Ruthe 4:1-22

  • Boase o nna morekolodi (1-12)

  • Ruthe o tsholela Boase ngwana yo o bidiwang Obede (13-17)

  • Losika lwa ga Dafide (18-22)

4  Boase o ne a ya kwa kgorong ya motse+ mme a nna koo. Mme morekolodi* yo Boase a neng a mo umakile+ o ne a feta. Boase o ne a mo raya a re: “Semangmang, a ko o tle kwano mme o nne fa fatshe.” Ka jalo, o ne a ya kwa go ene mme a nna fa fatshe.  Morago ga moo, o ne a bitsa bagolwane ba motse ba le lesome+ mme a ba raya a re: “Nnang fano.” Ka jalo, ba ne ba nna fa fatshe.  Boase o ne a raya morekolodi+ a re: “Naomi yo o boileng kwa lefatsheng la Moabe,+ o patelesega go rekisa karolo ya tshimo e e neng e le ya ga morwarraarona e bong Elimeleke.+  Mme go na le kgang eno e ke tshwanetseng go go bolelela yone, ‘Reka tshimo eo fa pele ga baagi le bagolwane ba batho ba gaetsho.+ Fa e le gore o a e rekolola, e rekolole; mme fa o sa e rekolole, mpolelele gore ke tle ke itse; gonne ke wena yo o nang le tshwanelo ya go e rekolola, go bo go latela nna.’” Foo o ne a re: “Ke tla e rekolola.”+  Mme Boase o ne a re: “Ka letsatsi le o rekang tshimo eno mo go Naomi ka lone, o tshwanetse wa e reka le mo go Ruthe wa Momoabe, mosadi wa monna yo o suleng, gore boswa jwa monna yo o suleng bo boele mo leineng la gagwe.”+  Foo morekolodi o ne a re: “Nka se kgone go e rekolola ka gonne nka senya boswa jwa me. Wena e rekolole ka tshwanelo ya me ya go rekolola ka gonne nka se kgone go e rekolola.”  Jaanong eno e ne e le tlwaelo ya metlha ya bogologolo kwa Iseraele ka ga tshwanelo ya go rekolola le ya go ntsha sengwe mo boemong jwa se sengwe, e le go tlhomamisa gore sengwe se rekilwe kgotsa se rekisitswe: Motho o ne a tshwanetse go rola setlhako*+ sa gagwe a bo a se naya yo mongwe, “mme eno e ne le tsela e e neng e dirisiwa kwa Iseraele go bontsha gore batho ba dirile tumalano.*  Ka jalo, e rile morekolodi a raya Boase a re: “E ithekele,” o ne a rola setlhako sa gagwe.  Foo Boase o ne a raya bagolwane le batho botlhe a re: “Gompieno lo basupi+ ba gore ke reka sotlhe se e neng e le sa ga Elimeleke le sotlhe se e neng e le sa ga Kilione le Mahelone mo go Naomi. 10  Gape ke tsaya le Ruthe wa Momoabe, mosadi wa ga Mahelone, gore a nne mosadi wa me gore boswa jwa monna yo o suleng bo boele mo leineng la gagwe,+ gore leina la monna yo o suleng le se ka la nyelela mo go bomorwarraagwe le mo kgorong ya motse wa gagabo. Lo basupi gompieno.”+ 11  Foo batho botlhe ba ba neng ba le mo kgorong ya motse le bagolwane ba re: “Re basupi! E kete Jehofa a ka dira gore mosadi wa gago a tshwane le Ragele le Lea, ba ka bobedi ba agileng ntlo ya Iseraele;+ mme e kete o ka atlega mo Eferatha+ o bo o itirele leina le le molemo* mo Bethelehema.+ 12  E kete lelapa la gago le ka tshwana le la ga Perese,+ morwa Tamare le Juda, ka bana ba Jehofa a tla ba go nayang ka lekgarebe leno.”+ 13  Ka jalo, Boase o ne a tsaya Ruthe gore a nne mosadi wa gagwe. O ne a tlhakanela dikobo le ene mme Jehofa a dira gore a ime, mme o ne a tshola ngwana wa mosimane. 14  Mme basadi ba ne ba raya Naomi ba re: “A Jehofa a bakwe, yo gompieno a sa go tlogelang o se na morekolodi. A leina la gagwe le bolelwe mo Iseraele. 15  O* tsosolositse* botshelo* jwa gago e bile o tla go tlhokomela mo botsofeng jwa gago, ka gonne ngwetsi ya gago e e go ratang+ e mmelege e bile e botoka mo go wena go na le bana ba basimane ba le supa.” 16  Naomi o ne a tsaya ngwana a mmaya mo sehubeng sa gagwe mme a mo tlhokomela. 17  Basadi ba baagelani ba ne ba naya ngwana yono leina; ba ne ba re: “Naomi o tsaletswe ngwana wa mosimane.” Mme ba ne ba mmitsa Obede.+ Ke rraagwe Jese,+ rraagwe Dafide. 18  Jaanong leno ke losika lwa* ga Perese:+ Perese o ne a nna rraagwe Heserone,+ 19  Heserone o ne a nna rraagwe Rame, Rame o ne a nna rraagwe Aminadabe,+ 20  Aminadabe+ o ne a nna rraagwe Nashone, Nashone o ne a nna rraagwe Salamone, 21  Salamone o ne a nna rraagwe Boase, Boase o ne a nna rraagwe Obede, 22  Obede o ne a nna rraagwe Jese+ mme Jese o ne a nna rraagwe Dafide.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Bona ntlh. mo go Ru 2:20.
Seheb., “mpaatšhane.”
Kgotsa “go netefatsa bosupi.”
Seheb., “o itsise leina.”
Go tewa setlogolo sa ga Naomi.
Kgotsa “O nnile motsosolosi wa.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “tseno ke dikokomana tsa.”