi ba ba neng ba le mo Jerusalema molebedi wa bone e ne e le Usi morwa Bani morwa Hashabia morwa Matania+ morwa Miga, yo o tswang mo go bomorwa Asafe, ba e leng baopedi; o ne a okametse tiro ya ntlo ya Modimo wa boammaaruri. 23  Gonne kgosi* e ne e ntshitse taelo ka ga bone,+ e bile go ne go na le thulaganyo e e tlhomilweng ya gore baopedi ba newe se ba se tlhokang letsatsi le letsatsi. 24  Mme Pethahia morwa Meshesabele yo o tswang mo go bomorwa Sera morwa Juda e ne e le mogakolodi wa kgosi* ka kgang nngwe le nngwe e e amang batho. 25  Eno ke metsana mmogo le masimo a yone e batho bangwe ba Juda ba neng ba nna kwa go yone: Kiriathe-areba+ le metsana ya yone e e e dikologileng, Dibone le metsana ya yone e e e dikologileng, Jekabeseele+ le metsana ya yone, 26  Jeshua, Molada,+ Bethe-pelete,+ 27  Hasare-shuale,+ Beere-sheba le metsana ya yone e e e dikologileng, 28  Sikelage,+ Mekona le metsana ya yone e e e dikologileng, 29  Ene-rimone,+ Sora,+ Jaremuthe, 30  Sanoa,+ Adulama le metsana ya metse eno, Lakishe+ le masimo a yone le Aseka+ le metsana ya yone e e e dikologileng. Ba ne ba aga* go simologa kwa Beere-sheba go ya go fitlha kwa Mokgatšheng wa Hinoma.+ 31  Mme batho ba Benjamine ba ne ba nna kwa Geba,+ kwa Mikemashe, kwa Aija, kwa Bethele+ le metsana ya yone e e e dikologileng, 32  kwa Anathothe,+ kwa Nobe,+ kwa Anania, 33  kwa Hasore, kwa Rama,+ kwa Gitaime, 34  kwa Hadide, kwa Seboima, kwa Nebalate, 35  kwa Lode le kwa Ono,+ e leng mokgatšha wa badiri ba ba ditswerere. 36  Mme ditlhopha dingwe tsa Balefi go tswa mo Juda di ne tsa abelwa go ya go nna kwa Benjamine.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kgaolo e e nang le taolo.”
Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “ba ba abilweng.”
Kgotsa “tempeleng.”
Kgotsa “Banethinime.” Seheb., “Ba ba abilweng.”
Go ka tswa go tewa Kgosi Aretaserese.
Seheb., “o ne a le ka fa seatleng sa kgosi.”
Kgotsa “kampa.”