Ruthe 3:1-18

  • Naomi o naya Ruthe ditaelo (1-4)

  • Ruthe le Boase kwa seboaneng (5-15)

  • Ruthe o boela kwa go Naomi (16-18)

3  Matsalaagwe e bong Naomi o ne a mo raya a re: “Morwadiaka, a ga ke a tshwanela go go batlela legae,*+ gore dilo di go tsamaele sentle?  Boase ke wa losika lwa rona.+ Ke ene yo o neng o na le basetsana ba gagwe. Mo bosigong jono, o tla bo a olosa barele* kwa seboaneng.  O tlhape o bo o itshase leokwane le le nkgang monate; o apare sentle* mme o ye kwa seboaneng. O se ka wa dira gore monna yono a go lemoge go fitlha a fetsa go ja le go nwa.  Fa a ya go robala, o ele tlhoko gore o robala fa kae; mme o ye go mo apola kwa dinaong o bo o robala gone. O tla go bolelela se o tshwanetseng go se dira.”  Ruthe o ne a mo araba a re: “Ke tla dira sotlhe se o se mpolelelang.”  Ka jalo, o ne a ya kwa seboaneng a bo a dira sotlhe se matsalaagwe a neng a se mo laetse.  Boase ene o ne a ja, a nwa e bile o ne a itumetse. Go tswa foo, o ne a ya go robala go bapa le mokoa wa mabele. Morago ga foo, Ruthe o ne a tla a nanabela mme a mo apola kwa dinaong a robala.  Mme bosigogare monna yono o ne a simolola go roroma, a inamela kwa pele, mme o ne a bona mosadi a rapame fa dinaong tsa gagwe.  O ne a re: “O mang?” Mme ene a re: “Ke nna Ruthe lelata la gago. Phuthololela seaparo* sa gago mo godimo ga lelata la gago ka gonne o morekolodi.”+ 10  Boase o ne a mo raya a re: “E kete Jehofa a ka go segofatsa, morwadiaka. O bontshitse lorato lo lo sa kgaotseng mo lekgetlong leno la bofelo go feta mo go la ntlha,+ ka go sa latele makawana, a ka tswa a humile kgotsa a humanegile. 11  Mme jaanong morwadiaka, o se ka wa boifa. Ke tla go direla sengwe le sengwe se o se buang,+ ka gonne mongwe le mongwe mo motseng* o a itse gore o mosadi yo o molemo thata. 12  Le fa gone ke le morekolodi,+ go na le morekolodi yo mongwe yo o amanang thata le lona ka losika go na le nna.+ 13  Robala fano bosigong jono, mme fa e le gore o tla go rekolola mo mosong, go siame! A a go rekolole.+ Mme ke ikana ka Jehofa Modimo yo o tshelang gore fa a sa batle go go rekolola, nna ka bonna ke tla go rekolola. Robala fano go fitlha mo mosong.” 14  Ka jalo, o ne a robala fa dinaong tsa gagwe go fitlha mo mosong mme a tsoga go sa ntse go le lefifi gore a se ka a bonwa ke ope. Boase o ne a re: “Go se ka ga itsiwe gore go na le mosadi yo o neng a tlile mo seboaneng.” 15  Gape o ne a re: “Tlisa letsela le o le apereng, mme o le phutholole.” Ka jalo, o ne a le phutholola mme Boase a tshela dilekanyo di le thataro* tsa barele mo go lone a bo a le mo naya, go tswa foo o ne a ya kwa motseng. 16  O ne a ya kwa go matsalaagwe, yo o neng a re: “O tsamaile jang* morwadiaka?” O ne a mmolelela sotlhe se monna yono a se mo diretseng. 17  Gape Ruthe o ne a re: “O nneile dilekanyo tseno tse thataro tsa barele a bo a nthaya a re, ‘O se ka wa ya kwa go matsalaago o iphotlhere.’” 18  Foo Naomi o ne a re: “Nna fano morwadiaka, go fitlha o itse gore kgang eno e tla felela jang, ka gonne monna yono o tla dira sotlhe se a ka se kgonang go rarabolola kgang eno gompieno.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “lefelo la boikhutso.”
Semela se se tshwanang le korong.
Kgotsa “o kgabe.”
Kgotsa “ntlha ya seaparo.”
Seheb., “mo kgorong yotlhe ya batho ba gaetsho.”
Gongwe dilekanyo tse thataro tsa sea kgotsa 44 L. Bona Dintlha B14.
Seheb., “O mang?”