Obadia 1:1-21

  • Edoma yo o ikgodisang o tla kokobediwa (1-9)

  • Tshiamololo ya ga Edoma mo go Jakobe (10-14)

  • Letsatsi la ga Jehofa le a tla atlholang ditšhaba tsotlhe ka lone (15, 16)

  • Ditlogolwana tsa ga Jakobe di tla newa dilo tse e neng e le tsa bone (17-21)

    • Edoma o tla lailwa ke Jakobe (18)

    • Bogosi e tla nna jwa ga Jehofa (21)

 Ponatshegelo ya ga Obadia:* Seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang ka ga Edoma:+ “Re utlwile pego e e tswang kwa go Jehofa,Go na le morongwa yo o romilweng kwa ditšhabeng, a re: ‘A re ipaakanyetseng go ya go tlhabana le ene.’”+   “Ke go dirile motho yo e seng wa sepe mo ditšhabeng;O nyatsega fela thata.+   Boikgodiso jwa pelo ya gago bo go tsieditse,+Wena yo o nnang mo lefelong le le sireletsegileng mo lefikeng,Yo o nnang mo mafelong a a kwa godimo, o ntse o bua mo pelong ya gago o re,‘Ke mang yo o tla mpholosetsang kwa lefatsheng?’   Tota le fa o ka dira gore lefelo le o nnang mo go lone le nne kwa godimo* jaaka ntsu e dira,Kgotsa le fa o ka aga sentlhaga sa gago kwa dinaleding,Ke tla go folosa teng koo,” go bua Jehofa.   “Fa magodu kgotsa dinokwane di ne di ka go tlhasela bosigo,A di ne di se kitla di utswa se di se batlang fela? (Ruri o ne o tla senngwa mo go botlhoko!)* Kgotsa fa batho ba ba kgetlang morara* ba ne ba ka tla kwa go wena,A ba ne ba se kitla ba tlogela sengwe se se ka phuthiwang?+   Ruri ba ne ba phuruphutsha Esau! Ruri ba ne ba bona matlotlo a gagwe a a fitlhegileng!   Ba go leleketse kwa molelwaneng. Botlhe ba o tlwaelaneng le bone* ba go tsieditse. Batho ba ba nnang le wena ka kagiso ba go fentse. Ba ba jang dijo le wena ba tla baya letlowa ka fa tlase ga gago,Le fa go ntse jalo, ga o kitla o le lemoga.”   Jehofa a re, “Mo letsatsing leo,A ga nkitla ke fedisa ba ba botlhale ke ba ntsha mo Edoma,+Le ba ba nang le temogo ke ba ntsha mo kgaolong e e dithaba ya ga Esau?   Mme batlhabani ba gago ba tla tshoga,+ wena Temane,+Ka gonne mongwe le mongwe mo kgaolong e e dithaba ya ga Esau o tla bolawa.+ 10  O tla tlhabiwa ke ditlhong+Ka ntlha ya tshiamololo e o e diretseng morwarrago e bong Jakobe,+Mme o tla fedisiwa gotlhelele.+ 11  Mo letsatsing la fa o ne o emetse kwa thoko,Mo letsatsing la fa batswakwa ba ne ba isa masole a gagwe botshwarwa,+Fa batho ba sele ba ne ba tsena mo kgorong ya gagwe ba bo ba latlhela bola+ gore ba kgaoganye Jerusalema,O ne wa itshwara jaaka mongwe wa bone. 12  Ga o a tshwanela go itumelela letsatsi la fa morwarrago a tlhagelwa ke mathata,+Ga o a tshwanela go itumelela letsatsi la fa batho ba Juda ba nyelela,+E bile ga o a tshwanela go bua ka boikgodiso mo letsatsing la fa ba le mo matshwenyegong. 13  Ga o a tshwanela go tsena mo kgorong ya batho ba me mo letsatsing la fa ba wetswe ke masetlapelo,+Ga o a tshwanela go itumelela masetlapelo a a ba wetseng mo letsatsing la fa ba le mo matlhotlhapelong,E bile ga o a tshwanela go tsaya dikhumo tsa bone mo letsatsing la fa ba wetswe ke matlhotlhapelo.+ 14  Ga o a tshwanela go ema mo makopanelong a ditsela gore o bolaye batho ba gagwe ba ba falotseng,+E bile ga o a tshwanela go tsenya batho ba gagwe ba ba falotseng mo seatleng sa baba ba bone mo letsatsing la matshwenyego.+ 15  Gonne letsatsi le Jehofa a tla atlholang ditšhaba tsotlhe ka lone le atametse.+ Fela jaaka o dirile, le wena o tla dirwa fela jalo.+ O tla tshwarwa ka tsela e o neng o tshwara ba bangwe ka yone. 16  Gonne ka tsela e lo neng lwa nwa ka yone mo thabeng ya me e e boitshepo,Ditšhaba tsotlhe di tla tswelela di nwa ka tsela eo ka metlha.+ Di tla nwa di bo di kgaritlha,Mme di tla nna jaaka e kete ga di ise di ke di nne teng. 17  Le fa go ntse jalo, mo Thabeng ya Siona go tla nna le ba ba falolang,+Mme e tla nna boitshepo;+E bile ditlogolwana tsa ga Jakobe di tla rua dilo tse e neng e le tsa bone.+ 18  Ditlogolwana tsa ga Jakobe di tla nna jaaka molelo,Ditlogolwana tsa ga Josefa di tla nna jaaka kgabo ya molelo,Mme ditlogolwana tsa ga Esau di tla nna jaaka lotlhaka;Ba tla ba fisa ba bo ba ba laila,Mme ga go kitla go nna le ditlogolwana dipe tsa ga Esau tse di tla falolang,+Gonne Jehofa ka boene o buile seo. 19  Ba tla gapa Negebe le kgaolo e e dithaba ya ga Esau,+Le Shefela le naga ya Bafilisitia.+ Ba tla gapa naga ya Eferaime le naga ya Samarea,+Mme Benjamine o tla gapa Gileade. 20  Batho ba ba tswang kwa thotaneng ya motlhaba ba e leng batshwarwa,+E leng Baiseraele, ba tla nna mo lefatsheng la Bakanana go ya go fitlha kwa Sarepate.+ Mme batho ba Jerusalema ba ba neng ba isitswe botshwarwa, ba ba neng ba le kwa Sefarade, ba tla gapa metse ya Negebe.+ 21  Mme baboloki ba tla ya kwa Thabeng ya SionaGore ba ye go atlhola kgaolo e e dithaba ya ga Esau,+Mme bogosi e tla nna jwa ga Jehofa.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Mo go kayang “Motlhanka wa ga Jehofa.”
Kgotsa gongwe “o ka fofela kwa godimo.”
Kgotsa gongwe “Di ne di tla senya go le kana kang?”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “ba ba dirileng kgolagano le wena.”